Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Modumedimmogo le rona yo o rategang:

Jaaka o itse, Baebele ke buka e e buang thata ka batho. Bontsi jwa bone e ne e le banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tse re lebanang le tsone. Ba ne ba na le “maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jakobe 5:17) Bangwe ba bone ba ne ba kgobilwe marapo ke mathata le ditlhobaelo. Ba bangwe ba ne ba utlwisitswe botlhoko thata ke ba malapa a bone kgotsa badumedimmogo le bone. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng.

A batho bao ba ne ba tlogela go direla Jehofa gotlhelele? Legoka! Bontsi jwa bone ba ne ba tshwana le mopesalema yo o neng a rapela jaana: “Ke kgarakgatshegile jaaka nku e e latlhegileng. A ko o batle motlhanka wa gago, gonne ga ke a lebala ditaelo tsa gago.” (Pesalema 119:176) A o a tle o ikutlwe jalo?

Le ka motlha Jehofa ga a ke a lebala baobamedi ba gagwe ba ba katogelang kgakala le lesaka. Go na le moo, o tsaya matsapa a go ba batla—gantsi a dira jalo ka go dirisa badumedimmogo le bone. Ka sekai, ela tlhoko kafa Jehofa a ileng a thusa motlhanka wa gagwe e bong Jobe ka gone, yo o neng a lebana le masetlapelo a le mmalwa—a a akaretsang mathata a tsa itsholelo, go swelwa ke batho ba a ba ratang le go tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi. Gape Jobe o ne a tshwanelwa ke go itshokela mafoko a a tlhabang a batho ba ba neng ba tshwanetse go ka bo ba mo ema nokeng. Le fa go ntse jalo, ga a ka a tlogela go direla Jehofa, le fa gone dikakanyo tsa gagwe di ne di katogetse gosele ka nakwana. (Jobe 1:22; 2:10) Jehofa o ne a thusa Jobe jang gore a baakanye tsela e a akanyang ka yone?

Tsela e nngwe e Jehofa a neng a thusa Jobe ka yone e ne e le ka go dirisa modumedimmogo le ene, e bong Elihu. Fa Jobe a ne a tlhalosa matshwenyego a gagwe, Elihu o ne a mo reetsa mme a tlhotlheletsega go bua. Ke eng se a neng a tla se bua? A o ne a tla kgala Jobe kgotsa a o ne a tla leka go mo tlhotlheletsa ka go dira gore a ikutlwe a le molato kgotsa ka go dira gore a tlhabiwe ke ditlhong? A Elihu o ne a itsaya a le botoka mo go Jobe? Le e seng! E re ka Elihu a ne a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo, o ne a bua jaana: “Ke se o leng sone mo Modimong wa boammaaruri; le nna ke ne ka bopiwa ka letsopa.” Go tswa foo, o ne a tlhomamisetsa Jobe jaana: “Ga go na sepe mo go nna se se tshosang se se ka go tshosang, e bile ga go na kgatelelo epe e e tswang mo go nna e e ka nnang boima mo go wena.” (Jobe 33:6, 7) Go na le gore Elihu a direle Jobe dilo boima le go feta, o ne a mo gakolola le go mo kgothatsa ka lorato, e leng sone se tota Jobe a neng a se tlhoka.

Tsweetswee, itse gore fa re ne re kwala boroutšhara jono, re ne re na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Elihu. Sa ntlha, re ne ra reetsa batho bangwe ba ba katogetseng gosele, ra sekaseka ka kelotlhoko maemo le maikutlo a bone. (Diane 18:13) Go tswa foo, re ne ra sekaseka Dikwalo, ra rapela ra bo ra sekaseka dipego tsa kafa Jehofa a neng a thusa ka gone batlhanka ba gagwe ba nako e e fetileng fa ba ne ba lebane le maemo a a tshwanang. Kwa bofelong, re ne ra kopanya dipego tseo tsa Dikwalo le maitemogelo a batlhanka ba Modimo ba gompieno re bo re dira boroutšhara jono. Re go kgothaletsa ka lorato gore o sekaseke kgatiso eno. Tsweetswee, tlhomamisega gore re go rata go tswa pelong.

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa