Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Ngwana a Hutsafetse

Fa Ngwana a Hutsafetse

A o utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafalelwa ke mongwe mo lapeng? Fa go le jalo, o ka gomodiwa ke eng? Bona gore Baebele e thusitse jang basha ba le bararo go lebana le boemo jono.

KGANG YA GA DAMI

Dami

Kwa tshimologong, re ne re tsaya gore papa o opiwa ke tlhogo fela e e sa reng sepe. Mme fa papa a opiwa ke tlhogo thata, mama o ne a founela ambulense. Ke sa ntse gopola fa badiri ba thuso ya potlako ba tla go mo tsaya. Ke ne ke sa itse gore ke lekgetlho la bofelo ke mmona a tshela. Morago ga malatsi a le mararo, papa o ne a bolawa ke bolwetse jwa go ruruga ditshika tsa boboko. Ke ne ke na le dingwaga di le thataro fela.

Fa papa a sena go tlhokafala, ke ne ka fetsa dingwaga ke ipona molato. Ke ne ke nna ke akanya ka nako ya fa badiri ba thuso ya potlako ba ne ba tlile go mo tsaya mme ke ne ke tlhola ke ipotsa gore: ‘Goreng ke ne ke mo lebile fela? Goreng ke ne ke sa mo thuse?’ Ke ne ke tle ke lebe batho ba ba tsofetseng ba ba lwalang ke bo ke ipotsa gore: ‘Goreng ba sa ntse ba tshela mme papa ene a tlhokafetse?’ Fa nako e ntse e ya, mama o ne a nthusa go ntsha maikutlo. E bile e re ka re le Basupi ba ga Jehofa, phuthego e ne ya re thusa thata.

Batho bangwe ba akanya gore o ka utlwisiwa botlhoko ke masetlapelo fa a sena go direga o bo o lebala ka one, mme gone go sa nna jalo ka nna. Ke ne ka simolola go utlwa botlhoko fa ke le mo dingwageng tsa bolesome.

Ke kgothaletsa basha ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi gore ba bolelele mongwe gore ba ikutlwa jang. Fa o bolelela mongwe gore o ikutlwa jang, o ka fokotsa go nna le mathata a botsogo.

E re ka papa a sa tlhole a le teng, go thata go lebana le dikgwetlho. Mme ke gomodiwa ke se Baebele e se solofetsang mo go Tshenolo 21:4, e e reng go ise go ye kae Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”

KGANG YA GA DERRICK

Derrick

Dilo dingwe tse ke di gopolang tse ke neng ke rata go di dira le papa ke go tshwara ditlhapi le go kampa kwa dithabeng. O ne a rata dithaba.

Papa o ne a na le bolwetse jwa pelo; ke gopola ke mo etela kwa bookelong fa ke ne ke le monnye. Mme ke ne ke sa tlhaloganye gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo le maswe go le kana kang. Papa o ile a bolawa ke bolwetse jwa pelo fa ke ne ke na le dingwaga di le robongwe.

Fa a sena go tlhokafala, ke ne ke nna fela ke lela. E ne e kete ke felelwa ke moya e bile ke ne ke sa batle go bua le ope. Ga ke ise ke tsamaye ke utlwe botlhoko jaana mo botshelong e bile ke ne ke sa batle go dira sepe. Kwa tshimologong basha ba ke neng ke tsena kereke le bone ba ne ba bontsha gore ba amega ka nna, mme fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba sa tlhole ba nkgathalela. Batho ba ke neng ke tsena kereke le bone ba ne ba tle ba re, “E ne e ntse e le nako ya gagwe” kgotsa “Modimo o mo tsere” kgotsa “O kwa legodimong.” Mafoko ao a ne a sa nkgomotse e bile ke ne ke sa itse gore tota Baebele ya reng ka kgang eo.

Mama o ne a simolola ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme moragonyana nna le nkgonne re ne ra simolola go ithuta. Re ne ra ithuta gore go direga eng ka batho ba ba tlhokafetseng le ka tsholofetso e e gomotsang ya Modimo ya gore o tla tsosa baswi. (Johane 5:28, 29) Mme temana e e nkgomoditseng thata ke Isaia 41:10 e mo go yone Modimo a reng: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.” Go itse gore Jehofa o na le nna go ne ga nkgomotsa thata fa ke ne ke utlwile botlhoko mme go sa ntse go nkgomotsa.

KGANG YA GA JEANNIE

Jeannie

Mama o ne a bolawa ke kankere fa ke ne ke na le dingwaga di le supa. E ne e kete ke a lora. O tlhokafaletse kwa gae e bile rremogolo le mmemogolo ba ne ba le teng. Ka nako eo batho botlhe ba ne ba ritibetse. Ke gopola re ja mae a a gadikilweng maitseboa a teng. Ke ne ke utlwa e kete botshelo jwa me bo a tlhakatlhakana.

Go tloga ka nako eo, ke ne ke akanya gore ga ke a tshwanela go bontsha nnake wa mosetsana gore ke hutsafetse, ka jalo, ke ne ka fitlha tsela e ke ikutlwang ka yone. Tota le gompieno ke tlwaetse go fitlha tsela e ke ikutlwang ka yone mme ga go a siamela botsogo jwa me.

Ke gakologelwa phuthego ya rona ya Basupi ba ga Jehofa e re bontsha lorato e bile e re ema nokeng. Le fa e ne e le gone re simololang go nna re etela kwa Holong ya Bogosi, badumedikarona ba ne ba re thusa fela jaaka e kete ke kgale re itsane. Go fetile ngwaga rre a sa apeye dijo tsa maitseboa ka gonne ka metlha ba ne ba re tlisetsa tsone.

Temana nngwe e ke e ratang thata ke Pesalema 25:16, 17. Mo go yone, mopesalema o ne a kopa Modimo jaana: “Retololela sefatlhego sa gago kwa go nna, mme o nkutlwele botlhoko; gonne ke nosi e bile ke bogisitswe. Matshwenyego a pelo ya me a ntsifetse; Nketshe mo dipitlaganong tsa me tsweetswee.” Go a gomotsa go itse gore fa o hutsafetse ga o nosi. Modimo o tla go thusa. Baebele e nthusitse go tswelela ka botshelo le go tlhoma mogopolo mo dilong tse di kgothatsang tse di jaaka tsholofetso e e gomotsang ya Baebele ya go tsosiwa ga baswi. Ke na le tsholofelo ya go bona mama gape le go mo itse botoka mo lefatsheng la paradaise fa re tla bo re itekanetse.—2 Petere 3:13.

A o ka rata go itse gore Baebele e na le molaetsa ofe o o gomotsang ba ba tlhokafaletsweng? Itseele kgatiso ya setlhogo se se reng, “Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala” mahala mo Internet ka Seesemane. Tsena mo www.jw.org o bo o leba PUBLICATIONS > BOOKS & BROCHURES.