Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Fa go Nna le Masetlapelo—Se se Ka Dirwang go Boloka Matshelo

Fa go Nna le Masetlapelo—Se se Ka Dirwang go Boloka Matshelo

“Modumo o mogolo wa go thunya o o kabang ditsebe, o batlile o ntigela fa fatshe. Go ne ga tlala mosi mme diofisi tsa rona tse di tlhatlaganeng di ne tsa simolola go tuka.”—Joshua.

Thoromo ya lefatshe . . . setsuatsue . . . borukhutlhi . . . go thuntshiwa ga bana kwa dikolong. Re nna re utlwa dipego tseo mo dikgannyeng. Boammaaruri ke gore, go bala ka masetlapelo ga go tshwane le fa a go diragalela. Ke eng se o ka se dirang pele ga masetlapelo, ka nako ya fa a direga le morago ga one gore o itshireletse?

PELE GA MASETLAPELO—IPAAKANYE!

ROTLHE re welwa ke masetlapelo. Go ipaakanya ke selo se se botlhokwa thata se se ka bolokang botshelo jwa gago. Go ipaakanya go akaretsa eng?

  • Baakanya mogopolo. Amogela gore masetlapelo a direga e bile a ka diragalela wena le batho ba o ba ratang. Go tla bo go le thari go ipaakanyetsa masetlapelo fa a sena go direga.

  • Ithute ka masetlapelo a a ka diregang mo lefelong le o nnang mo go lone. Itse gore o ka tshabela kae. Tlhomamisa gore tsela e ntlo ya gago e agilweng ka yone le lefelo le e agilweng mo go lone di sireletsegile. Ntsha dilo tse di ka bakang molelo. Tsenya dilo tse di kgonang go lela fa go na le molelo kgotsa mosi, o bo o fetola dibeteri tsa tsone gangwe ka ngwaga kgotsa gangwe le gape.

  • Baakanya dilo tsa thuso ya potlako. Motlakase, metsi, founu le dipalangwa tsa batho botlhe di ka nna tsa se ka tsa bereka. Fa e le gore o na le koloi, tlhomamisa gore e dula e na le peterole gape o nne o na le dijo, metsi le lebokose la thuso ya potlako.—Bona lebokoso le le reng “ A o Na le Se o Se Tlhokang?

    Go ipaakanya ke selo se se botlhokwa thata se se ka bolokang botshelo jwa gago

  • Nna le dinomoro tsa mogala tsa ditsala tsa gago tse di gaufi le tse di kgakala.

  • Itirele leano la go falola o bo o ikatisa. Itse gore o tla tswa jang ka bonako mo kagong e o leng mo go yone, gape thusa bana ba gago gore ba ka dira eng kwa sekolong fa maemo a tshoganyetso a tlhaga. Buang gore lelapa la lona le tla kopanela kwa mafelong afe a a jaaka kwa sekolong kgotsa kwa laeboraring, lefelo le lengwe le nne gaufi le legae la lona le lengwe le nne kgakala. Badiredi ba puso ba kgothaletsa gore re itlwaetse go tsamaya le malapa a rona kwa mafelong ao.

  • Ipaakanyetse go thusa ba bangwe, go akaretsa bagodi le batho ba ba lwalang.

KA NAKO YA MASETLAPELO—TSAYA KGATO KA BONAKO

Joshua yo go builweng ka ene kwa tshimologong a re: “Fa molelo o simolola, batho ba le bantsi ga ba a ka ba tshoga, ba ne ba goga dinao. Batho bangwe ba ne ba tima dikhomputara kgotsa ba tlatsa dibotlolo tsa bone tsa metsi. Monna mongwe o ne a re, ‘Gongwe re lete fela.’” Le fa batho ba ne ba sa dire sepe, Joshua o ne a goa a re: “Re tshwanetse go tswa mono gone jaanong!” Fa a sena go bua jalo, badirimmogo le ene ba ne ba tlogela go etsaetsega ba bo ba mo sala morago. Joshua o ne a nna a re: “Fa mongwe a wa, mo thuse go ema lo bo lo tswelela lo tsamaya. Rotlhe re tlile go falola!”

  • Fa go na le molelo. Robala fa fatshe o bo o gagaba o tswa ka kgoro e e gaufi. Mosi o dira gore go nne thata go bona e bile batho ba le bantsi ba bolailwe ke go o hema. Tlogela dilo tse di seng botlhokwa. Motho a ka falola kgotsa a latlhegelwa ke botshelo mo metsotswaneng fela.

  • Fa go na le thoromo ya lefatshe. Tsena ka fa tlase fanitšhara e e nonofileng. Morago ga moo, solofela gore o tlile go nna le letshogo. Tswela kwantle ka bonako o bo o tsamaela kgakala le dikago. Go ka nna ga feta diura di le dintsi batho ba thuso ya potlako ba sa goroge, ka jalo, fa o kgona, leka go thusa ba bangwe.

  • Fa go na le tsunami. Fa metsi a khurumetsa lotshitshi, tshabela ka bonako kwa mafelong a a kwa godimo. Tshabela kgakala ka gonne go tla nna le makhubu a mangwe a magolo.

  • Fa go na le kgwanyape kgotsa setsuatsue. Tshabela kwa mafelong a a sireletsegileng ka bonako.

  • Fa go na le morwalela. Se tsene mo dikagong tse di setseng di na le metsi a mantsi. Tila go tsamaya kgotsa go kgweetsa mo metsing. Metsi a morwalela a ka nna le leswe, dilo tse di ka go gobatsang, matlakala, dikhuti tse dikgolo le megala e e kgaogileng ya motlakase.

  • A o ne o itse? Metsi a a elelelang a a dimetara di le 0.6 a ka kgona go gogola koloi. Batho ba le bantsi ba bolailwe ke go leka go kgweetsa mo metsing a a elelang.

  • Fa badiredi ba puso ba laela gore lo tswe mo lefelong lengwe, tswa ka yone nako eo! Itsise ditsala tsa gago gore o kae ka gonne ba ka tsenya matshelo a bone mo kotsing ba leka go go batla.

    Fa badiredi ba puso ba laela gore le tswe mo lefelong lengwe tswa ka yone nako eo!

  • A o ne o itse? Go botoka go romela molaetsa gona le go leletsa motho.

  • Fa badiredi puso ba laela gore re nne kwa gae kgotsa mo mafelong a tshireletso, o se ka wa tsamaya. Fa moya o kgotletswe ke dikhemikale, go na le malwetse a a tshelanwang kgotsa di-nuklea di thunya , nna mo ntlong tswala sengwe le sengwe se se ka tsenyang moya mo ntlong. Reetsa dikgang mo thelebisheneng kgotsa mo radiong. Nna mo ntlong go fitlha badiredi ba puso ba itsise gore maemo a siame.

MORAGO GA MASETLAPELO—NNA O ITSHERELEDITSE!

Gore o kgone go tila malwetse le dikotsi, ela tlhoko dikakantsho tse di latelang:

  • Nna le ditsala fa go kgonega, go na le go nna mo tenteng.

  • Boloka lefelo le o nnang mo go lone le le phepa.

  • Dirisa dilo tsa go itshireletsa fa o phepafatsa matlakala. Fa go kgonega, rwala ditlelafo, ditlhako tse di tswalegileng, lekarapa le selo se se sireletsang dinko tsa gago mo leroleng. Ela tlhoko gore o se ka wa gata megala ya metlakase le magala.

  • Dira dilo tse o tlwaetseng go di dira letsatsi le letsatsi jaaka o tlhola o dira. Bontsha bana ba gago gore o ritibetse mo maikutlong le gore o na le tsholofelo. Thusa bana ba gago ka ditiro tsa sekolo, tshameka le bone lo bo lo ithute ka Modimo mmogo. O se ka wa nnela go reetsa dikgang tsa se se diragetseng, gape o se ka wa galefela lelapa la gago ka ntlha ya se se lo diragaletseng. Amogela thuso mme o thuse ba bangwe.

    Morago ga masetlapelo, dira dilo tse o tlwaetseng go di dira letsatsi le letsatsi

  • Amogela gore o ka latlhegelwa ke dilo di le dintsi ka nako ya masetlapelo. Puso le batho ba thuso ya potlako ba tlhoma mogopolo mo go falotseng batho e seng go ba naya dilo tsotlhe tse di ba latlhegetseng. Gore re kgone go tswelela re tshela re tlhoka metsi a a phepa, dijo, diaparo le lefelo le le sireletsegileng.—1 Timotheo 6:7, 8.

  • Ipaakanyetse go bona thuso fa o tshwenyega mo maikutlong. Gantsi seno se direga fa masetlapelo a sena go feta. Matshwao a gone a akaretsa go tlhobaela, kgatelelo ya maikutlo le go fetofetoga ga maikutlo gape o ka palelwa ke go akanya, go bereka le go robala. Bua le tsala e o e tshepang.

Le fa gone Joshua a kgonne go falola molelo, bontsi jwa badirikaene ga ba a ka ba falola. O ne a thusiwa ke bagolwane ba Bakeresete le dingaka tsa tlhaloganyo. Joshua a re: “Ba ne ba ntlhomamisetsa gore go hutsafala go bontsha gore ke a fola le gore go tla feta. Morago ga dikgwedi di le thataro letshogo la me le ne la okobala. Mme matshwao a mangwe one a tshotse lobaka go fola.”

Masetlapelo a dira gore re akanye gore re diretswe tshiamololo. Seo se dira gore batho ba le bantsi ba pege Modimo molato. Jaaka Joshua, ba le bantsi ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya go bo ba falotse mme ba bangwe ba sa falola. Joshua a re: “Ke sa ntse ke ipotsa gore a nka bo ke kgonne go boloka batho ba le bantsinyana. Ke gomodiwa ke go dumela gore Modimo o tla tlisa tshiamo le go baakanya dilo mo lefatsheng. Gone jaanong ke itumelela botshelo jwa me letsatsi le letsatsi e bile ke dira se nka se kgonang go bo boloka.”—Tshenolo 21: 4, 5. *

^ ser. 33 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ditsholofetso tsa Modimo ka bokamoso le gore ke eng fa a letleletse gore batho ba boge, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ka e itseela mo www.jw.org/tn.