JW BROADCASTING
Reetsa Dikgatiso Tsa Mantswe Fela mo Amazon Fire TV
Karolo ya Audio e na le dikgatiso tsa mantswe fela tse di jaaka mmino, diterama tsa mmalo wa Baebele le tse dingwe.
(Ela tlhoko: Remote ya gago e ka tswa e sa tshwane le e e mo sekirining seno.)
Tobetsa Audio mo JW Broadcasting go bona dikgatiso tsa mantswe fela. Latela dikgato tseno fa o batla dikgatiso tsa mantswe fela le fa o batla go di reetsa:
Reetsa Kgatiso ya Mantswe Fela
Dikgatiso tsa mantswe fela di rulagantswe go ya ka maina a a farologaneng. Maina a dikgatiso tseno a tlhagelela fa godimo ga tsone.
Tobetsa remote jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno fa o batla go ya kwa dikgatisong tse di farologaneng.
Tobetsa remote jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno fa o batla go bona dikgatiso tse di tlhagelelang mo karolong e e rileng.
Tobetsa remote mo gare fa o batla go tsenya kgatiso e o e tlhophileng le gore dintlha tsa yone di tlhage mo sekirining.
O ka dira jaana:
Tobetsa Play fa o batla go tshameka kgatiso go tswa kwa tshimologong.
Tobetsa Play All fa o batla go tshameka dikgatiso tsotlhe tsa mantswe fela, go simolola ka e o setseng o e butse. Dikgatiso tseno di tla emisa fa di sena go tshameka tsotlhe.
Tobetsa Resume fa o batla go tshameka kgatiso go tswa kwa o neng o e emisitse gone.
Dikgatiso tse di fa tlase ga Resume, Play le Play All ke tsa karolo ya bidio e o e butseng. Tobetsa remote kwa godimo mo sedikong fa o batla go bona dibidio tse di mo karolong eno kgotsa tobetsa remote kwa tlase mo sedikong fa o batla go boela kwa dintlheng tsa bidio e o e butseng.
Reetsa Dikgatiso Tsotlhe Tsa Mantswe Fela
O kgona go reetsa dikgatiso tsotlhe tse di mo karolong e o e tlhophileng. Fa o le mo sekirining seo, tlhopha karolo e o batlang go e reetsa, go tswa foo, o ka nna wa tlhopha go:
Tobetsa Play All fa o batla go tshameka dikgatiso tsotlhe tse di mo karolong eno, go simolola ka ya ntlha.
Tobetsa Shuffle fa o batla go tshameka dikgatiso mme o sa batle gore di tshameke ka go latelana.
Dikgatiso tseno di tla emisa fa di sena go tshameka tsotlhe.
Tshameka Dikgatiso ka Tsela e o Batlang ka Yone
Fa kgatiso e tshameka, o ka dirisa remote ya Amazon Fire TV go tlhopha gore o batla go e tshameke jang, o ka tlhopha go:
Tobetsa Play kgotsa Pause fa o batla go emisa kgatiso kgotsa go e tshameka gape.
Tobetsa Fast Forward fa o batla gore kgatiso e tshameke ka bonako. Tobetsa Play fa o batla gore e tshameke.
Tobetsa Rewind fa o batla go tshameka kgatiso go tswa kwa tshimologong. Tobetsa Play fa o batla gore e tshameke.
Tobetsa Back fa o batla go boela kwa sekirining sa Audio.

