Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

‘Paulo a Leboga Modimo Mme a Kgothala’

‘Paulo a Leboga Modimo Mme a Kgothala’

Fa bakaulengwe ba phuthego ya kwa Roma ba sena go utlwa gore Paulo o etla, ba ile ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le 64 go ya go kopana le ene. Paulo o ile a ikutlwa jang fa a ba bona? Paulo o ile “a leboga Modimo mme a kgothala.” (Dit 28:15) Paulo o ne a itsege e le motho yo o ratang go kgothatsa diphuthego, mme e re ka e ne e le legolegwa, ke ene a ileng a kgothadiwa ke ba bangwe.—2Bak 13:10.

Gone jaanong, balebedi ba potologo ba etela diphuthego go ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Fela jaaka motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo, le bone ba a lapa, ba a tlhobaela e bile ba kgobega marapo. Fa molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe ba etela phuthego ya lona, ke eng se o ka se dirang gore o ba kgothatse le gore lo kgothatsane?—Bar 1:11, 12.

  • Go ya pokanong ya tshimo. Molebedi wa potologo o a kgothala fa a bona baboledi ba ipha nako ya go tshegetsa beke eo e kgethegileng ya fa a etetse phuthego. (1Bath 1:2, 3; 2:20) Gongwe o ka akanyetsa go tsaya bobulatsela jo bo thusang mo kgweding e a tla bong a etile ka yone. A o ka kgona go bereka le ene le mosadi wa gagwe mo tshimong kgotsa wa tsamaya le mongwe wa bone kwa bathong ba o ithutang Baebele le bone? Ba itumelela go bereka le baboledi ba ba farologaneng mo tshimong, go akaretsa ba basha mo phuthegong kgotsa ba ba akanyang gore ga ba itse go rera.

  • Ba amogele kwa ga gago. A o ka kgona go ba fa boroko kgotsa wa ba apeela? Seno se bontsha molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe gore o a ba rata. Ga ba a lebelela gore o ba direle sepe sa maemo a a kwa godimo.—Luk 10:38-42.

  • Reetsa kgakololo ya gagwe o bo o e dirisa. Molebedi wa potologo o re thusa go tokafatsa tsela e re direlang Jehofa ka yone. Ka dinako tse dingwe o tlhoka go re kgalemela. (1Bak 5:1-5) Go a mo itumedisa fa re reetsa kgakololo ya gagwe re bo re e dirisa.—Bah 13:17.

  • Ba leboge. Bolelela molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe kafa loeto lwa bone lo go solegetseng molemo ka gone. O ka ba bolelela kgotsa o ka ba kwalela molaetsa.—Bak 3:15.