Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

5 A Mme re Tla Tsamaya re Tshela re sa Sotlege?

5 A Mme re Tla Tsamaya re Tshela re sa Sotlege?

Goreng go le Botlhokwa go Itse Karabo ya Potso Eno?

Fa re dumela gore batho ba tla tshela ba sa sotlege, tsela e re lebang botshelo ka yone le e re lebang Modimo ka yone e tla fetoga.

Se o Ka Akanyang ka Sone

Batho ba le bantsi ba batla go fedisa pogo, mme gone ga bana bokgoni le maatla a go dira jalo. Ela tlhoko dintlha tse di latelang:

Le fa go nna go dirwa dilo tse di ka fo fokotsang malwetse . . .

  • Batho ba le bantsi ba bolawa ke bolwetse jwa pelo.

  • Bolwetse jwa kankere bo bolaya batho ba le bantsi ngwaga le ngwaga.

  • Dr. David Bloom o ile a kwala jaana mo pegong ya  Frontiers in Immunology: “Mo lefatsheng go na le malwetse a a tshelanwang a a tsayang sebaka go fola, a mangwe ke a a masha mme a mangwe a nna a ntse a ipoeletsa.”

Le fa dinaga tse dingwe di humile thata . . .

  • Ngwaga le ngwaga bana ba le bantsi ba a tlhokafala mme seno se diragala thata mo mafelong a go nnang batho ba ba humanegileng mo go one.

  • Batho ba le bantsi ga ba na dithoelete tse di tsamaisang leswe.

  • Batho ba le bantsi ga bana metsi a a phepa.

Le fa gone batho ba le bantsi ba itse ditshwanelo tsa batho . . .

  • Go utswiwa ga batho go nna go ntse go oketsega mo dinageng di le dintsi. Pego nngwe ya United Nations ya re: “Batho ba ba utswang batho ga ba ise ba tshwarwe ka gonne puso e sa itse ka bothata joo kgotsa e sena di dirisiwa tse di lekaneng go lwantshana le jone.”

    ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

    Leba bidio ya Bogosi Jwa Modimo ke Eng? mo jw.org.

Se Baebele e se Rutang

Modimo o a re kgathalela.

Ga a itlhokomolose mathata a rona le kutlobotlhoko ya rona.

“[Modimo] ga a a nyatsa le fa e le go ila pogisego ya yo o bogisiwang; mme ga a a mo fitlhela sefatlhego, o ne a utlwa fa a goela kwa go ene a kopa thuso.”PESALEMA 22:24.

‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.’1 PETERE 5:7.

Go boga ga go ka ke ga nnela ruri.

Baebele e solofetsa gore boikaelelo jwa Modimo ka ga rona bo tla diragadiwa.

“Modimo . . . o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”TSHENOLO 21:3, 4.

Modimo o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bogisang batho.

O tla dirisa Bogosi jwa gagwe jo Baebele e bo tlhalosang e le puso ya mmatota go fedisa pogo.

“Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. . . . Bo tla ema ka bosakhutleng.”DANIELE 2:44.