Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | KATLEGO YA MMATOTA KE ENG?

Kafa o ka Bonang Katlego ya Mmatota ka Gone

Kafa o ka Bonang Katlego ya Mmatota ka Gone

Baebele e re kgothaletsa go leba katlego ka tsela e e siameng. Ga e rute gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba ka kgonang go atlega. E bile ga e tshegetse kgopolo ya gore ‘fa o dira se pelo ya gago e se batlang’ sengwe le sengwe se o se eletsang se tla diragala. Kgopolo eno—e gantsi e rutiwang batho go tswa bonnyeng—e ka felela ka gore ba kgobege marapo.

Boammaaruri ke gore mongwe le mongwe a ka kgona go atlega ka tsela ya mmatota—mme ga go itlele fela. Ela tlhoko melaometheo e e latelang.

  • SE BAEBELE E SE BUANG:

    “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.”—Moreri 5:10.

    SE E SE KAYANG. Botshelo jwa manobonobo ga bo lere kgotsofalo. Go na le moo, bo dira se se farologaneng. Dr. Jean M. Twenge o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Generation Me: “Batho ba gantsi boitumelo jwa bone bo ikaegileng ka madi, ba ka felela ba tshwenyegile thata e bile ba gateletswe mo maikutlong go feta batho ba ba itumelelang go nna le dikamano tse di molemo le ba bangwe.” O oketsa ka go re: “Gantsi dipatlisiso di bontsha gore madi ga a lere boitumelo—fa o sena go nna le dilo tse o di tlhokang, o lemoga gore lotseno ga lo ka ke lwa dira gore o kgotsofale mo botshelong.”

    SE O KA SE DIRANG. Ipeele mokgele wa go fitlhelela sengwe se se mosola go feta dikhumo. Jesu o ne a re: “Itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—Luke 12:15.

  •  SE BAEBELE E SE BUANG:

    “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.”—Diane 16:18.

    SE E SE KAYANG. Boikgodiso le mabela di ka se dire gore o atlege ka tsela ya mmatota. Tota e bile, buka ya Good to Great e bontsha gore borrakgwebo ba ba atlegileng “ba ikokobeditse e bile ga ba itlotlomatse. Go farologana le seo, dikhampani di le pedi mo go tse tharo tse baeteledipele ba tsone ba ratang maemo ga di atlege kgotsa ga di fitlhelele se tota di neng di ka kgona go se dira.” Re ithutang? Go ipatlela maemo go ka felela ka gore o palelwe go na le gore o atlege.

    SE O KA SE DIRANG. Go na le go ipatlela maemo, lwela go nna boikokobetso. Baebele ya re: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe”—tota ga a atlega!—Bagalatia 6:3.

  •  SE BAEBELE E SE BUANG:

    “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a . . . bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.”Moreri 2:24.

    SE E SE KAYANG. Fa o dira ka natla, o tla itumelela tiro ya gago fela thata. Dr. Madeline Levine o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Teach Your Children Well: “Gore o atlege go dira sengwe o tshwanetse go kgona go se dira sentle, mme gore o se dire sentle o tshwanetse go dira maiteko o sa kgaotse.” Seo se akaretsa go ikemisetsa go tswelela le fa o lebana le dikgoreletsi.

    SE O KA SE DIRANG. Lwela go nna setswerere mo tirong ya gago, mme o se ka wa ineela fa o lebana le dikgoreletsi. Fa o na le bana, ba letle (go ya ka dingwaga le bokgoni jwa bone) go itharabololela mathata. O se ka wa itlhaganelela go rarabolola mathata a bone otlhe. Basha ba a kgotsofala—e bile ba nna le bokgoni jo ba tla bo tlhokang fa ba godile—fa ba kgona go itshokela mathata.

  • SE BAEBELE E SE BUANG:

    “Ntša e e tshelang e botoka go na le tau e e suleng.”—Moreri 9:4.

    SE E SE KAYANG. Fa o bereka, tiro ya gago ga e a tshwanela go nna selo sa konokono mo botshelong. A tota o ka re o atlegile fa o bereketse ruri mme seo se koafatsa botsogo jwa gago kgotsa kamano e e molemo le lelapa la gago? Batho ba ba atlegileng ka tsela ya mmatota ba lwela go nna tekatekano fa go tliwa mo dikgannyeng tsa tiro, botsogo le lelapa.

    SE O KA SE DIRANG. Itlhokomele. Ikhutse sentle. Ga go thuse sepe gore o nne o bereketse ruri o itlhokomolosa sengwe le sengwe—botsogo, lelapa le ditsala—gore fela o nne le katlego e e seng yone.

  • SE BAEBELE E SE BUANG:

    “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

    SE E SE KAYANG. Go ithuta Baebele le go dirisa melaometheo ya yone ke gone go ka dirang gore o atlege ka tsela ya mmatota. Tota e bile, Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione ba lemogile gore go baya dilo tsa semoya kwa pele mo matshelong a bone go dira gore ba se ka ba tlhobaela thata ka dilo tse di bonalang.—Mathaio 6:31-33.

    SE O KA SE DIRANG. Ithute kafa Baebele e ka go thusang go bona katlego ya mmatota ka gone. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o tsene mo Web site ya rona ya www.jw.org/tn.