Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Toropo ya Astana

BATHO LE DINAGA

Go Etela Kazakhstan

Go Etela Kazakhstan

BA-KAZAKH e ne e le bakgarakgatshegi. Le gompieno badisa bangwe ba Ba-Kazakh ba sa ntse fudusetsa diphologolo tsa bone kwa mafulong a a farologaneng go ikaegile ka dipaka. Fa go le selemo ba di isa kwa mafulong a a tsiditsana a a mo dithabeng. Mme fa go tloga go nna mariga e bile kapoko e wa ba a di folosa ba bo ba di isa kwa tlase kwa go bothitho gone.

Ba-Kazakh ba bangwe ba nna mo ditoropong. Le fa go ntse jalo, ditso tsa bone, dijo le dilo tse ba kgonang go di dira di bontsha tsela e bagologolo ba bone ba bakgarakgatshegi ba neng ba tshela ka yone. Ba-Kazakh ba rata poko, go opela le go tshameka mmino ka diletswa tsa bone.

Matlo a bakgarakgatshegi a mantle a e keteng ditente a a bidiwang di-yurt a bontsha gore batho ba ba nnang mo one ba rata tlhago. Badisa ba sa ntse ba rata tente eno e bile gantsi Ba-Kazakh ba ba nnang mo ditoropong ba e dirisa fa ba na le meletlo. Gape bajanala ba robala monate mo ditenteng tseno fa ba etetse koo. Basadi ba ba ratang go loga dilwana ba kgona go dirisa ditente tseo go bontsha ba bangwe dilwana tse dintle tsa setso.

Mo teng ga yurt

Ba-Kazakh ba ba nnang kwa magaeng ba rata dipitse thata. Ba na le mafoko a ka nna 21 a a kayang pitse, mme lengwe le lengwe la one le tlhalosa gore pitse eo e ntse jang. Gape go na le mafoko le dipolelwana di feta 30 tse di tlhalosang mebala ya tsone. Pitse e sa ntse e tsewa e le mpho e e tlhwatlhwakgolo le e e rategang. Bana ba basimane ba ba nnang mo magaeng ba ithuta go palama dipitse ba sa ntse ba le bannye.

Ka dinako tsotlhe dijo tsa bone tsa setso di tshwanetse go nna le nama e bile ga di babe. Dingwe tsa dino tse ba di ratang thata ke koumiss e e dirilweng ka mashi a pitse a go tlhalosiwang gore a thusa motho go nna le botsogo jo bo siameng ,le shubat e e botlhanyana e e dirilweng ka mashi a kamela.

Go na le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Almaty mme mongwe le mongwe o letlelelwa go e etela.

Lengau le go seng motlhofo go le bona le nna mo dithabeng tsa Kazakhstan ka selemo