Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

3 Goreng Batho ba ba Siameng ba Boga?

3 Goreng Batho ba ba Siameng ba Boga?

Goreng go le Botlhokwa go Itse Karabo ya Potso Eno?

Fa motho yo o siameng a boga seo se re utlwisa botlhoko. Seo se ka dira gore re akanye gore ga go botlhokwa go nna motho yo o siameng ka gore le batho ba ba siameng ba a boga.

Se o Ka Akanyang ka Sone

Batho bangwe ba dumela gore fa motho a swa o tsholwa gape sesha. Ba re motho yo o dirileng dilo tse di molemo pele a swa, fa a tsholwa sesha o tla tshela monate, mme motho yo o dirileng dilo tse di bosula ene, ga a na go itumelela botshelo. Go ya ka tumelo eo, motho a ka tswelela a boga le morago ga gore a tsalwe sesha ka ntlha ya diphoso tse a di dirileng mo botshelong pele a swa. Le fa go ntse jalo . . .

  • Goreng motho a boga fa a sena go tsholwa sesha le fa gone a sa gopole dilo tse a di dirileng pele a swa?

  • Goreng re tlhokomela botsogo jwa rona le go leka go itshireletsa mo dikotsing, fa e le gore botshelo jwa rona bo laolwa ke tsela e re neng re itshwara ka yone pele re swa kgotsa pele re tsalwa sesha?

    ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

    Leba bidio ya Goreng Modimo a sa Fedise Dilo Tse di Bosula? mo jw.org.

Se Baebele e se Rutang

Fa re boga ga se gore Modimo o a re otlhaya.

Gantsi re diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko di sa re lebagana.

“Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”MORERI 9:11.

Re boga ka ntlha ya boleo.

Gantsi fa motho a dirile sengwe se se maswe batho ba re o dirile “boleo.” Mme Baebele yone ya re ga go na ope yo o senang boleo, rotlhe re tsalwa re na le boleo.

“Ke tsholetswe mo tlolong ka ditlhabi tsa pelegi, mmè o ne a inthwalela mo boleong.” PESALEMA 51:5.

Boleo bo baketse batho mathata a le mantsi.

Boleo bo sentse kamano ya rona le Mmopi wa rona le kamano e re nang le yone le batho ba bangwe mme gape tsela e re tshwarang popo yotlhe ka yone e ne ya fetoga. Gape boleo bo dirile gore batho ba boge.

“Ke fitlhela molao ono mo go nna: gore fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.”BAROMA 7:21.

“Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.”BAROMA 8:22.