Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se se Nngoketseng mo Basuping ba ga Jehofa

Se se Nngoketseng mo Basuping ba ga Jehofa

Se se Nngoketseng mo Basuping ba ga Jehofa

JAAKA GO BOLETSE TOMÁS OROSCO

Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke ile kwa dipokanong tsa Basupi kwa Holong ya bone ya Bogosi, mosimanyana mongwe o ne a neela puo. Le fa a ne a sa kgone go bona ka kwa ga setlhomo sa sebui, tsela e a neng a eme ka yone le bokgoni jwa gagwe bo ne bo gakgamatsa. Ke ne ke kgatlhegile tota.

KE NE ke kgona go bona gore bareetsi ba reeditse ka tlhoafalo. E re ka nkile ka nna modipolomata wa sesole sa Bolivia kwa United States, e bile ke nnile mookamedi wa masole le mothusi wa poresidente, mme ke ne ke tlwaetse go tlotliwa. Mme tlotlo e ngwana yono a neng a e newa e ne ya dira gore ke sekaseke gape mekgele ya me mo botshelong.

Rre o ne a tlhokafala mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1930, mo Ntweng ya Chaco, e e neng e le fa gare ga Paraguay le Bolivia. Ka bonako morago ga foo, ke ne ka romelwa kwa sekolong sa Katoliki se se nang le marobalo. Ka dingwaga di le dintsi, ke ne ke nna teng kwa Mmiseng ya letsatsi le letsatsi, mo re neng re opela difela, re reetsa katekesima le go boeletsa dithapelo tse re di ithutileng ka tlhogo. Ka ba ka nna mosimane yo o thusang mo aletareng ka bo ka opela mo khwaereng. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga ke ise ke ko ke bale Baebele; tota e bile, ke ne ke ise ke ko ke e bone.

Ke ne ke itumelela malatsi a bodumedi a a boitshepo ka gonne a ne a tshwana thata le phathi mme ke ne ke rata phetogo. Mme baruti le ba bangwe ba ba neng ba ruta bodumedi ba ne ba le setlhogo. Go na le gore ba nngoke seo se ne sa dira gore ke ba katoge. Ke ne ke ikutlwa gore ga ke tlhole ke batla go amana ka gope le bodumedi.

Ke ne Ka Ngokiwa ke Thulaganyo ya Sesole

Ka letsatsi lengwe le maemo a bosa a neng a le monate ka lone, masole mangwe a mabedi a masha a a neng a apere sentle a ne a tla kwa motseselegaeng wa gaetsho wa Tarija. Ba ne ba le mo malatsing a boikhutso ba tswa kwa La Paz, kwa motsemogolong wa Bolivia. Ba ne ba ralala borekisetso jo bogolo ka iketlo le ka seriti. Ke ne ka kgatlhiwa ke tebego ya bone e e tlotlegang, bophepa jwa bone le seriti sa bone. Ba ne ba apere diaparo tsa sesole tsa mmala o botala, e bile ba rwele le dihutshe tsa teng tse di nang le moribego o o phatsimang. Gone fela foo, ke ne ka swetsa ka gore ke tla nna lesole. Ke ne ke akanya gore ba tshwanetse ba bo ba na le maitemogelo a mantsi e bile ba dirile ditiro tse dintsi tse di tlotlegang.

Ka 1949, fa ke ne ke le dingwaga di le 16, ke ne ka amogelwa kwa kholetšheng ya sesole ya kwa Bolivia. Nkgonne o ne a ema le nna mo moleng o moleele wa makawana o o neng o fitlha kwa hekeng ya bonno jwa masole. O ne a nkitsise mo go lefotenente, mme a kopa gore a ntlhokomele sentle. Morago ga foo, a bua bontle ka nna. Fa a tsamaya, ke ne ka fiwa tumediso e e tlwaelegileng ya masole a masha. Ke ne ka digelwa fa fatshe mme ka bolelelwa gore, “Ke rona re tla swetsang gore ke mang yo o tshwanetseng go bakiwa fano!” Ke kafa ke neng ka ithuta tsela ya go tlhamaladiwa ya sesole le go tshosediwa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka kgona go lebana le seemo seo le fa gone ke ne ke ikutlwa ke nyenyefadiwa.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka ithuta go lwa le go nna lesole le le tlotlegang. Ka go iponela ka matlho, ke ne ka lemoga gore tebego e e phepa le e e nang le seriti ya masole e ka tsietsa.

Go Fitlhelela Maemo a a Kwa Godimo

Mo tshimologong ya tiro ya me, ke ne ka thapisiwa mo sekepeng sa ntwa sa Sesole sa Lewatle sa Argentine e leng General Belgrano, se se neng se kgona go rwala batho ba ba fetang sekete. Pele ga Ntwa ya Lefatshe II, se ne sa simolola go dirisiwa kwa United States e le USS Phoenix mme moragonyana sa falola tlhaselo ya Bajapane kwa Pearl Harbor, kwa Hawaii, ka 1941.

Kgabagare ke ne ka tlhatlosiwa maemo mme ka nna mothusi wa molaodi mo Sesoleng sa Lewatle sa Bolivia, se se sireletsang metsi a a bopang melelwane ya Bolivia. Metsi ano a ne a akaretsa dinoka tsa Amazon Basin, mmogo le letsha le legolo go gaisa mo lefatsheng le dikepe di tsamayang mo go lone e leng Lake Titicaca.

Ka yone nako eo, ka May 1980, ke ne ka tlhophiwa go tsamaya le masole a a neng a romiwa go ya go nna badipolomate kwa Washington, D.C., motsemogolo wa United States. Go ne ga tlhophiwa lesole la maemo a a kwa godimo mo karolong nngwe le nngwe ya sesole, mo go ba ba tsamayang ka maoto, ka difofane le ba lewatle—mme nna ke ne ka fiwa tiro ya go okamela setlhopha seno ka ntlha ya dingwaga tsa me mo sesoleng. Ke ne ka nna kwa United States mo e ka nnang ka dingwaga di le pedi mme moragonyana ka nna mothusi wa poresidente ya Bolivia.

E re ka ke ne ke le molaodi wa sesole, ke ne ke patelesega go ya kerekeng Sontaga mongwe le mongwe. Go nna le seabe ga kereke ya sesole le ga baruti mo diphetogong tsa sepolotiki le mo dintweng go ne ga dira gore bodumedi bo nkgobe marapo. Ke ne ke itse gore go tshegetsa tshololo ya madi ga dikereke go ne go sa siama. Le fa go ntse jalo, go na le gore boitimokanyi jo bo ntseng jalo bo dire gore ke tlogele bodumedi, bo ne jwa ntlhotlheletsa go batla boammaaruri. Ke ne ke ise ke ko ke bale Baebele, ka jalo, ke ne ka simolola go nna ke e tsaya le go bala ditemana gongwe le gongwe fela mo go yone.

Thulaganyo Kwa Holong ya Bogosi

Ke ne ka gakgamala fa mosadi wa me, e bong Manuela a simolola go ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, morongwa mongwe yo o bidiwang Janet. Moragonyana Manuela o ne a simolola go ya kwa dipokanong kwa lefelong la bone la kobamelo, kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ke se na mathata le go mo isa teng, mme ke ne ke sa batle go tsena. Ke ne ke tsaya gore dipokano di tla bo di le modumo e bile di tsosa maikutlo a batho.

Ka letsatsi lengwe Manuela o ne a mpotsa gore a ke tla dumela go etelwa ke monna wa ga Janet. Kwa tshimologong ke ne ka gana kakantsho eo. Mme moragonyana ke ne ka akanya gore ka thapiso ya me yotlhe ya bodumedi, nka kgona go ganetsa sengwe le sengwe se a tla se buang. Fa ke kopana le Ian ka lekgetlo la ntlha, ke ne ka kgatlhiwa thata ke tsela e a neng a itshwara ka yone—e seng se a neng a se bua. Ga a ka a leka go ntlhabisa ditlhong ka thapiso ya gagwe le kitso ya gagwe ya Baebele. Go na le moo, o ne a le pelonomi e bile a bontsha tlotlo.

Mo bekeng e e latelang, ke ne ka swetsa go ya Holong ya Bogosi, koo jaaka ke umakile kwa tshimologong ya setlhogo seno, ke neng ka utlwa mosimanyana a bua. Fa ke ntse ke mo reeditse fa a ntse a bala le go tlhalosa ditemana go tswa mo bukeng ya Baebele ya Isaia, ke ne ke itse gore ke bone phuthego e e tlhomologileng. Go a gakgamatsa gore fa ke ne ke le mosha ke ne ke batla go nna lesole le le tlotlegang, le fa go ntse jalo, gone jaanong ke ne ke batla go nna jaaka mosimanyana yole mme ke rute batho ka Baebele. Go ne go ntse jaaka e kete ka bonako fela pelo ya me e ne ya nolofala mme ya kgona go amogela megopolo e mesha.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka kgatlhiwa gape ke tsela e Basupi ba tshwarang nako ka yone le tsela e e lorato e ka metlha ba neng ba ntumedisa ka yone le go dira gore ke ikutlwe ke amogelesegile. Moaparo wa bone o o phepa le o o bothakga le one o ne o nkgatlha. Se ke neng ke se rata thata e ne e le tsela e dipokano di neng di na le thulaganyo e ntle ka yone—fa go ne go rulagantswe puo e e rileng, ke sone se ke neng ke tla se utlwa ka letsatsi leo. Ke ne ke kgona go lemoga gore e ne e le thapiso e e theilweng mo loratong e seng ya go gatelelwa.

Morago ga go nna teng kwa pokanong ya me ya ntlha, ke ne ka dumela go ithuta Baebele le Ian. Re ne ra dirisa buka ya setlhogo se se reng O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise go re thusa mo thutong ya rona. * Ke sa ntse ke gakologelwa kgaolo ya boraro e e neng e na le setshwantsho se mo go sone bishopo a neng a segofatsa masole pele ga ntwa. Ke ne ke sa belaele boammaaruri jwa yone ka tsela epe ka gonne ke iponetse seo ka matlho. Ke ne ka ikamogelela buka ya Go Fetolana ka Dikwalo kwa Holong ya Bogosi. Fa ke utlwa se Baebele e se bolelang malebana le boitlhaodi, ke ne ka itse gore ke tlhoka go dira diphetogo. Ke ne ka swetsa gore ke se ka ka tlhola ke boela kwa Kerekeng ya Katoliki, mme ka simolola go nna teng ka metlha kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Mme gape ke ne ka dira dithulaganyo tsa go tlogela tiro ya bosole.

Kgatelopele Ya go Ya Kolobetsong

Morago ga dibeke di le mmalwa, ke ne ka utlwa gore phuthego e tla bo e phepafatsa holo e e tla dirisediwang kopano e e tlang ya kgaolo. Ke ne ke itumeletse go nna teng mme ke ne ka ya go thusa go phepafatsa. Ke ne ke bereka le ba bangwe, ke itumelela tiro le botsalano. Fa ke ntse ke feela fa fatshe, lekawana lengwe le ne la tla mo go nna mme la mpotsa gore a ke mookamedi wa sesole.

Ke ne ka araba ka go re “Ee.”

O ne a bua jaana a gakgametse: “Ga ke dumele se ke se bonang!” “Mookamedi wa sesole a feela!” Lesole la maemo a a kwa godimo le ka motlha le ne le ka se sele pampitshana mme go feela gone o ne a ka se go dire gotlhelele. Monna yoo e ne e le mokgweetsi wa me mo bosoleng mme gone jaanong e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!

Tirisanommogo e e Theilweng mo Loratong

Thulaganyo ya sesole e ne e theilwe mo kgannyeng ya go tlotla maemo a motho, e leng selo se se neng se nweleletse mo mading a me. Ka sekai, ke gakologelwa ke botsa gore, a Basupi bangwe ba ga Jehofa ba kwa godimo ga ba bangwe ka ntlha ya maikarabelo a bone kgotsa ka ntlha ya ditiro tsa bone. Tsela e ke neng ke leba maemo ka yone e ne e nweleletse thata mo mading a me mme go ise go ye kae seo se ne se tla fetoga thata.

Mo e ka nnang ka yone nako eo—ka 1989—ke ne ka utlwa gore go ne go rulagantswe gore leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa New York le tla etela Bolivia le go neela puo mo setadiamong. Ke ne ke lebeletse pele go bona kafa “motho wa maemo a a kwa godimo” wa mokgatlho ono a tla tshwarwang ka teng. Ke ne ke akanya gore motho yo o nang le maikarabelo a a ntseng jalo o tla bontshiwa tlotlo e kgolo go supa gore o botlhokwa thata.

Fa pokano e simologa, go ne go se na bosupi bope jwa gore go na le mongwe yo o kgethegileng yo o gorogileng mme ke ne ka simolola go gakgamala. Go ne ga diragala gore mo thoko ga me le Manuela go bo go dutse banyalani ba ba setseng ba godile. Manuela o ne a lemoga gore mosadi o ne a tshwere buka ya dipina ya Seesemane, ka jalo, ka nako ya boikhutso, Manuela o ne a simolola go tlotla le mosadi yoo. Mme morago ga foo banyalani bao ba ne ba tsamaya.

A bo re ne ra gakgamala jang ne fa moragonyana monna wa mosadi yoo a ne a ya kwa seraleng mme a neela puo ya konokono! Ka nako eo, mo mogopolong wa me, sengwe le sengwe se ke neng ke se ithutile kwa bosoleng malebana le maemo, tlotlo le maatla se ne sa fetoga. Moragonyana ke ne ka re: “Akanya fela, mokaulengwe yo o neng a dutse le rona mo ditulong tse di kokonelang tseo tsa setadiamo e ne e le leloko la Setlhopha se se Laolang!”

Gone jaanong ke nna ke nyenya gangwe le gape fa ke akanya ka makgetlo a le mantsi a ka one Ian a neng a leka go nthusa go tlhaloganya mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 23:8 a a reng: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.”

Go Rera ka Lekgetlo la Ntlha

Fa ke fetsa go diragatsa maitlamo a me kwa bosoleng, Ian o ne a ntaletsa go nna le seabe le ene mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. (Ditiro 20:20) Lefelo le re neng ra ya kwa go lone e ne e le le ke neng ke solofetse go tila go ya kwa go lone—le ne le na le matlo a mantsi a masole. Mojenerale mongwe yo ke neng ke sa batle go mmona tota, e ne ya nna ene a bulang kgoro. Ke ne ke tshogile e bile ke tshaba segolobogolo fa a ne a lebelela beke ya me ya dibuka le Baebele mme a bo a botsa jaana ka lenyatso, “Go diragetse eng ka wena?”

Morago ga go rapela ka bonako, ke ne ka ikutlwa ke itshepa e bile ke ritibetse. Mojenerale o ne a reetsa se ke se bolelang mme a bo a amogela dikgatiso dingwe tsa Baebele. Maitemogelo ao a ne a nkgothatsa gore ke ineele mo go Jehofa. Ke ne ka bontsha boineelo jwa me ka go kolobediwa mo metsing ka January 3, 1990.

Fa nako e ntse e tsamaya, mosadi wa me, morwaake le morwadiake le bone ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong ke mogolwane mo phuthegong e bile ke moreri wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Tshiamelo e e botlhokwa thata e ke nnang le yone ke go itse Jehofa le go bo ene a nkitse. Seno se feta maemo ape fela a motho a ka nnang le one. Ee ruri, gore dilo di dirwe ka thulaganyo ga go tlhokege gore batho ba tshwarwe makgwakgwa go na le moo ba tshwanetse go tshwarwa ka lorato le go bontsha go amega ka bone. Jehofa ke Modimo wa thulaganyo, mme se se botlhokwa le go feta, ke Modimo yo o lorato.—1 Bakorintha 14:33, 40; 1 Johane 4:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 21 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e le teng.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke na le nkgonne e bong Renato, ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke le kwa kokoanong nngwe le masole a mangwe a a tswang kwa China le kwa dinageng tse dingwe