Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 5

Botlhokwa Jwa go Thusiwa ke Motho yo o Godileng

Botlhokwa Jwa go Thusiwa ke Motho yo o Godileng

MOTHO YO O GODILENG A KA THUSA NGWANA JANG?

Bana ba tlhoka motho yo o godileng gore a ba gakolole le go ba kaela mo botshelong. Fa o le motsadi, ke wena o kgonang go thusa bana ba gago, tota e bile ke boikarabelo jwa gago. Mme go na le batho ba bangwe ba ba godileng ba le bone ba kgonang go thusa bana ba gago.

GORENG GO LE BOTLHOKWA GORE BANA BA THUSIWE KE MOTHO YO O GODILENG?

Mo mafelong a mangwe, ga se gantsi o bonang bana ba dutse kgotsa ba tlotla le bagolo. Akanya ka seno:

  • Bana ba fetsa nako e ntsi kwa sekolong ba na le baithuti ba bangwe go na le go fetsa nako e ntsi le barutabana ka gonne baithuti ba bantsi go na le barutabana.

  • Fa bana ba bangwe ba fitlha kwa gae, ga ba fitlhele ope ka gonne batsadi ba tla bo ba ile tirong.

  • Mo patlisisong e e ileng ya dirwa kwa United States, go fitlhetswe gore bana ba dingwaga tse di magareng ga 8 le 12 ba fetsa diura di ka nna thataro ba lebile thelebishene, ba reeditse mmino kgotsa ba tshameka di-video game. *

Buka ya Hold On to Your Kids ya re: “Gone jaanong basha ga ba tlhole ba kopa kgakololo mo batsading, mo barutabaneng kgotsa mo bathong ba bangwe ba ba godileng, go na le moo  . . . ba e kopa mo dithakeng tsa bone.”

MOTSADI A KA THUSA BANA JANG?

Ipheng nako le bana ba lona.

BAEBELE YA RE: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

Gantsi bana ba kopa batsadi fa go na le sengwe se ba tlhokang go thusiwa ka sone. Tota e bile, bomankge ba re bana ba dingwaga tse di magareng ga 13 le 19 ba rata go kopa kgakololo thata mo batsading ba bone go na le mo dithakeng tsa bone. Dr. Laurence Steinberg o ile a kwala jaana mo bukeng ya You and Your Adolescent: “Le fa ngwana a setse a godile, batsadi ba gagwe ba sa ntse ba na le tlhotlheletso e kgolo thata mo tseleng e a dirang dilo ka yone. Bana ba tseela tlhogong dilo tse batsadi ba bone ba di buang e bile ba a ba reetsa le fa ba sa dumalane le sengwe le sengwe se batsadi ba se buang kgotsa ka dinako tse dingwe ba na le go itira e kete ga ba reetse batsadi ba bone.”

Fa bana ba sa ntse ba go reetsa e bile ba tseela tlhogong dilo tse o di buang, dirisa tshono eno go ba ruta dithuto tsa botlhokwa. Ka jalo, iphe nako le bone gore o kgone go ba gakolola le go ba bolelela ka maitemogelo a gago a botshelo.

Kopa mongwe gore a itsalanye le bana ba gago.

BAEBELE YA RE: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

A go na le mogolo mongwe yo o mo itseng yo o batlang gore bana ba gago ba etse sekao sa gagwe? Gongwe o ka rulaganya gore ngwana wa gago a etele motho yoo. Seo ga se reye gore jaanong o tshwanetse go rwesa motho yoo maikarabelo a gago. Mme gone, go a thusa fa go na le mogolo yo mongwe yo o tlang a go thusa go kaela bana ba gago. Le fa moaposetoloi Paulo a ne a le mogolo mo go Timotheo, o ile a kgona go thusa Timotheo fela thata mme le ene Timotheo o ile a mo thusa.—Bafilipi 2:20, 22.

Gone jaanong malapa a mantsi ga a tlhole a nna gaufi, ka sekai bomalome, borakgadi le ba losika ba ka tswa ba nna kgakala thata. Fa le wena o lebane le seemo se se ntseng jalo, leka go batlela bana ba gago mogolo mongwe yo o ka ratang gore ba etse sekao sa gagwe.

^ ser. 9 Patlisiso eo ya re bana ba dingwaga tse di magareng ga 13 le 19 ba fetsa diura di le robonngwe ka letsatsi ba lebile thelebishene, ba reeditse mmino kgotsa ba tshameka di-video game. Diura tseo ga di kopanyeletse diura tse bana bano ba di fetsang ba dira dipatlisiso ka tiro ya sekolo mo Internet, ba ka tswa ba le kwa sekolong kgotsa ba le kwa gae.