Baefeso 6:1-24

6  Bana, utlwang batsadi ba lona+ seoposengweng+ le Morena, gonne seno se siame:  “Tlotla rrago le mmago”;+ se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso:+  “Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.”+  Mme lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona,+ mme tswelelang lo ba godisetsa+ mo kotlhaong+ le mo taolong ya mogopolo+ ya ga Jehofa.  Lona batlhanka, utlwang ba e leng beng ba lona ka tlhaloganyo ya senama,+ ka poifo le go roroma+ ka bopeloephepa jwa dipelo tsa lona, jaaka lo utlwa Keresete,  e seng ka go direla fa lo lebilwe jaaka bakgatlhi ba batho,+ mme jaaka batlhanka ba ga Keresete, lo dira thato ya Modimo ka moya otlhe.+  Nnang batlhanka ba ba nang le mekgwa e mentle, jaaka mo go Jehofa,+ mme e seng mo bathong,  gonne lo a itse gore mongwe le mongwe, le fa e le molemo ofe o a ka o dirang, o tla o amogela gape go tswa kwa go Jehofa,+ e ka ne e le motlhanka kgotsa mogololesegi.+  Gape, lona beng, nnang lo dire tsone dilo tseo mo go bone, lo lesa go tshosetsa,+ gonne lo itse gore Mong wa bone mmogo le lona+ o kwa magodimong, mme ga go na tlhaolele+ mo go ene. 10  La bofelo, tswelelang lo bona maatla+ mo Moreneng le mo thateng+ ya nonofo ya gagwe. 11  Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano+ tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere+ a ga Diabolo; 12  ka gonne re lwa,+ e seng le madi le nama, mme le dipuso,+ le balaodi,+ le babusi ba lefatshe ba lefifi+ leno, le mephato ya meya e e boikepo+ mo mafelong a selegodimo. 13  Ka lebaka leno, aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong,+ gore lo tle lo kgone go itsetsepela mo letsatsing le le boikepo le gore, fa lo sena go dira dilo tsotlhe ka botlalo, lo eme lo nitame.+ 14  Jalo, emang lo nitame, lotheka lwa lona lo gatlhilwe+ ka boammaaruri,+ mme lo apere seiphemelo sa sehuba sa tshiamo,+ 15  le dinao+ tsa lona di rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso.+ 16  Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone. 17  Gape, amogelang tlhoro+ ya phemelo ya poloko, le tšhaka+ ya moya,+ e leng, lefoko la Modimo,+ 18  mme ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo+ le mokokotlelo lo tswelela lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya.+ Mme gore lo dire jalo, nnang lo tsogile ka metlha yotlhe e bile lo kokotlelela baitshepi botlhe, 19  le nna, gore ke tle ke newe bokgoni jwa go bua+ ka go bula molomo wa me, ka kgololesego ya go bua+ gore ke itsise sephiri se se boitshepo sa dikgang tse di molemo,+ 20  tse ke dirang ke le moemedi+ wa tsone ke le mo dikeetaneng; gore ke tle ke bue ka bopelokgale ka ga tsone jaaka ke tshwanetse go bua.+ 21  Jaanong gore gape lo tle lo itse ka merero ya me, kafa ke tswelelang ka gone, Tikiko,+ mokaulengwe yo o rategang e bile e le modiredi yo o ikanyegang mo Moreneng, o tla lo itsise sengwe le sengwe.+ 22  Ke mo roma kwa go lona ka jone boikaelelo jono, gore lo tle lo itse ka ga dilo tse di amanang le rona le gore a tle a gomotse dipelo tsa lona.+ 23  E kete bakaulengwe ba ka nna le kagiso le lorato ka tumelo go tswa kwa Modimong Rara le Morena Jesu Keresete. 24  E kete bopelonomi jo bo sa re tshwanelang+ bo ka nna le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka go sa bole.

Dintlha Tse di Kwa Tlase