Jeremia 29:1-32

  • Lekwalo la ga Jeremia le le yang kwa batshwarweng ba Babelona (1-23)

    • Baiseraele ba tla boa morago ga dingwaga di le 70 (10)

  • Molaetsa o o yang kwa go Shemaia (24-32)

29  Ano ke mafoko a lekwalo le moporofeti Jeremia a neng a le romela go tswa kwa Jerusalema le ya kwa bagolwaneng botlhe ba ba nang le batho ba ba isitsweng botshwarwa, kwa baperesiting, kwa baporofeting le kwa bathong botlhe, ba Nebukadenesare a neng a ba tsere kwa Jerusalema a bo a ba isa botshwarwa kwa Babelona,  fa Kgosi Jekonia,+ mohumagadi,+ badiredibagolo ba ntlo ya kgosi, dikgosana tsa Juda le Jerusalema, le badiri ba ba ditswerere le badirakatshipi* ba sena go tswa mo Jerusalema.+  Lekwalo leo o ne a le naya Elasa morwa Shafane+ le Gemaria morwa Hilekia, ba Kgosi Sedekia+ wa Juda a neng a ba romile kwa Babelona kwa go Kgosi Nebukadenesare wa Babelona. Le ne le re:  “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o raya batho botlhe ba ba isitsweng botshwarwa, ba ke dirileng gore ba ye botshwarwa kwa Babelona ba tswa kwa Jerusalema, a re  ‘Agang matlo mme lo nne mo go one. Jalang ditshingwana mme lo je maungo a tsone.  Nyalang mme lo nne le bana ba basimane le ba basetsana; nyadisang bomorwaalona le bomorwadialona, gore le bone ba tle ba nne le bana ba basimane le ba basetsana. Nnang bantsi koo, mme lo se ka lwa fokotsega.  Lekang go tshela ka kagiso mo motseng o ke dirileng gore lo ye botshwarwa kwa go one, e bile lo o rapelele kwa go Jehofa, ka gonne fa motse oo o le mo kagisong le lona lo tla nna le kagiso.+  Gonne seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Lo se ka lwa letla baporofeti ba lona le baitseanape ba lona ba lo tsietsa,+ e bile lo se ka lwa reetsa ditoro tse ba di lorang.  Gonne ‘ba lo porofetela maaka ka leina la me. Ga ke a ba roma,’+ go bua Jehofa.”’” 10  “Gonne Jehofa a re, ‘Fa dingwaga tse 70 di sena go wela lo le kwa Babelona, ke tla lo gopola,+ mme ke tla diragatsa tsholofetso ya me ka go lo busetsa mo lefelong leno.’+ 11  “‘Ke itse sentle se ke lo se batlelang, ke batla go lo naya kagiso e seng masetlapelo,+ e bile ke batla go lo naya bokamoso le tsholofelo,’ go bua Jehofa.+ 12  ‘Mme lo tla mpitsa lo bo lo tla go nthapela, mme ke tla lo reetsa.’+ 13  “‘Lo tla mpatla lo bo lo mpona,+ ka gonne lo tla bo lo mpatla ka pelo yotlhe.+ 14  Mme ke tla dira gore lo mpone,’+ go bua Jehofa. ‘E bile ke tla phutha batshwarwa ba lona ke bo ke lo phutha mmogo go tswa kwa ditšhabeng tsotlhe le kwa mafelong otlhe a ke neng ke lo phatlalaleditse kwa go one,’+ go bua Jehofa. ‘Mme ke tla lo busetsa mo lefelong le ke neng ke dirile gore lo tswe mo go lone lo ye botshwarwa.’+ 15  “Le fa go ntse jalo, lo rile, ‘Jehofa o dirile gore re nne le baporofeti mo Babelona.’ 16  “Gonne Jehofa o raya kgosi e e ntseng mo setulong sa bogosi sa ga Dafide+ le batho botlhe ba ba nnang mo motseng ono, bomorwarraalona ba ba sa yang botshwarwa le lona a re, 17  ‘Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Jaanong ke ba romelela tšhaka, leuba le bolwetse jwa leroborobo,+ mme ke tla ba dira gore ba tshwane le difeige tse di bodileng,* tse di sa siamang gotlhelele mo di ka se kang tsa jewa.”’+ 18  “‘Ke tla ba latelela ka tšhaka,+ ka leuba le ka bolwetse jwa leroborobo, mme ke tla dira gore magosi otlhe a lefatshe a tshoge fa a bona se se ba diragaletseng,+ e bile ke tla dira gore ba hutsiwe, ba gakgamalelwe le go lelediwa molodi,+ le go kgobiwa mo ditšhabeng tsotlhe tse ke ba phatlalaletsang kwa go tsone,+ 19  ka gonne ga ba a reetsa mafoko a me a ke neng ka a ba bolelela ke dirisa batlhanka ba me e bong baporofeti, ke ba roma gangwe le gape,’* go bua Jehofa.+ “‘Mme ga lo a reetsa,’+ go bua Jehofa. 20  “Ka jalo, utlwang se Jehofa a se buang, lona lotlhe ba lo isitsweng botshwarwa, ba ke lo ntshitseng kwa Jerusalema mme ka lo isa kwa Babelona. 21  Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a buang gore se tla diragalela Ahabe morwa Kolaia le Sedekia morwa Maaseia, ba ba lo porofetelang maaka ka leina la me,+ ‘Jaanong ke ba tsenya mo seatleng sa ga Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona, mme o tla ba bolaya fa pele ga matlho a lona. 22  Mme se se ba diragalelang se tla fetoga phutso e e buiwang ke batshwarwa ba Juda ba ba kwa Babelona, ba re: “E kete Jehofa a ka go dira fela jaaka Sedekia le Ahabe, ba kgosi ya Babelona e neng ya ba besa mo molelong!” 23  ka gonne ba dirile matlhabisaditlhong mo Iseraele,+ ba dira boaka le basadi ba baagelani ba bone e bile ba bua mafoko a maaka a ke sa ba a laelang ba dirisa leina la me.+ “‘“Ke Nna ke itseng e bile ke mosupi,”+ go bua Jehofa.’” 24  “Mme o reye Shemaia+ wa kwa Nehelame o re, 25  ‘Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “E re ka o rometse makwalo ka leina la gago kwa bathong botlhe ba ba mo Jerusalema, kwa go moperesiti Sefania+ morwa Maaseia, le kwa baperesiting botlhe, o re, 26  ‘Jehofa o go dirile moperesiti mo boemong jwa ga moperesiti Jehoiada gore o nne molebedi mo ntlong ya ga Jehofa, gore o tshware motho ope fela yo o tsenwang yo o itirang moporofeti o bo o mo tsenya mo dikoteng tsa go golega le mo segolegong sa thamo le mabogo;*+ 27  jaanong, ke ka ntlha yang fa o sa kgalemela Jeremia wa kwa Anathothe,+ yo o itirang moporofeti wa lona?+ 28  Gonne o ile a romela molaetsa kwa go rona kwa Babelona, a re: “Lo tla nna kwa botshwarwa lobaka lo loleele! Agang matlo mme lo nne mo go one. Jalang ditshingwana mme lo je maungo a tsone,+ . . .”’”’” 29  Fa moperesiti Sefania+ a ntse a balela moporofeti Jeremia lekwalo leno, 30  Jehofa o ne a raya Jeremia a re: 31  “Romela molaetsa kwa bathong botlhe ba ba isitsweng botshwarwa, o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang ka ga Shemaia wa kwa Nehelame: “E re ka Shemaia a lo porofetetse, mme gone ke sa mo roma, e bile a lekile go dira gore lo ikanye maaka,+ 32  ke gone ka moo Jehofa a reng, ‘Jaanong ke otlhaya Shemaia wa kwa Nehelame le ditlogolwana tsa gagwe. Ga go na motho ope wa lelapa la gagwe yo o tla falolang mo bathong bano, e bile ga a kitla a bona dilo tse di molemo tse ke tla di direlang batho ba me,’ go bua Jehofa, ‘ka gonne o tlhotlheleditse batho gore ba tlhanogele Jehofa.’”’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “baagi ba dithako tsa phemelo.”
Kgotsa gongwe “phatlogileng.”
Seheb., “ke tsoga go sa le phakela ke bo ke roma.”
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Kgotsa “mo ditshiping tse di tsenyang molala.”