Baefeso 2:1-22
2 Mo godimo ga moo, ke lona ba [Modimo a neng a lo tshedisa] le fa lo ne lo sule mo ditlolong le mo maleong+ a lona,
2 tse ka nako nngwe lo neng lo tsamaya mo go tsone go ya ka tsamaiso+ ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi+ wa taolo ya moya, moya+ o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.+
3 Ee, fa re ne re le mo gare ga bone rotlhe ka nako nngwe re ne re itshwara tumalanong le dikeletso tsa nama ya rona,+ re dira dilo tse di ratwang ke nama+ le dikakanyo, mme ka tlholego re ne re le bana ba tšhakgalo+ jaaka ba bangwe botlhe.
4 Mme Modimo, yo o humileng kutlwelobotlhoko,+ ka ntlha ya lorato lo logolo lwa gagwe lo a neng a re rata ka lone,+
5 o ne a re tshedisa mmogo le Keresete, le fa re ne re sule mo ditlolong+—lo bolokilwe+ ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang—
6 mme o ne a re tsosa+ mmogo a ba a re nnisa mmogo mo mafelong a selegodimo+ re le seoposengwe le Keresete Jesu,
7 gore mo ditsamaisong tse di tlang+ tsa dilo go tle go bonadiwe dikhumo+ tse dikgolo thata tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang mo bopelontleng jwa gagwe mo go rona seoposengweng+ le Keresete Jesu.
8 Ka bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang, eleruri, lo bolokilwe ka tumelo;+ mme seno e se ka ntlha ya lona,+ ke mpho ya Modimo.+
9 Nnyaa, ga se ka ntlha ya ditiro,+ gore go se ka ga nna le motho ope yo o nnang le lebaka la go ipelafatsa.+
10 Gonne re matswela a tiro ya gagwe+ e bile re ne ra bopelwa+ ditiro tse di molemo+ seoposengweng+ le Keresete Jesu, tse Modimo a neng a di baakanya go sa le gale+ gore re tsamaye mo go tsone.
11 Ka jalo nnang lo gopotse gore pele lo ne lo le batho ba ditšhaba kafa nameng;+ lo ne lo bidiwa “go sa rupa” ke se se bidiwang “go rupa” mo go dirilweng mo nameng ka diatla—
12 gore ka yone nako eo lo ne lo se na Keresete,+ lo le baeng+ mo morafeng wa Iseraele e bile lo le batswakwa mo dikgolaganong tsa tsholofetso,+ mme lo ne lo se na tsholofelo+ e bile lo se na Modimo mo lefatsheng.+
13 Mme jaanong lo le seoposengwe le Keresete Jesu lona ba lo kileng lwa bo lo le kgakala thata lo simolotse go nna gaufi ka madi+ a ga Keresete.
14 Gonne yo o neng a dira ditlhopha tse pedi+ se le sengwe,+ a ba a senya lobota+ lo lo fa gare lo lo neng lo ba kgaoganya,+ ke kagiso+ ya rona.
15 O ne a fedisa bobaba+ ka nama ya gagwe,+ Molao wa ditaolo tse di mo ditaelong,+ gore a tle a bope ditlhopha tse pedi tsa batho+ tse di seoposengwe le ene gore di nne motho a le mongwe yo mosha+ a ba a dire kagiso;
16 le gore a tle a letlanye ka botlalo+ ditlhopha tse pedi tsa batho mo mmeleng o le mongwe+ mo Modimong ka kota ya tlhokofatso,+ ka gonne o ne a bolaile bobaba+ ka ene.
17 Mme o ne a tla mme a lo bolelela dikgang tse di molemo tsa kagiso,+ lona ba ba kgakala thata, le kagiso mo go ba ba gaufi,+
18 ka gonne rona, ditlhopha tse pedi tsa batho,+ re atamela+ Rara ka ene ka moya o le mongwe.+
19 Ka jalo, eleruri ga lo tlhole lo le batswakwa+ le baagi ba baeng,+ mme lo baagimmogo+ ba baitshepi+ e bile lo maloko a ba ntlo+ ya Modimo,
20 mme lo agilwe mo motheong+ wa baaposetoloi+ le baporofeti,+ fa Keresete Jesu ene e le leje la sekhutlo la motheo.+
21 Seoposengweng le ene kago yotlhe, ka e kopanngwa mmogo ka kutlwano,+ e gola e nna tempele e e boitshepo ya ga Jehofa.+
22 Seoposengweng le ene,+ le lona, lo agiwa mmogo go nna lefelo le Modimo a tla nnang mo go lone ka moya.

