Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Leleditse Nomoro e e Seng Yone”

“O Leleditse Nomoro e e Seng Yone”

Pego ya Baboledi ba Bogosi

“O Leleditse Nomoro e e Seng Yone”

MO Johannesburg, Afrika Borwa, Leslie le Caroline ba ne ba refosana go neela bosupi ka founu mo bathong ba ba nnang mo lefelong la batsofe, le go neng go se motlhofo go tsena mo go lone ka ntlha ya thulaganyo ya tshireletsego kwa kgorong. Ba ne ba fitlhela batho ba sekae fela mo gae mme ba sa kgatlhegele molaetsa wa bone wa Bokeresete go le kalo, ka jalo Caroline o ne a kgothala fa mmè mongwe a ne a araba.

Caroline o ne a botsa jaana: “A ke Mmè B—?”

Go ne ga araba motho ka lentswe le le botsalano, a re: “Nnyaa, ke Mmè G—. O leleditse nomoro e e seng yone.”

Fa Caroline a ne a utlwa lentswe le le botsalano o ne a re: “E re ke go tlhalosetse se ke neng ke batla go se bolelela Mmè B—.” Go tswa foo o ne a tswelela a bua ka masego a Bogosi jo bo tlang jwa Modimo. Fa ba sena go dira dithulaganyo tsa gore a mo tlisetse boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Mmè G— o ne a botsa jaana: “Kana o wa bodumedi bofe?”

Caroline o ne a araba jaana: “Re Basupi ba ga Jehofa.”

“Nnyaa, e seng bodumedi joo! Ga ke bone gore nka rata go kopana le wena.”

Caroline a ikopela a re: “Mmè G—, mo metsotsong e 20 e e fetileng, ke buile le wena ka tsholofelo e e molemolemo, ke go bontsha go tswa mo Baebeleng se Bogosi jwa Modimo bo tla se direlang batho mo bogautshwaneng. O ne o itumeletse thata go utlwa dilo tseno—o kgatlhegile—e bile o ne o batla go ithuta mo go oketsegileng. Ke eng se tota o se itseng ka Basupi ba ga Jehofa? Fa o ne o lwala, a o ne o ka ya kwa go makheneke wa dikoloi? Ke ka ntlha yang fa o sa nneye sebaka sa gore nna ke go tlhalosetse se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang?”

Morago ga tidimalo e khutshwane o ne a araba jaana: “Gone o bua boammaaruri. Go siame o ka tla. Mme o itse fela gore le ka motlha o ka se nketshe mo bodumeding jwa me!”

Caroline a araba a re: “Mmè G—, nka se kgone go go ntsha mo bodumeding jwa gago le fa ke ne nka rata go dira jalo. Ke Jehofa fela a ka dirang jalo.”

Loeto lwa go isa boroutšhara lo ne lwa tsamaya sentle, mme Mmè G— (Betty) o ne a dumela gore a etelwe gape. Fa Caroline a boela kwa go ene, Betty o ne a bua gore o ne a bolelela bommè ba a nnang le bone mo tafoleng ka nako ya dijo gore o ntse a tlotla le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba botsa ka go tlhoboga, ba re, “Ke ka ntlha yang o dira jalo? Batho bao ga ba dumele le mo go Jesu.”

Ka bonako Caroline o ne a gakolola Betty ntlha ya konokono go tswa mo puisanong ya bone ya bofelo ka Bogosi jwa Modimo.

Caroline o ne a botsa jaana, “Ke mang yo e tla bong e le Kgosi mo go jone?”

Betty o ne a araba jaana, “Ga go na pelaelo gore ke Jesu.”

Caroline a re, “Ee go ntse jalo.” Go tswa foo o ne a tswelela a tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Jesu ke Morwa Modimo, mme ga a lekane le Modimo jaaka karolo ya Tharonngwe.—Mareko 13:32; Luke 22:42; Johane 14:28.

Morago ga maeto a le mmalwa, go ne ga bonala sentle gore le fa Betty a ne a ntse a itumetse, o ne a se na botsogo jo bontle. Tota, o ne a na le kankere mme o ne a tshaba go swa. O ne a ipolela jaana: “Ke eletsa e kete nkabo ke utlwile dilo tseno dingwagangwaga tse di fetileng mme ka nna le tumelo e e tshwanang le ya gago.” Caroline o ne a mo gomotsa ka go mmontsha dikwalo tse di tlhalosang gore loso ke boroko jo bogolo jo motho a ka tsogang mo go jone ka tsogo ya baswi. (Johane 11:11, 25) Seno se ne sa kgothatsa Betty thata, yo jaanong a nang le thuto ya ka metlha ya Baebele. Ke botsogo jwa gagwe fela jo bo nnelang maswe go ya pele jo bo mo thibelang go nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi.

Caroline o bolela jaana: “Go phepafetse mo go nna gore baengele ba kaela tiro eno. Betty e ne e le ‘nomoro e e seng yone’ mme mo godimo ga tsotlhe, o na le dingwaga di le 89!”—Tshenolo 14:6.