Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSOGANG! No. 2 2017 | Maatla A a Sa Tlwaelegang a Tswa mo go Mang?

Gone jaanong difilimi le mananeo a thelebishene a bontsha batho ba ba nang le maatla a a sa tlwaelegang jaaka baloi le di-vampire.

A o akanya gore dilo tseno di ntsha motho bodutu fela kgotsa a go na le kotsi nngwe e re sa e lemogeng ka tsone?

Makasine ono wa “Tsogang!” o tlhalosa gore ke eng fa batho ba kgatlhiwa ke maatla a a sa tlwaelegang le gore a tswa mo go mang.

 

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Kgatlhiwa ke Maatla A a Sa Tlwaelegang!

Batho ba kgatlhiwa ke dilo tse di jaaka boloi, maselamose, di-vampire, go tsenwa ke madimona le dipoko. Goreng ba di rata thata jaana?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Baebele ya Reng ka Tirisabadimo?

Le fa batho ba le bantsi ba sa dumele mo maatleng a a sa tlwaelegang le mo boloing, Baebele yone e tsaya kgang eno e le masisi. Baebele ya reng ka kgang eno?

A GO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa go Kotama Jwa Notshi ya Mamepe

Goreng mokgwa ono wa go kotama o dirisiwa fa go dirwa diroboto tse di fofang?

GO THUSA LELAPA

Fa o Tlhokafaletswe ke Motsadi

Go tlhokafalelwa ke motsadi go utlwisa botlhoko thata. Ke eng se se ka thusang basha go lebana le kutlobotlhoko eo?

Fa Ngwana a Hutsafetse

Baebele e ile ya thusa jang basha ba bararo go lebana le go tlhokafalelwa ke mongwe mo lapeng?

BATHO LE DINAGA

Go Etela Spain

Spain ke naga e nang le batho ba ditso tse farologaneng. Kwa spain go dirwa olive oil e ntsi go gaisa dinaga tsotlhe.

SE BAEBELE E SE RUTANG

Sefapaano

Batho ba le bantsi ba dumela gore sefapaano ke letshwao la Bokeresete. A Jesu o swetse mo sefapaanong? A barutwa ba ga Jesu ba ne ba dirisa sefapaano go obamela Modimo?

A o Ka Rata go Tlhaloganya Baebele?

Bona gore o tlhoka eng le gore ga o tlhoke eng gore o kgone go tlhaloganya molaetsa wa yone.

Tse Dingwe

Nka Kgona Jang go Itshokela Masetlapelo?

Basha ba tlhalosa se se ba thusitseng go itshoka.

A Tota Madimona a Teng?

Madimona ke bomang? A tswa kae?