JW BROADCASTING
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang ka JW Broadcasting (Apple TV)
Go ka direga gore ga o tsenye mafoko a a siameng. (Bala karolo e e reng Tsenya App ya JW Broadcasting mo Apple TV.) Kgotsa gongwe sedirisiwa sa gago ga se na version e e siameng. JW Broadcasting e kgona go tsenngwa mo Apple TV (4th generation).
JW Broadcasting e kgona go bereka mo Apple TV (4th generation).
Bona lenaane la dipuo tse di teng mo Apple TV. Fa o batla go fetola puo, ya kwa Settings o bo o dirisa karolo ya Select a Language.
App ya JW Broadcasting ke mahala.
Fa e le la ntlha o bula akhaonto mo Apple Store (e ka tswa e le mo iTunes Store, App Store, kgotsa iBooks Store), o kopiwa gore o tsenye nomoro ya akhaonto ya gago ya banka e re ka go na le dilo tse dingwe tse di tlhokang go rekwa ka madi.
Fa e le gore ga o batle go tsenya tshedimosetso ya gago ya banka, latela ditaelo tse di mo app ya Apple.
O ka kopa thuso mo tsaleng ya gago e e nang le kitso ka dilo tsa Apple TV kgotsa JW Broadcasting. Fa potso ya gago e le mabapi le sedirisiwa sa gago sa Apple TV kgotsa akhaonto, tsena mo websiteng ya Apple go bona thuso. Fa o na le bothata ka app ya JW Broadcasting, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala e e mo nageng ya lona.