Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 12-13

Setshwantsho sa Korong le Mefero

Setshwantsho sa Korong le Mefero

Jesu o ne a dirisa setshwantsho sa korong le mefero go bontsha kafa a tlileng go phutha batlodiwa botlhe ka gone, go simologa ka 33 C.E.

13:24

‘Motho o ne a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe’

  • Mojadi: Jesu Keresete

  • Peo e e molemo e e jetsweng: Barutwa ba ga Jesu ba kolobediwa ka moya o o boitshepo

  • Tshimo: Batho

13:25

“Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero”

  • Mmaba: Diabolo

  • Batho ba ba neng ba robetse: Go swa ga baaposetoloi

13:30

“Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo”

  • Korong: Bakeresete ba ba tloditsweng

  • Mefero: Bakeresete ba maaka

‘Phuthang pele mefero go tswa foo lo ye go phutha korong’

  • Batlhanka/barobi: Baengele

  • Mefero e e phuthiwang: Bakeresete ba maaka ba kgaoganngwa le Bakeresete ba ba tloditsweng

  • Phuthelwa mo ntlong ya bobolokelo: Bakeresete ba ba tloditsweng ba phuthelwa mo phuthegong ya Modimo

Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba farologana jang le ba maaka ka nako ya thobo?

Go tlhaloganya setshwantsho seno go nthusa jang?