Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Ikutlwa Jang fa o Boga?

Modimo o Ikutlwa Jang fa o Boga?

Go na le batho ba ba dumelang gore ga a bone le gore ga a kgathale.

UTLWA GORE BAEBELE YONE YA RENG

  • Modimo o a bona e bile o a kgathala

    “Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng . . . , a utlwa botlhoko mo pelong.”—Genesise 6:5, 6.

  • Modimo o tlile go tlosa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko

    “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

  • Se Modimo a ikaeletseng go go direla sone

    “‘Gonne ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona,’ go bua Jehofa, ‘dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo. Mme eleruri lo tla mpitsa lo bo lo tla go nthapela, ke tla lo reetsa.’”—Jeremia 29:11, 12.

    “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.