Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fela jaaka khampase, mekgwa e e mentle e ka thusa bana go tsamaya mo tseleng e e siameng

BATSADI

7: Maitseo le Mekgwa e Mentle

7: Maitseo le Mekgwa e Mentle

GO KAYA ENG?

Fa motho a na le maitseo le mekgwa e mentle, seo se bonala mo tseleng e a tshelang ka yone. Ka sekai, a o leka go ikanyega mo dilong tsotlhe? Fa go le jalo, ruta ngwana wa gago go tshela ka tsela e wena o tshelang ka yone.

Motho yo o nang le mekgwa e mentle o kgona go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang. Ka jalo, fa o rutile ngwana wa gago dilo tseno a sa ntse a le monnye, o tla nna senatla, o tla dira dilo tse di siameng e bile o tla itse go akanyetsa batho ba bangwe.

BAEBELE YA RE: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Gone jaanong go botlhokwa thata gore bana ba rutiwe mekgwa e mentle. Mmê mongwe yo o bidiwang Karyn a re: “Gone jaanong founo e dira gore go nne motlhofo go bona dilo tse di sa siamang. Ngwana o kgona go nna fa thoko ga gago mme a ntse a lebile dilo tse di sa siamang mo founong!”

BAEBELE YA RE: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.”—Bahebera 5:14.

Go botlhokwa go ruta bana maitseo. Seo se ka akaretsa go ba ruta mafoko a a jaaka “ke a kopa” le “ke a leboga” le go ba ruta go akanyetsa batho ba bangwe go na le gore ba tlhole ba dutse mo founong fa ba na le batho.

BAEBELE YA RE: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.”—Luke 6:31.

SE O KA SE DIRANG

Ba rute gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Ka sekai, dipatlisiso di bontsha gore bana ba kgona go tila go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo fa batsadi ba ba rutile go tloga kwa tshimologong fela gore go dira jalo go phoso.

KAKANTSHO: Tlotla le ngwana ka sengwe se se diragetseng bosheng. Ka sekai, fa mongwe a bolaile yo mongwe ka ntlha ya letlhoo, o ka nna wa re: “Waitse letlhoo le ka dira gore motho a dire selo se se tsitsibanyang mmele. O akanya gore letlhoo le le ntseng jaana le bakwa ke eng?”

“Go thata gore bana ba dire se se siameng fa ba sa se rutiwa.”—Brandon.

Ruta bana go nna maitseo. Le fa bana ba le bannye, ba ka rutiwa go kopa, go leboga le go akanyetsa batho ba bangwe. Buka nngwe e e buang ka go godisa bana ya re: “Fa bana ba rutiwa gore ba tshwanetse go dirisana le batho ba bangwe mo lelapeng, kwa sekolong le mo motseng, ba tla kgona go thusa batho ba bangwe e seng go ikakanyetsa ba le bosi fela.”

KAKANTSHO: Naya bana tiro e ba tlhokang go e dira mo lapeng mme seo se tla dira gore ba bone botlhokwa jwa go thusa batho ba bangwe.

“Fa bana ba tlwaetse go dira ditiro tsa mo lapeng, ga ba kitla ba tshwara bothata fa ba nna ba le bosi. Ba tla bo ba setse ba itse gore go dirwang.”—Tara.