Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ke Eng se se Leng Botlhokwa mo go Wena?

Ke Eng se se Leng Botlhokwa mo go Wena?

Jakobe o ne a lwa le moengele gore Jehofa a tle a mo segofatse. (Ge 32:24-31; Hos 12:3, 4) Gotweng ka rona? A re ikemiseditse go direla Jehofa gore a tle a re segofatse? Ka sekai, ke eng se re ka se dirang fa re tshwanetse go tlhopha go ya dipokanong kgotsa go dira di ura tse di oketsegileng kwa tirong? Fa re dirisa nako, maatla le dilo tse re nnang le tsone go direla Jehofa, Jehofa o tla re ‘tshololela masego go fitlha re sa tlhole re tlhoka sepe.’ (Mal 3:10) Jehofa o tla re kaela, o tla re sireletsa le go re naya dilo tse re di tlhokang.—Mat 6:33; Bah 13:5.

LEBANG BIDIO YA, TLHOMA MOGOPOLO MO GO DIRELENG JEHOFA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Kgaitsadi yono o ne a lekwa jang ka sengwe se a neng a se rata?

  • Tiro e re e dirang e ka re kgoreletsa jang go direla Modimo?

  • Ke eng fa Timotheo a ne a tshwanetse go ipeela mekgele e mengwe le fa a ne a setse a fitlheletse mekgele e a neng a ipeetse yone?—1Ti 4:16

  • Ke eng se se tlang pele mo botshelong jwa gago?

    Re ka bontsha jang gore ke tiro efe e e tlang pele mo matshelong a rona?