Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Rutilwe go Rata Modimo go Tswa Bongwaneng

Ke Rutilwe go Rata Modimo go Tswa Bongwaneng

 Ke Rutilwe go Rata Modimo go Tswa Bongwaneng

JAAKA GO BOLETSE ANATOLY MELNIK

Ba le bantsi ba mpitsa Rremogolo fela. Lefoko leo le nkama maikutlo thata ka gonne le nkgopotsa rremogolo wa me, yo ke neng ke mo rata thata le yo ke tshwanetseng go mo leboga thata. Mma ke go bolelele ka ene le gore ene le Mmèmogolo ba ile ba nna le seabe se segolo jang mo matshelong a ba lelapa la bone, le mo bathong ba bangwe ba bantsintsi.

KE TSHOLETSWE kwa motseng wa Hlina, kwa bokone jwa se gompieno se itsegeng e le Moldova. * Mo dingwageng tsa bo1920, badiredi ba ba etang ba ne ba tswa ka kwa ga molelwane wa Romania mme ba tla mo kgaolong ya rona e ntle e e dithaba. Batsadi ba ga mmè ba ne ba tsibogela dikgang tse di molemo ka bonako tse ba neng ba di utlwa go tswa mo Baebeleng. Ka 1927, ba ne ba nna Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Ka nako ya fa Ntwa ya Lefatshe II e simolola ka 1939, go ne go setse go na le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa mo motsaneng wa rona.

Ka 1936, ngwaga o ke neng ka tsholwa ka one, ba losika la gaetsho botlhe e ne e le Basupi ba ga Jehofa kwantle ga rre yo o neng a sa ntse a tsena Kereke ya Orthodox. Ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi, o ne a simolola go akanya ka boikaelelo jwa botshelo mme kgabagare a ineela mo Mmoping wa rona, e bong Jehofa Modimo, a kolobediwa mo metsing. Rremogolo o ne a thusa thata gore lelapa la gaetsho le gole semoyeng. O ne a rata Baebele thata e bile o ne a itse ditemana di le dintsi ka tlhogo. O ne a kgona go dira gore motlotlo mongwe le mongwe o a nnang le one e nne o o buang ka Baebele.

Gantsi ke ne ke a tle ke nne mo seropeng sa ga Rremogolo ke reetsa fa a ntse a re tlotlela dikgang tsa Baebele. O ne a dira gore ke rate Modimo. Ke mo leboga thata ka seo! Fa ke ne ke le dingwaga di le robedi, ke ne ka ya go rera le Rremogolo e le lekgetlho la ntlha. Ka go dirisa Baebele, re ne ra bontsha baagi ba motse wa rona gore Jehofa ke mang le gore re ka mo atamela jang.

Go Gatelelwa ke Bakomonisi

Ka 1947, ka ntlha ya tlhotlheletso ya melao ya puso ya Bokomonisi le ya Kereke ya Orthodox, balaodi ba ne ba simolola go bogisa Basupi ba ga Jehofa kwa Moldova. Mapodisi a moragonyana go neng ga twe ke mapodisi a KGB le mapodisi a mangwe mo motseng a ne a tla kwa lelapeng la gaetsho mme ba re botsa gore ke bomang ba ba eteletseng pele mo tirong ya rona ya go rera, dikgatiso tsa rona di tswa kae  le gore re kopanela kae. Ba ne ba bolela gore ba tla emisa ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa, ba ba neng ba re ba “kgoreletsa Bokomonisi go gola mo nageng.”

Ka nako eno, Rre, yo e neng e le monna yo o rutegileng, le ene o ne a simolotse go rata boammaaruri jwa Baebele thata. Fa ene le Rremogolo ba botsolodiwa ba ne ba kgona go araba dipotso ka tsela e e sa direng gore ba oke bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Boobabedi ba ne ba le pelokgale e bile e le banna ba ba lorato ba ba neng ba amega ka boitekanelo jwa badumedi ka bone. Jaaka bone, Mmè ka metlha o ne a nna a ritibetse.

Ka 1948, Rre o ne a isiwa botshwarwa. Ga re ise re ko re bolelelwe gore o ne a latofadiwa ka eng. O ne a atlholelwa dingwaga di le supa mo kgolegelong e maemo a yone a tshireletso a neng a gagametse thata mme a bo a isiwa botshwarwa ka dingwaga tse dingwe gape di le pedi. Kgabagare, o ne a romelwa kwa kgaolong ya Magadan kwa borwabotlhaba jo bo kgakala jwa Russia, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 7 000 go tswa kwa gae. Ga re a ka ra bonana ka dingwaga di le robongwe. Go ne go le thata go tshela kwantle ga rre, mme Rremogolo o ne a nkema nokeng tota.

Go Isiwa Botshwarwa

Mo bosigong jwa June 6, 1949, masole a mabedi le modiredimogolo ba ne ba tsena ka dikgoka mo lelapeng la gaetsho. Ba ne ba re naya diura di le pedi fela go phutaphuta mme re tswe mo ntlong le go tsena mo koloing ya bone. Ga re a ka ra tlhalosediwa sepe gape. Ba ne ba re bolelela fela gore re isiwa botshwarwa mme re ka se tlhole re boa. Ka jalo, nna, Mmè, Rremogolo, Mmèmogolo le badumedi ka rona re ne ra romelwa kwa Siberia. Ke ne ke le dingwaga di le 13 fela. Morago ga dibeke di se kae, re ne ra iphitlhela re le mo sekgweng se se kitlaneng le se se bongola. A bo go ne go farologane jang ne le tikologo e ke tswang kwa go yone, e ke neng ke e rata thata! Ka dinako tse dingwe re ne re lela. Le fa go ntse jalo, re ne re tlhatswegile pelo gore Jehofa le ka motlha a ka se ka a re latlha.

Motsana o re neng ra isiwa kwa go one o ne o na le matlonyana a le lesome a a agilweng ka logong. Basupi ba bangwe ba ne ba isiwa kwa metseng e mengwe ya dikgwa tseo tse di kitlaneng. Balaodi ba ne ba bolelela batho gore Basupi ba ja nama ya batho e le fela go ba tshosa le go dira gore ba re tlhoe. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, batho ba ne ba lemoga gore ba ne ba bua maaka le gore ga ba tlhoke go re tshaba.

Mo dikgweding tsa ntlha tse pedi fa re sena go fitlha, re ne ra nna mo ntlwaneng ya bogologolo. Mme re ne re tlhoka go aga lefelo le le tshwanetseng pele ga mariga a a tsididi thata a fitlha. Rremogolo le Mmèmogolo ba ne ba thusa nna le Mmè go aga moago wa segologolo, o bontlhanngwe jwa one o neng o le kafa tlase ga mmu. Re ile ra nna koo dingwaga tse di fetang di le tharo. Re ne re sa dumelelwa go tswa mo motseng kwantle ga tetla, mme re ne re se nke re fiwa tetla.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka letlwa go ya sekolong. E re ka dilo tse ke di dumelang di ne di farologane le tsa bodumedi jwa ba bangwe koo, gantsi barutabana le baithuti ka nna ba ne ba mpotsa dipotso. Rremogolo o ne a tle a itumele thata fa ke fitlha kwa gae mme ke mmolelela gore ke kgonne go tlhalosa dilo tse re di dumelang.

Kgololesego e Kgolwanyane

Fa mmusaesi e bong Stalin a sena go swa ka 1953, botshelo jwa rona bo ne jwa tokafala go se kae. Re ne ra letlelelwa go tswa mo motseng. Seno se ne se dira gore re kgone go kopana le badumedi ka rona le go ya kwa dipokanong kwa metseng e Basupi ba bangwe ba neng ba rometswe kwa go yone. Re ne re kopana ka ditlhopha tse dinnye e le gore re se ka ra bonwa ke batho. Go fitlha koo, re ne re tsamaya dikilometara di ka nna 30 mo kapokong e e fitlhang mo mangoleng mo dithemperetšha di neng di fitlha go didikirii di le 40 tsa Celsius kafa tlase ga boswakgapetla. Ka letsatsi le le latelang, re ne ra tsaya loeto lo loleele go boela gae. Fa re ntse re le mo tseleng, re ne re ja dikomkomore tse di tsentsweng mo morong wa aseine le sukiri. Le fa go ntse jalo, re ne re itumetse tota fela jaaka Dafide wa bogologolo!—Pesalema 122:1.

Ka 1955, ke ne ka kolobediwa go supa boineelo jwa me mo go Jehofa. Pelenyana fela ga moo, kwa pokanong nngwe ya phuthego kwa motseng o o gaufi le wa rona, ke ne ka kopana le Lidiya, mosetsana mongwe yo o maitseo wa moriri o montsho. Jaaka rona, ene le ba lelapa la gaabo le bone e ne e le Basupi ba ba neng ba rometswe  botshwarwa go tswa kwa Moldova. O ne a na le lentswe le le monate la go opela mme o ne a itse ka tlhogo mo e ka nnang dipina tsotlhe tse 337 tsa buka ya dipina e re neng re e dirisa ka nako eo. Seno se ne sa nkgatlha thata ka gonne le nna ke ne ke rata mmino le dipina tsa rona. Ka 1956, re ne ra swetsa ka gore re nyalane.

Ke ne ka kwalela Rre—re ne re utlwile gore o isitswe botshwarwa kwa Magadan—mme re ne ra emisa lenyalo la rona go fitlha re utlwa gore ene a reng. Go ise go ye kae morago ga foo, Rre o ne a gololwa mme a tla go nna le rona mo lefelong le re neng re rometswe botshwarwa mo go lone. O ne a re bolelela kafa ene le Bakeresete ka ene ba ileng ba itshokela maemo a a boima kwa dikampeng tsa kgolegelo ka teng ba thusiwa ke Modimo. Dipego tse di ntseng jalo di ne tsa nonotsha tumelo ya rona.

Moragonyana fela fa Rre a sena go boa, fa Mmè a ne a ntse a bedisa oli e re neng re e dirisa mo penteng, go ne ga nna le kotsi e e maswe thata. Pitsa e tona ya oli e e belang e ne ya wa mme oli ya mo tshelegela. O ne a tlhokafalela kwa kokelong. Re ne ra hutsafala thata. Fa nako e ntse e ya khutsafalo ya ga Rre e ne ya kokobela mme morago ga nakwana o ne a nyala Tatyana, Mosupi mongwe go tswa kwa motseng o o gaufi le wa gaetsho.

Go Oketsa Bodiredi Jwa Rona

Ka 1958, nna le Lidiya re ne ra fuduga go tswa kwa Kizak, mo motseng o re neng re nna kwa go one, ra ya kwa motseng o mogolwane thata wa Lebyaie o o bokgakala jwa dikilometara di ka nna 100. Re ne re kile ra bala ka gore Bakeresete ba ba kwa dinageng tse dingwe ba rera ka ntlo le ntlo. Mme le rona re ne ra leka go dira se se tshwanang mo lefelong le lesha le re neng re le mo go lone. Mme gone dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ne di thibetswe, mme re ne ra amogela dikhopi tse di neng di tsena ka bokhukhuntshwane go tswa kwa mafelong a mangwe. Mme jaanong re ne ra itsisiwe gore re ne re tla amogela dimakasine tsa rona ka Se-Russia fela. Go fitlha ka nako eo, re ne re ntse re amogela dimakasine tsa rona le ka puo ya Se-Moldavia. Mme seo se ne sa dira gore re ithute ka natla gore re tle re itse Se-Russia botoka. Tota le gompieno ke gakologelwa e seng fela dingwe tsa ditlhogo tseo, mme gape le se di neng di bua ka sone.

Gore re tle re itshedise, Lidiya o ne a bereka kwa bobolokelong jwa korong mme nna ke ne ke pagolola dikgong mo dikolotsaneng. E ne e le tiro e e lapisang mme re duelwa madi a mannye thata. Le mororo Basupi ba ne ba ratiwa ka gonne ba dira ka natla, re ne re se nke re fiwa dibonase dipe. Puso e ile ya bolela jaana ka tlhamalalo: “Basupi ba ga Jehofa ga se karolo ya setšhaba sa Bakomonisi.” Le fa go ntse jalo, re ne re itumelela gore mafoko ano a ga Jesu malebana le balatedi ba gagwe a ile a nna boammaaruri mo kgannyeng ya rona: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.”—Johane 17:16.

Dikgwetlho Tse Disha

Ka 1959 morwadiarona Valentina o ne a tsholwa. Ka bonako morago ga foo, go ne ga simolola pogiso e nngwe. The Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Tonakgolo Nikita Khrushchev o ne a simolola mokgatlho o mosha o o kgatlhanong le bodumedi ka 1959-64.” Mapodise a puso a ne a re bolelela gore boikaelelo jwa puso ya Soviet ke go fedisa madumedi otlhe, segolobogolo Basupi ba ga Jehofa.

Fa Valentina a ne a le mo e ka nnang ngwaga, ke ne ka kopiwa go ya sesoleng. E re ka ke ne ka gana go ya, ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le tlhano ka go bo ke bolokile boitlhaodi jwa me. Mo lekgetlhong lengwe fa Lidiya a ne a tla go nketela, mokolonele wa KGB o ne a mo raya a re: “Kremlin e re boleletse gore mo dingwageng di le pedi tse di tlang go tla bo go sa sala lefa e le Mosupi a le mongwe wa ga Jehofa mo Soviet Union.” Morago ga foo a mo tlhagisa jaana: “O tshwanetse go itatola tumelo ya gago, ka gonne fa o sa dire jalo, o tla tsenngwa mo kgolegelong.” Mokolonele o ne a akanya gore matshosetsi a a ntseng jalo a tla dira gore basadi ba didimale, a bolela gore: “Ke bathonyana ba ba bokoa.”

Mo nakong e khutshwane fela, bontsi jwa banna ba Basupi ba ne ba le mo kgolegelong le mo dikampeng tse batho ba dirisiwang tiro e e bokete mo go tsone. Le fa go ntse jalo, basadi ba ba pelokgale ba Bakeresete ba ne ba tswelela pele ka tiro ya go  rera. Mme ba ne ba isetsa ba ba kwa kgolegelong le kwa dikampeng dikgatiso ka bokukuntshwane, ba dira jalo ba itsenya mo kotsing e kgolo. Lidiya o ne a lebana le diteko tse di ntseng jalo mme gantsi le ene o ne a tshwenngwa ke banna ba ba neng ba batla go dira boitsholo jo bo sa siamang le ene ka go bo ke seyo. Mo godimo ga moo, o ne a bolelelwa gore nka se tlhole ke gololwa. Mme ke ne ka gololwa!

Go Gololwa le go Fudugela Kwa Kazakhstan

Kgetsi ya me e ne ya sekiwa gape ka 1963 mme moragonyana ke ne ka gololwa—ke sena go nna dingwaga di le tharo kwa kgolegelong. Re ne re sa kgone go bona lekwalotetla gope, ka jalo ke ne ke sa kgone go bona tiro. Molao wa Puso o ne o bolela jaana: “Fa o sena lekwalotetla la bonno, o ka se bone tiro.” Re ne ra rapela Jehofa ka tlhoafalo re kopa gore a re thuse. Morago ga foo re ne ra swetsa go fudugela kwa Petropavl kwa bokone jwa Kazakhstan. Le fa go ntse jalo, balaodi ba koo ba ne ba setse ba tlhagisitswe ka rona mme ba ne ba gana re nna koo le go bereka teng. Basupi ba ba ka nnang 50 ba ba nnang mo motseng ono le bone ba ne ba bogisiwa ka tsela eo.

Re ne ra fudugela kwa borwa kwa torotswaneng ya Shchuchinsk, re na le banyalani ba bangwe ba Basupi. Go ne go se na Basupi bape ba bangwe ba ba neng ba nna koo, mme balaodi ba ne ba sa itse sepe ka tiro ya rona ya go rera. Ka sebaka sa beke, nna le Ivan—banna ba babedi—re ne ra batla tiro fa basadi ba rona bone ba ne ba sala kwa seteisheneng sa terena, kwa re neng re robala gone bosigo. Kgabagare re ne ra bona tiro kwa feketering e e dirang galase. Re ne ra hirela malapa a rona kamore e nnye e e neng e kgona go tsenya malao a le mabedi le dilonyana tse dingwe fela. Le fa go ntse jalo, re ne re kgotsofetse.

Nna le Ivan re ne ra dira tiro ya rona ka tlhoafalo mme seno se ne sa itumedisa bathapi ba rona thata. Ka nako ya fa ke ne ke bilediwa tiro ya bosole gape, manejara wa feketeri o ne a setse a itse gore segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele se ne se sa ntetle gore ke thapisediwe bosole. Se se gakgamatsang ke gore o ne a ikgolaganya le mokaedimogolo wa sesole mme a mmolelela gore nna le Ivan re badiri ba ba nang le bokgoni mme feketeri e ka se ka ya kgona go dira sentle kwantle ga rona. Ka ntlha ya seo re ne ra lesiwa gore re tswelele re bereka.

Go Godisa Bana le go Direla ba Bangwe

Morwadiarona wa bobedi e bong Lilya, o ne a tsholwa ka 1966. Ngwaga morago ga moo re ne ra fudugela kwa Belyye Vody, kwa borwa jwa Kazakhstan gaufi le molelwane wa Uzbekistan, kwa go neng go na le setlhopha se sennye sa Basupi gone. Go ise go ye kae go ne ga tlhomiwa phuthego mme ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o okamelang. Ka 1969 re ne ra nna le morwa, e bong Oleg, mme dingwaga di le pedi morago ga foo go ne ga tsholwa Natasha, ngwana wa rona wa bofelo. Nna le Lidiya ga re ise re ko re lebale gore bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa. (Pesalema 127:3) Re ne ra buisana malebana le se re tlhokang go se dira gore re ba godise gore ba rate Jehofa.

Go fitlha le e leng ka bo1970, bontsi jwa banna ba Basupi ba ne ba sa ntse ba dira kwa dikampeng. Diphuthego di le dintsi di ne di tlhoka bakaulengwe ba ba godileng ba ba okamelang le go kaela mo phuthegong. Ka jalo, Lidiya o ne a tsaya maikarabelo a magolwane a go godisa bana, ka dinako tse dingwe o ne a rwala maikarabelo a ga rre le mmè ka nako e le nngwe, mme nna ke ne ke le molebedi yo o etang. Ke ne ke etela diphuthego kwa Kazakhstan, mmogo le direpaboliki tse di bapileng le yone tsa Soviet e leng Tajikistan, Turkmenistan le Uzbekistan. Ka nako e e tshwanang, ke ne ke bereka go thusa go tlamela lelapa mme Lidiya le bana ba ne ba dirisana mmogo le nna ka moya otlhe.

Le fa gone ka dinako tse dingwe ke ne ke seyo ka dibeke di se kae, ke ne ke leka go bontsha banake lorato le go ba thusa gore ba gole semoyeng. Nna le Lidiya re ne re rapela mmogo ka tlhoafalo gore Jehofa a thuse bana ba rona, mme re ne ra ba bolelela se ba ka se dirang gore ba se ka ba boifa batho mme ba nne le kamano e e gaufi le Modimo. Fa e ka bo e se ka go bo mosadi wa me yo ke mo ratang a ne a nkema nokeng ka peloyotlhe, nka bo ke sa kgona go diragatsa ditiro tsa me jaaka molebedi yo o etang. Lidiya le bokgaitsadi ba rona ba bangwe e ne e se “bathonyana ba ba bokoa” jaaka molaodi wa sesole a ne a ile a bolela. Ba ne ba nonofile—e le mekaloba ya semoya tota!—Bafilipi 4:13.

Ka 1988, fa bana botlhe ba ne ba setse ba godile, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang wa ka metlha. Potologo ya me e ne e akaretsa bontsi jwa dinaga tsa Central Asia. Fa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e sena go kwadisiwa semolao kwa go se pele e neng e le Soviet Union ka 1991, banna ba bangwe ba ba nang le bokgoni ba ba godileng semoyeng ba ne ba simolola go direla kwa direpaboliking tsa Asia tsa se pele e neng e le Soviet Union. Gompieno go na le balebedi ba ba etang ba le 14 mo dinageng tseno, tse mo go tsone mo ngwageng o o fetileng go  neng ga tla batho ba ba fetang 50 000 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete!

Taletso E e Sa Lebelelwang

Mo tshimologong ya 1998, ke ne ka founelwa ke ba ofisi ya lekala ya Russia ya Basupi ba ga Jehofa ke sa lebelela. Ke ne ka bodiwa jaana: “Anatoly, a wena le Lidiya lo kile lwa akanya ka tirelo ya nako e e tletseng?” Ee, re ne re kile ra akanya ka tshiamelo e e ntseng jalo e bana ba rona ba ka e bonang. Tota e bile, morwarona Oleg, o ne a setse a na le dingwaga di le tlhano a direla kwa ofising ya lekala ya kwa Russia.

Fa ke ne ke bolelela Lidiya ka taletso e re e amogetseng, o ne a botsa jaana: “Go tla diragala eng ka ntlo ya rona, tshingwana ya rona le dithoto tsa rona?” Fa re sena go rapela le go buisana, re ne ra swetsa gore re ye. Kgabagare re ne ra lalediwa go ya go direla kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa kwa Issyk, Kazakhstan, gaufi le motse o mogolo wa Alma-Ata. Fano go dirwa tiro ya go ranolela dikgatiso tsa Baebele mo dipuong tse di buiwang go ralala kgaolo eo.

Lelapa la Rona Gompieno

A bo re leboga Modimo jang ne go bo a ile a re thusa gore re rute bana ba rona boammaaruri jwa Baebele! Morwadiarona yo mogolo e bong Valentina, o ne a nyalwa mme a fudugela kwa Ingelheim, kwa Jeremane le monna wa gagwe ka 1993. Ba na le bana ba bararo, ba botlhe e leng Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng.

Lilya, morwadiarona wa bobedi, le ene o na le lelapa. Ene le monna wa gagwe, yo e leng mogolwane kwa phuthegong ya Belyye Vody, ba godisa bana ba bone ba babedi gore ba rate Modimo. Oleg, o nyetse Natasha, kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o tswang kwa Moscow, mme bobedi jwa bone ba direla kwa ofising ya lekala ya Russia gaufi le St. Petersburg. Ka 1995 morwadiarona wa bofelo e bong Natasha, o ne a nyalwa mme ene le monna wa gagwe ba mo phuthegong nngwe ya Se-Russia kwa Jeremane.

Nako le nako re a kopana go nna le kokoano e kgolo ya lelapa. Bana ba rona ba bolelela bana ba bone kafa “Mama” le “Papa” ba ileng ba reetsa Jehofa ka teng mme ba godisa bana ba bone gore ba rate le go direla Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Ke kgona go bona gore dipuisano tseno di thusa ditlogolwana tsa rona gore di gole semoyeng. Setlogolwana sa rona sa bofelo sa mosimane se dira dilo tse ke neng ke di dira fa ke ne ke le mo dingwageng tse a leng mo go tsone. Ka dinako tse dingwe o tla go dula mo seropeng sa me mme a bo a nkopa gore ke mo tlotlele kgang nngwe ya Baebele. Ke a tle ke gelele dikeledi mo matlhong fa ke gakologelwa ka lorato kafa gantsi ke neng ke tle ke dule mo seropeng sa ga Rremogolo ka teng le kafa a neng a nthusa ka teng gore ke rate Mmopi wa rona yo Mogolo le go mo direla.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go tla dirisiwa leina la gone jaanong la naga eno, e leng Moldova, mo setlhogong seno go na le gore go dirisiwe maina a yone a pele e leng Moldavia kgotsa Soviet Republic of Moldavia.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ke na le batsadi ba me ka kwa ntle ga ntlo ya rona kwa Moldova pelenyana fela ga gore Rre a tsenngwe mo kgolegelong

[Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Ke na le Lidiya ka 1959, re sa ntse re le kwa botshwarwa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Lidiya a na le morwadiarona Valentina fa ke ne ke sa ntse ke le kwa kgolegelong

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le Lidiya gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Re na le bana ba rona le ditlogolwana tsa rona, rotlhe re direla Jehofa!