Hosea 2:1-23
2 “Rayang bomorwarralona lo re, ‘Batho ba me!’+ le bomorwadiarraalona lo re, ‘Oo mosadi yo o utlwetsweng botlhoko!’+
2 Tshwarang kgetsi ya molao le mmaalona;+ tshwarang kgetsi ya molao, gonne ga se mosadi wa me+ le nna ga ke monna wa gagwe.+ Mme o tshwanetse go tlosa kgokafalo ya gagwe fa pele ga gagwe le ditiro tsa gagwe tsa boaka fa gare ga mabele a gagwe,+
3 gore ke se ka ka mo apola mme a sala a sa ikatega+ mme ka mo tlhoma gore a tshwane le ka letsatsi le a neng a tsholwa ka lone,+ ruri ke mo dira gore a tshwane le naga+ ke bo ke mo dira gore a tshwane le lefatshe le le se nang metsi+ ke bo ke mmolaya ka lenyora.+
4 Mme ga ke na go utlwela bomorwawe botlhoko,+ gonne ke bomorwa kgokafalo.+
5 Gonne mmaabone o dirile kgokafalo.+ Ene yo o neng a ba imile o dirile se se tlhabisang ditlhong,+ gonne o rile, ‘Ke batla go latela ba ba nthatang ka lorato lo lo tukang,+ ba ba nnayang senkgwe le metsi, boboa jwa me le leloba la me, leokwane la me le senō sa me.’+
6 “Ka jalo bona, ke dira legora mo tseleng ya gago ka mitlwa; mme ke tla mo thibela ka go koelela lobota lwa maje,+ gore a se ka a bona ditsela tsa gagwe.+
7 Mme o tla lelekisa ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang, mme ga a kitla a ba tshwara;+ ruri o tla ba batla, le fa go ntse jalo ga a kitla a ba bona. O tla re , ‘Ke batla go tsamaya ke boele kwa monneng wa me+ wa ntlha,+ gonne dilo di ne di le botoka ka nako eo go na le jaanong.’+
8 Le fa go ntse jalo o ne a sa lemoge+ gore ke nna ke neng ke mo neile dijo tsa ditlhaka+ le beine e e monate le leokwane, le gore ke dirile gore selefera e mo totafalele, le gouta, e ba neng ba e dirisetsa Baale.+
9 “‘Ka jalo ke tla boela morago, ke ya go tsaya dijo tsa me tsa ditlhaka ka nako ya tsone le beine ya me e e monate ka paka ya yone,+ mme ke tla phamola boboa jwa me le leloba la me tse di neng di bipile bosaikategang jwa gagwe.+
10 Mme jaanong ke tla bipolola dirwe tsa gagwe tsa sephiri gore di bonwe ke ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang,+ ga go kitla go nna le motho yo o tla mo tsubulang mo seatleng sa me.+
11 Mme ke tla khutlisa boitumelo jotlhe jwa gagwe,+ moletlo wa gagwe,+ ngwedi ya gagwe e ntšha+ le sabata wa gagwe le paka nngwe le nngwe ya gagwe ya moletlo.
12 Mme ke tla kgakgabatsa mofine wa gagwe+ le setlhare sa gagwe sa mofeige,+ tse a boletseng jaana ka tsone: “Ke dimpho tsa me, tse ba ba nthatang ka lorato lo lo tukang ba di nneileng”; mme ke tla di tlhoma go nna sekgwa,+ mme phologolo ya naga e tla di kometsa.
13 Mme ke tla dira gore a ikarabelele+ metlha ya ditshwantsho tsa ga Baale+ tse a neng a ntse a di kuisetsa mosi wa setlhabelo,+ fa a ne a ntse a ikgabisa ka palamonwana ya gagwe le ka mokgabisa+ wa gagwe a ba a nna a sala morago ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang,+ mme nna o ne a ntebetse,’+ go bua Jehofa.
14 “‘Ka jalo bona, ke a mo fenya, mme ke tla dira gore a ye kwa nageng,+ ke tla bua le pelo ya gagwe.+
15 Mme ke tla mo naya masimo a gagwe a mofine go simolola ka nako eo go ya pele,+ le lebala le le kwa tlase la Akore+ e le kgoro ya tsholofelo; ruri o tla araba koo fela jaaka mo metlheng ya bosha jwa gagwe+ le jaaka mo motlheng wa go tswa ga gagwe kwa lefatsheng la Egepeto.+
16 Mme go tla diragala gore mo motlheng oo,’ go bua Jehofa, ‘o tla mpitsa monna wa Me, ga o ne o tlhola o mpitsa mong wa Me.’+
17 “‘Ke tla tlosa maina a ditshwantsho tsa ga Baale mo molomong wa gagwe,+ mme di ka se tlhole di gopolwa ka leina la tsone.+
18 Ruri ke tla ba direla kgolagano mo motlheng oo malebana le sebatana sa naga+ le sebopiwa se se fofang sa magodimo le segagabi sa fa fatshe, mme ke tla fedisa bora le tšhaka le ntwa mo lefatsheng,+ mme ke tla dira gore ba robale ba bolokesegile.+
19 Mme ke tla go beelela ka bosakhutleng,+ ke tla go beelela ka tshiamo le ka tshiamiso le ka bopelonomi jwa lorato le ka mautlwelobotlhoko.+
20 Ke tla go beelela ka boikanyegi; mme ruri o tla itse Jehofa.’+
21 “‘Mme go tla diragala gore mo letsatsing leo ke arabe,’ go bua Jehofa, ‘ke tla araba magodimo,mme fa e le one, a tla araba lefatshe;+
22 fa e le lefatshe lone, le tla araba dijo tsa ditlhaka+ le beine e e monate le leokwane; mme fa e le tsone di tla araba Jesereele [‘Modimo o tla jala peo’].+
23 Mme ruri ke tla mo jala jaaka peo ya me mo lefatsheng,+ ke tla mo utlwela botlhoko ene yo o neng a se ka a utlwelwa botlhoko,+ mme ke tla raya ba e seng batho ba me ke re: “Lo batho ba me”;+ mme fa e le bone, ba tla re: “O Modimo wa me.”’”+

