Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ribolotse Eng Kwa Jesereele?

Ba Ribolotse Eng Kwa Jesereele?

Ba Ribolotse Eng Kwa Jesereele?

LEFELO la motse wa bogologolo wa Jesereele ga le a bolo go swafala ka makgolokgolo a dingwaga. Le kile la bo le tumile thata mo hisitoring ya Baebele. Jaanong e setse e le thotobolo, kana thota fela, e re ka bontle jwa lone bo sa tlhole bo bonala e bile le koelane ka mekoakoa ya mmu. Mo dingwageng tsa bosheng jaana baithutamarope ba ile ba simolola go sekaseka masalela a Jesereele. Marope ano a senola eng ka dipego tsa Baebele?

Jesereele E e Mo Baebeleng

Jesereele e e neng e le ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi jwa Mokgatšha wa Jesereele, e ne e le nngwe ya dikarolo tse di nonneng thata tsa naga ya bogologolo ya Iseraele. Go lebagana le moseja ole wa mokgatšha o o ka fa bokone go na le thabana ya More, koo Bamidiana ba neng ba thibelela gone fa ba ne ba ipaakanyetsa go tlhasela Moatlhodi Gidione le masole a gagwe. Ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi go na le sediba sa Harode, se se mo mofapheng wa Thaba ya Gileboa. Ke gone koo Jehofa a neng a fokotsa masole a a diketekete a ga Gidione gone mme ga sala banna ba le 300 fela gore a bontshe gore o kgona go golola batho ba gagwe a sa dirise mophato o mogolo wa sesole. (Baatlhodi 7:1-25; Sekaria 4:6) Gaufi le Thaba ya Gileboa, Saulo, kgosi ya ntlha ya Iseraele, o ne a fenngwa ke Bafilisitia mo ntweng e e tsitsibanyang mmele, e mo go yone Jonathane le bomorwa Saulo ba bangwe ba babedi ba neng ba bolawa mme Saulo ene a ipolaya.—1 Samuele 31:1-5.

Ditiragalo tse Baebele e di bolelang ka motse wa bogologolo wa Jesereele di farologana thata. Di re bolelela ka babusi ba Iseraele ba ba neng ba sa dirise maatla a bone ka tsela e e tshwanetseng le ka botlhanogi jwa bone, gape le ka tsela e batlhanka ba ga Jehofa bone ba neng ba ikanyega e bile ba tlhagafetse ka yone. Ke kwa Jesereele moo Kgosi Ahabe—mmusi wa bogosi jo bo ka fa bokone jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E.—a neng a tlhoma bonno jwa gagwe jwa segosi gone, le mororo go ya ka molao motsemoshate e ne e le Samaria. (1 Dikgosi 21:1) Ke kwa Jesereele koo mosadi wa ga Ahabe wa seeng, e bong Jesebele, a neng a tshosetsa moporofeti wa ga Jehofa e bong Elija ka gore o tla mmolaya. O ne a galefisitswe ke go bo Elija a ile a bolaya baporofeti ba ga Baale ka bopelokgale, morago ga teko e Elija a neng a e dira kwa Thabeng ya Karemele e e neng ya senola gore Modimo wa boammaaruri ke ofe.—1 Dikgosi 18:36–19:2.

Morago ga moo go ne ga dirwa tlolomolao kwa Jesereele. Nabothe wa Mojesereele o ne a bolawa. Kgosi Ahabe o ne a ntse a eletsa tshimo ya ga Nabothe ya mofine. Fa kgosi e ne e laela gore e neelwe naga eo, Nabothe o ne a araba jaana ka boikanyegi: “A golo mo, Jehofa a go nkiletse, fa nka go naya boswa jwa borraetsho.” Karabo eno e e tshwanetseng e ne ya galefisa Ahabe. Fa Mohumagadi Jesebele a bona kgosi e sa itumela, o ne a rulaganya tsheko e e seng ya semolao, a latofatsa Nabothe ka gore o ne a tlhapatsa. Nabothe yo o neng a se molato o ne a bonwa molato mme a bolawa ka go kgobotlediwa ka maje, mme kgosi ya tsaya tshimo ya gagwe ya mofine.—1 Dikgosi 21:1-16.

Elija o ne a porofeta jaana ka ntlha ya tiro eno e e boikepo: “Dintša di tlaa jela Jesebele fa lorakong lwa Jesereele.” Moporofeti o ne tswelela pele a bolela jaana: “[Motho ope fela] wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng dintša di tlaa mo ja . . . Go ne go se na ope yo o tshwanang le Ahabe, yo o ne a ithekisa go tla a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, yo Jesebele mosadi wa gagwe o ne a mo tlhotlheletsa.” Le fa go ntse jalo, e re ka Ahabe a ne a ikokobetsa fa Elija a ne a bolela katlholo ya ga Jehofa, Jehofa o ne a bolela gore kotlhao eo e ne e ka se ka ya diragadiwa mo motlheng wa ga Ahabe. (1 Dikgosi 21:23-29) Pego ya Baebele e tswelela pele e bolela gore mo metlheng ya motlhatlhami wa ga Elija, e bong Elisha, Jehu o ne a tlodiwa go nna kgosi ya Iseraele. Fa a tsena mo Jesereele, Jehu o ne a laela gore Jesebele a latlhelwe kwa ntle ka fensetere ya ntlo ya gagwe ya segosi, mme o ne a gatakiwa ke dipitse ka maoto. Moragonyana, go ne ga fitlhelwa gore dintša di ne di siile logata lwa gagwe, maoto le magofi a diatla fela. (2 Dikgosi 9:30-37) Tiragalo ya bofelo ya Baebele e e amanang thata le Jesereele e latela morago ga go bolawa ga bomorwa Ahabe ba le 70. Jehu o ne a koaganya ditlhogo tsa bone go nna mekoa e mebedi e megolo kwa kgorong ya motse wa Jesereele, morago ga moo o ne a bolaya banna ba bangwe ba ba neng ba eteletse pele le baperesiti ba ba neng ba na le seabe mo pusong ya ga Ahabe ya botlhanogi.—2 Dikgosi 10:6-11.

Ke Eng se se Ribolotsweng ke Baithutamarope?

Ka 1990, go ne ga simololwa tiro e e tshwaraganetsweng ya go epolola lefelo la Jesereele. Ba ba neng ba na le seabe e ne e le baemedi ba Setheo sa Thutamarope sa Yunibesithi ya Tel Aviv (se se neng se emetswe ke David Ussishkin) le baemedi ba Sekole sa Boritane sa Thutamarope kwa Jerusalema (se se neng se emetswe ke John Woodhead). Baithaopi ba le 80 go ya go ba le 100 ba ne ba dira mo lefelong leno ka dipaka di le supa (paka nngwe le nngwe e ne e tsaya dibeke di le thataro) mo dingwageng tsa 1990-96.

Mokgwa o mosha o o dirisiwang mo thutamaropeng ke wa go sekaseka bosupi mo lefelong go ya ka se se ribolotsweng, bo sa bapisiwe le dikgopolo le dithuto tse di ntseng di le gone. Ka gone, moithutamarope yo o batlisisang ka dinaga tsa Baebele, ga a ikaega ka pego ya Dikwalo mo kgannyeng eno. O tshwanetse a sekaseka le go tlhatlhoba ka kelotlhoko metswedi e mengwe le bosupi jo a bo bonang ka matlho. Le fa go ntse jalo, John Woodhead o bolela gore ga go na bosupi jwa bogologolo jo bo kwadilweng malebana le Jesereele, fa e se fela jo bo fitlhelwang mo dikgaolong di sekae tsa Baebele. Ka jalo dipego tsa Baebele le tatelano ya ditiragalo le tsone di tshwanetse tsa sekasekiwa. Ke eng se se senotsweng ke maiteko a a dirilweng ke baithutamarope?

Fa go ne go epololwa dikago tse di thata le dilo tse di dirilweng ka letsopa, go tloga fela kwa tshimologong go ne go bonala sentle gore marope ano ke a Motlha wa go Thulwa ga Tshipi, e e akaretsang nako ya Jesereele yo o mo Baebeleng. Mme go ne ga lemogiwa dilo di le mmalwa tse di gakgamatsang fa go ntse go epololwa. Sa ntlha e ne e le bogolo jwa lefelo leno le dikago tsa lone tse di thata. Baithutamarope ba ne ba lebeletse go bona lefelo le le nang le dikago tse di thata tse di tshwanang le tsa Samaria wa bogologolo, e leng motsemoshate wa bogosi jwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, fa go ntse go epiwa, go ne ga bonala sentle gore Jesereele e ne e le motse o mogolo go feta e mengwe. E re ka boleele jwa mabota a one e ne e le dimetara di ka nna 300 le bophara jwa dimetara di ka nna 150, karolo yotlhe ya one e e thekeleditsweng e ne e feta ya motse ope fela o o kileng wa ribololwa kwa Iseraele ka makgetlho a mararo fa e sa le ka nako eo. O ne o dikologilwe ke mosele o o kgadileng, o o kgokologelang go tswa kwa dithakong tse di thata ka dimetara di le 11. Porofesa Ussishkin o ne a bontsha gore mosele ono o ne o sa tshwane le ope o o kileng wa nna teng mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. O ne a bolela jaana: “Ga re ise re bone sepe se se tshwanang le seno mo Iseraele go fitlha mo nakong ya Batlhabanelatumelo.”

Selo se sengwe se se neng se sa tlwaelega e ne e le go bona go se na dikago tse dikgolo mo gare ga motse. Mekoa ya mmu o o morokwa o o neng wa tlisiwa fa go ne go agiwa motse ono o ne o ntse o dirisediwa go dira dithota tse di kwa godimo—mofuta wa serala se segolo se se goletsegileng—mo gare ga motse. Buka ya Second Preliminary Report e e buang ka go ribololwa ga Tel Jezreel e bolela gore serala seno se se goletsegileng se ne se supela gore Jesereele e ka tswa e ne e se bonno jwa segosi fela. E ne ya bolela jaana: “Re ka rata go bolela gore Jesereele e ka tswa e ne e le bothibelelo jwa masole a segosi a Iseraele ka nako ya dikgosi tsoora Omeri [Omeri le ditlogolwana tsa gagwe] . . . koo go neng go nna e bile go thapisiwa masole a dikara tsa ntwa tsa segosi le a dipitse gone.” Fa Woodhead a bona bogolo jwa serala seno se se goletsegileng, mmogo le dithako ka botsone, o fopholetsa gore seno e ka tswa e ne e le mofuta wa lebala la masole, koo ba neng ba bontsha batho maatla a magolo a masole a dikara a a neng a le mantsi go gaisa otlhe kwa Botlhabagare ka nako eo.

Baithutamarope ba ne ba kgatlhiwa thata ke masalela a a neng a epololwa a kgoro ya motse. A bontsha botseno jwa dikgoro di ka nna nnè. Le fa go ntse jalo, e re ka maje a le mantsi kwa lefelong leo a ne a nnela go thopiwa ka makgolokgolo a dingwaga, dilo tse di ribolotsweng ga di a tlhomama. Woodhead o akanya gore masalela ao ke a kgoro ya matlwana a marataro e e lekanang le dikgoro tse di ribolotsweng kwa Megido, Hasora le Gesere. *

Dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope di bontsha gore motse o o neng o tshwanela go nna le bothibelelo jwa sesole e bile o le mo lefelong le le tshwanetseng, o ne wa nna gone ka nako e khutshwane fela thata. Woodhead o gatelela gore Jesereele jaaka motse o o neng o sireleditswe thata, o nnile gone ka lobaka lo lo rileng fela lwa nako—go nnilwe mo go one masome a sekae fela a dingwaga. Lefelo leno le farologane thata le mafelo a mangwe a a tlhomologileng a Iseraele a go buiwang ka one mo Baebeleng, a a jaaka Megido, Hasora le motsemoshate Samaria, a nako le nako a neng a agiwa sesha, a okediwa, e bile batho ba ne ba nna mo go one ka dinako tse di farologaneng. Ke ka ntlha yang fa lefelo leno le le neng le le botlhokwa thata jaana le ne la se ka la nniwa ka nako e telele? Woodhead o akanya gore Ahabe le babusikaene ba ka tswa ba ile ba batla ba diga ikonomi ka gonne ba ne ba senya madi a setšhaba. Seno se supiwa ke bogolo jwa motse wa Jesereele le tsela e o neng o nonofile ka yone. Gongwe puso e ntšha e e neng e busiwa ke Jehu e ne e sa batle go gakologelwa sepe se se neng se amana le Ahabe mme ka jalo ya tlogela motse ono.

Bosupi jotlhe jo bo setseng bo epolotswe bo tlhomamisa gore lefelo la Jesereele e ne e le bothibelelo jo bogolo jwa Baiseraele ka Motlha wa go Thulwa ga Tshipi. Bogolo jwa one le dikago tsa one tse di thata di tsamaisana le se se tlhalosiwang mo Baebeleng e le bonno jwa segosi jo bo tlhomologileng jwa ga Ahabe le Jesebele. Dilo tse di bontshang gore banni ba one ba ne ba le potlana ka palo mo nakong eo di dumalana le dipego tsa Baebele tse di malebana le motse ono: O ne wa tuma ka bonako ka nako ya puso ya ga Ahabe mme go tswa foo, ka taelo ya ga Jehofa, go bonala o ile wa tlhabisiwa ditlhong fa Jehu a ne “a bolaya botlhe ba ba setseng ba ntlo ya ga Ahabe mo Jesereele, le batho ba gagwe ba bagolo botlhe, le ditsala tsa gagwe tse di itsegeng, le baperesiti ba gagwe, a se ka a tlogela ope.”—2 Dikgosi 10:11.

Tatelano ya Ditiragalo Tsa Jesereele

John Woodhead o dumalana jaana: “Go thata tota mo thutamaropeng go bona motheo o o tlhomameng sentle wa matlha a dilo dingwe. Ka jalo fa baithutamarope ba ntse ba sekaseka diphitlhelelo tse ba di boneng mo dingwageng tse supa ba ntse ba epolola, ba di bapisa le dilo tse di ribolotsweng mo mafelong a mangwe a thutamarope. Seno se ile sa dira gore go sekasekiwe dilo sesha le go tsosa dikganetsano. Ka ntlha yang? Ka gonne fa e sa le moithutamarope wa Moiseraele e bong Yigael Yadin a epolola dilo kwa Megido ka bo1960 le mo masimologong a bo1970, baithutamarope ba le bantsi ba ne ba tlhomamisa gore o ribolotse dikago tse di thata le dikgoro tsa motse tsa nako ya ga Kgosi Solomone. Jaanong, dikago tseno tse di thata, dilo tsa letsopa le dikgoro tse di ribolotsweng kwa Jesereele di dira gore ba bangwe ba belaele diphitlhelelo tseno.

Ka sekai, dilo tsa letsopa tse di ribolotsweng kwa Jesereele di tshwana le dilo tse di ribolotsweng kwa Megido tse Yadin a neng a di amanya le nako ya puso ya ga Solomone. Sebopego sa kgoro le bogolo jwa matlhakore oomabedi bo batlile bo lekana, fa e se gore ga bo lekane kgo. Woodhead o bolela jaana: “Bosupi jotlhe bo supa fa lefelo la Jesereele e ne e le la nako ya ga Solomone kana bosupi bo le busetsa kwa morago kwa dinakong tsa mafelo a mangwe [Megido le Hasora] go ya go fitlha kwa nakong ya ga Ahabe.” E re ka Baebele e amanya lefelo la Jesereele sentle le nako ya ga Ahabe, o bona go utlwala thata go dumela gore dilo tseno tse di ribolotsweng ke tsa nako ya puso ya ga Ahabe. David Ussishkin o dumalana jaana: “Baebele e bolela gore Solomone o ne a aga Megido—ga e bolele gore tota ke ene a dirileng dikgoro tseo.”

A Hisitori ya Jesereele e ka Itsiwe?

A dilo tseno tse di ribolotsweng ke baithutamarope le dikganetsano tse di neng tsa tsoga di dira gore re belaele pego ya Baebele ka Jesereele kana ka ga Solomone? Tota, go ngangisana ga baithutamarope ga go amane ka gope le pego ya Baebele. Thutamarope e tlhatlhoba hisitori ka tsela e e farologaneng le e Baebele e umakang dilo ka yone. E tsosa dipotso tse di farologaneng mme e gatelela dilo tse di farologaneng. Motho a ka bapisa moithuti wa Baebele le moithutamarope le batho ba ba tsamayang mo ditseleng tse di bapileng. Motsamai yo mongwe o kgweetsa mo mmileng, yo mongwe o tsamaya ka maoto fa thoko ga tsela. Ba tlhomile mogopolo le go amega ka dilo tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, tsela e ba lebang dilo ka yone gantsi e a tsamaisana go na le go ganetsana. Go bapisa megopolo ya batsamai bano ba babedi go ka dira gore go nne le dikgopolo tse di kgatlhang.

Baebele e tshotse pego e e kwadilweng ya ditiragalo tsa bogologolo le ya batho; thutamarope e leka go ribolola tshedimosetso e e malebana le ditiragalo tseno le ka batho, ka go tlhatlhoba masalela ape fela a tsone a a ka fitlhelwang a saletse mo mmung. Le fa go ntse jalo, gantsi masalela ano a a bo a sa felela e bile a ka nna a tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng. Mo ntlheng eno, Amihai Mazar o akgela jaana mo bukeng ya gagwe ya Archaeology of the Land of the Bible—10,000−586 B.C.E.: “Thutamarope . . . ka tsela nngwe ke bothakga jwa maemo a a kwa godimo le gone ke thapiso mmogo le tiro e e ithutetsweng. Ga go na mekgwa epe e e gagametseng e e ka tlhomamisang gore go nne le katlego, mme bakaedi ba tiro eno ba patelesega go fetofetoga le maemo le go nna le mogopolo o o molemo. Botho jwa moithutamarope, go kgona ga gagwe go dira dilo ka matsetseleko le go nna kelotlhoko le tsone di botlhokwa fela jaaka thapiso ya gagwe le madi a a nang le one.”

Thutamarope e tlhomamisitse gore go ne go na le bothibelelo jo bogolo jwa segosi le jwa masole kwa Jesereele, bothibelelo jo bo nnileng gone ka nako e khutshwane mo hisitoring e e tsamaisanang le ya nako ya puso ya ga Ahabe—fela jaaka Baebele e bolela. Go ile ga bodiwa dipotso tse dingwe tse di kgatlhang tse baithutamarope ba ka nnang ba di batlisisa mo dingwageng tse dintsi tse di tlang. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo, Baebele, le tswelela pele le bua ka tsela e e phepafetseng, le re neela polelo e e tletseng ka tsela e baithutamarope ba ka se keng ba e kgona.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Bona setlhogo se se reng “Masaitseweng a Dikgoro” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1988.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Dilo tse di epolotsweng ke baithutamarope kwa Jesereele

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Modingwana wa Kanana o o ribolotsweng kwa Jesereele