Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tla Direga Eng ka Tiro ya Bongaka?

Go Tla Direga Eng ka Tiro ya Bongaka?

Go Tla Direga Eng ka Tiro ya Bongaka?

GO BOTSA ka isagwe ya dingaka gantsi go dira gore go buiwe ka kgatelopele ya boranyane mme go lebiwe gore a e tla dira gore dingaka di se ka tsa tlhola di dira ditiro tse di tlwaelegileng fela, gore di fetse nako e ntsi le balwetse. Gone mme, isagwe ya dingaka e amana thata le kgangkgolo ya isagwe ya batho botlhe. Dibuka tse pedi tsa Baebele tse di nayang tshedimosetso malebana le isagwe eo di bua ka hisitori ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Dibuka tseno ka bobedi jwa tsone di kwadilwe ke ngaka.

Ke ka ntlha yang fa go kgatlha thata go utlwa kgopolo ya ngaka malebana le ditiragalo tseo tsa nako e e fetileng? Ditiragalo tseo di amana jang le isagwe ya dingaka le ya balwetse? Ke ka ntlha yang fa dingaka dingwe di lebeletse pele kwa nakong ya fa tiro ya tsone e tla bo e sa tlhole e tlhokega?

Dingaka di le dintsi ke batho ba ba kelotlhoko. Luke, yo o neng a bidiwa “ngaka e e rategang,” e ne e le mokwadi wa dibuka tseo tse pedi tsa Baebele mme o ne a kwala dintlha ka botlalo malebana le bangwe ba batho ba ba neng ba lwala ba Jesu le baaposetoloi ba neng ba ba fodisa. (Bakolosa 4:14) Ka jalo, Luke o re thusa go akanya ka dipotso tseno: A tota dilo tseo di ne tsa direga? Mme fa e le gore go ntse jalo, seno se kaya eng ka dingaka le balwetse gompieno?

Go Sekaseka Bosupi Jwa Tsa Kalafi

Luke o ne a na le sebaka sa go tlhomamisa gore a diphodiso tseo e ne e le tsa kgakgamatso ka go botsolotsa batho ba ba di boneng. Mo godimo ga moo, o ne a tsamaya thata le moaposetoloi Paulo. Go bonala Luke a ne a le teng fa Paulo a ne a fodisa batho ba le bantsi ka kgakgamatso. Fa re ntse re sekaseka dipego tse di kwadilweng ke ngaka eno tsa diphodiso tse pedi tse di ntseng jalo, ela tlhoko kafa a tlhalosang dintlha ka botlalo ka teng.

Luke o re bolelela nako, letlha le lefelo la tiragalo e e latelang: E ne e le bosigogare mo letsatsing la ntlha la beke, mme setlhopha sa Bakeresete se ne se le mo phaposing ya letlhatlaganyane la boraro kwa Teroase, kwa porofenseng ya Roma kwa Asia. (Ditiro 20:4-8) Re bala dintlha tseno: “Lekau lengwe . . . la tshwarwa ke boroko jo bogolo fa Paulo ene a ntse a bua, mme, ka le gatelelwa ke boroko, la wela kwa tlase go tswa letlhatlaganyaneng la boraro mme la selwa le sule.” Go tswa foo, Paulo o ne a fodisa dikgobalo tsa lekawana leno ka maatla a Modimo a bo a le tsosa. Fa ba sena go ja, ba ne “ba tsaya mosimane ba tsamaya ka ene a tshela mme ba gomotsega fela thata.”—Ditiro 20:9-12.

Luke o bega gore gape o ne a na le Paulo kwa Maleta. Ba ne ba amogelwa le go tsholwa sentle ke Pubelio, “monna yo mogolo” mo setlhaketlhakeng seno, fa Paulo a ne a dira kgakgamatso e nngwe. E ne e le ya monna mongwe yo bolwetse jwa gagwe bo neng bo ka mmolaya ka gonne go ne go se na melemo e e bolayang dibaketeria e e leng teng gompieno. Luke a re: “Rraagwe Pubelio a bo a letse fa fatshe a tshwenngwa ke letshoroma le letshololo, Paulo a tsena kwa go ene mme a rapela, a mmaya diatla a mo fodisa. Fa seno se sena go diragala, batho ba bangwe botlhe mo setlhaketlhakeng seno ba ba neng ba na le dipobolo le bone ba simolola go tla kwa go ene mme ba alafiwa.”—Ditiro 28:7-9.

Ke Eng se se Neng sa Tlhatswa Ngaka Pelo?

Luke o kwadile dipego tseno mo bukeng ya Ditiro ka nako ya fa batho ba ba neng ba di bala ba neng ba sa ntse ba ka tlhomamisa dintlha tsa tsone ka go bua le batho ba ba neng ba amega mo ditiragalong tseo. Luke o ne a kwala jaana malebana le se a se kwadileng mo bukeng ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe: “Ke latedisitse dilo tsotlhe ka tlhomamo . . . gore o tle o itse ka botlalo go tlhomama ga dilo.” (Luke 1:3, 4) Dilo tse ngaka eno e di boneng le go dira dipatlisiso ka tsone di ne tsa dira gore a dumele a sa belaele gore se Jesu a neng a se ruta e ne e le boammaaruri. Go fodisiwa ga batho ka kgakgamatso e ne e le karolo ya dithuto tseo, go ne go naya batho lebaka la go dumela boporofeti jwa Baebele jwa gore kgabagare Modimo o tla fedisa bolwetse. (Isaia 35:5, 6) E re ka Luke e ne e le ngaka e e neng e tlwaetse go dirisana le batho ba ba lwalang, o tshwanetse a bo a ile a fitlhela go itumedisa thata go akanya ka nako ya fa tiro ya gagwe e tla bong e sa tlhole e tlhokega ka yone. A o fitlhela go itumedisa go nna le tsholofelo e e ntseng jalo?

Se se itumedisang ke gore seo ke sone se se tlileng go diragalela batho ba ba ratang Modimo le fa ba ka tswa ba nna kae mo lefatsheng. Baebele e solofetsa gore mo Bogosing jwa Modimo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Dingaka di le dintsi tsa segompieno di sweditse ka gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela ditsholofetso tsa Baebele.

‘E ne E Nkgatlha Tota’

Dr. Jon Schiller, yo e leng ngaka kwa Amerika Bokone, a re: “Fela jaaka batho ba le bantsi, ke ne ka ya go ithutela bongaka gore ke thuse batho ba ba lwalang. Tsholofelo ya lefatshe le go se nang bolwetse mo go lone e ne e nkgatlha tota. Ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa fa ke sena go dira khoso nngwe ya kholetšhe e e rutang ka diphetogo tsa dinaga tsa Bophirima. Khoso eo e ne e bontsha gore madumedi ke one a a bakileng mathata a le mantsi, mme go bonala a ne a dirisa Baebele ka boitimokanyi. Ka jalo ke ne ka ipotsa gore, ‘Tota Baebele ya reng?’

“Selo sa ntlha se se neng sa nkgatlha thata fa ke ne ke le kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ke go bona batho ba ba botsalano, ba ba neng ba farologane thata le batho ba bantsi ba ke neng ke ba tlwaetse. Mosupi mongwe o ne a tla kwa go nna, mme a ithaopela go nketela gore a tle go tlotla le nna ka Baebele. Se se neng se nkgatlha ke gore o ne a dirisa Baebele go mpontsha karabo ya potso nngwe le nngwe e ke neng ke e botsa.

“Fa ke ntse ke gola, ke itumela le go feta go bo ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa o simolola tiro ya bongaka o sa ntse o le mmotlana, o solofela go fitlhelela sengwe se se molemo tota. Le fa go ntse jalo, gantsi ke kopana le batho ba ba kgobegileng marapo ba ba nang le boikutlo jwa gore tota ga ba ise ba fitlhelele dilo tse di kalo mo botshelong. Ke akanya gore sengwe sa dilo tse di itumedisang thata ka go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke gore re na le tsholofelo ka isagwe e bile re na le sengwe se re se tshelelang. Le fa re ka tswa re le dingaka, bomakheneke kgotsa batho ba ba phepafatsang, re a itse gore tiro e re e dirang mo tirelong ya Modimo ke ya botlhokwa; re e direla Jehofa. Mme seo se a re kgotsofatsa.”

“Go Dirisa Melaometheo ya Baebele go Ile ga Tokafatsa Botshelo Jwa Lelapa la Rona”

Dr. Krister Renvall ke ngaka kwa Finland, mme ka metlha o itumelela go tlotla le bana. A re: “Ka letsatsi lengwe ke ne ke tlotla le mosetsana mongwe wa dingwaga tse 12 yo o neng a na le kankere e e sa foleng. O ne a nnaya buka ya Kagiso ya Boammaaruri le PolokesegoDi Tswa Motsweding Ofe? * Ke ne ka kgatlhwa thata ke kafa a neng a bua ka teng a na le tumelo le fa a ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng, mme ga ke a ka ka nna le nako ya go bala buka eo. Tota e bile, ka nako eo, ke ne ke tshwaregile thata ke bereka kwa tliliniking nngwe kwa Helsinki, mme seno se ne se ama lelapa la me ka tsela e e sa itumediseng.

“Le fa go ntse jalo, nako nngwe moragonyana, mosadi wa me o ne a ntsha buka eno mo shelofong a bo a simolola go e bala. O ne a tlhatswega pelo ka yone nako eo gore se a neng a se bala ke boammaaruri. Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a mo etela mme a simolola go ithuta Baebele le ene. Kwa tshimologong mosadi wa me o ne a tshaba go mpolelela ka seno. Mme e ne ya re fa a mpolelela ka mo raya ka re, ‘Sengwe le sengwe se se tla thusang lelapa la rona se siame.’ Le nna ke ne ka simolola go ithuta. Go dirisa melaometheo ya Baebele go ile ga tokafatsa botshelo jwa lelapa la rona mme ga dira gore ke lebe botshelo ka tsela e ke neng ke sa bo lebe ka yone pele. Ke ne ka itumelela go utlwa ka tsholofelo ya lefatshe le go se nang bolwetse mo go lone; go ne go utlwala gore Modimo a ka nna le boikaelelo jo bo ntseng jalo ka batho. Go ise go ye kae, nna le mosadi wa me le bana botlhe ba rona re ne ra kolobediwa. Mosetsanyana yole yo o neng a bua le nna kwa tshimologong o ne a tlhokafala, mme totatota tumelo ya gagwe e sa ntse e tshela.”

Dingaka di fitlhela botshelo bo nna bokete le go feta mo dinakong tseno tsa diphetogo, mme ruri matsapa a di a dirang go thusa batho ba ba lwalang a tshwanelwa ke go akgolwa. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae go tlile go nna le diphetogo tse dikgolo go feta tsotlhe tse di kileng tsa ama batho. Gompieno dingaka di le dintsi di letetse ka tsholofelo isagwe e e solofediwang mo Lefokong la Modimo—lefatshe le go se nang bolwetse mo go lone! (Tshenolo 21:1-4) Eno ke kgang e mongwe le mongwe a tshwanetseng go dira patlisiso ka yone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

“KE NE KA LEMOGA GORE GO NA LE SENGWE SE RE SE TSHELELANG”

“Fa ke ntse ke thusa bana ba sekolo ba ba golafetseng, ke ne ka lemoga kafa batsadi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologileng ka teng. Go bonala ba ne ba kgona go lebana botoka le seemo sa go nna le ngwana yo o golafetseng go feta batsadi ba bangwe ba le bone ba neng ba le mo seemong seo. Gape ke ne ka lemoga gore ba ne ba rutegile botoka go feta jaaka motho a ka lebelela fa a akanya ka tiro e ba neng ba e dira. Ke ne ke kgatlhegela tumelo ya bone. Tumelo ya me e ne e batlile e senngwa ke barutisi ba thutotlhagelelo. Le fa go ntse jalo, go ithutela bongaka go ne ga dira gore kgang e e gakgamatsang ya botshelo e nkgatlhe fela thata.

“Ka yone nako eo, ke ne ke simolotse go lemoga gore ke ne ke sa itse tsela ya go godisa banake. Ke tshwanetse go ba thibela go dira eng? Ke tshwanetse go ba kgothaletsa go dira eng? Nka ba naya eng gore ba se tshelele? Nna ka bonna ke ne ke se na sepe se ke se tshelelang. Ke ne ka ba ka rapelela thuso.

“E ne ya nna ka nako eno fa Basupi ba ga Jehofa ba ntlisetsa makasine mongwe o o neng o bua ka tsela ya go otlhaya le go kgalemela bana ka lorato. Ke ne ka fitlhela melaometheo ya Baebele e makasine ono o neng o e tlhalosa e thusa tota, ka jalo ke ne ka dumela gore ba ithute Baebele le nna. Fa ke utlwa lebaka la go bo Jehofa a ile a dira gore botshelo bo nne gone le la gore Jesu a swe, ke ne ka lemoga gore go na le sengwe se re se tshelelang. (Johane 3:16; Baroma 5:12, 18, 19) Thutotlhagelelo e ne e sokamisitse tsela ya me ya go akanya. A bo ke ne ka ikutlwa ke ritibetse maikutlo jang ne fa ke utlwa gore kwa tshimologong Modimo o ne a sa ikaelela gore go nne le bolwetse le loso! Gompieno ke ntse ke bona kgotsofalo ya mmatota ka go ruta batho ba ba peloephepa kafa Modimo a tla tlogang a fedisa malwetse otlhe ka teng.”

[Ditshwantsho]

Helena Bouwhuis e ne e le ngaka ya bana ba sekolo kwa Netherlands

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Luke, yo e leng ngaka le mokwadi wa Baebele, o ne a tsamaya le Paulo fa moaposetoloi yono a ne a fodisa rraagwe Pubelio le go tsosa Yutiko

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Dr. Jon Schiller, wa kwa United States

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Dr. Krister Renvall, wa kwa Finland