KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Barongwa “go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”

Barongwa “go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”

JUNE 1, 2021

 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Ditiro 1:8) Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba dira se Jesu a se laetseng e bile ba dira jalo ba tlhagafetse. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba le bantsi ba ba nnang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba ba iseng ba rerelwe, go akaretsa le ba ba nnang mo mafelong a go nnang batho ba bantsi mo go one. Mme mo dinageng tse dingwe ga go na Basupi ba le kalo. (Mathaio 9:37, 38) Re dira eng gore re kgone go rerela batho ba le bantsi?

 Gore re kgone go ikobela taelo ya ga Jesu, Komiti ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e romela barongwa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, kwa go se nang Basupi gone. Gone jaanong mo lefatsheng lotlhe go na le barongwa ba le 3 090. a Bontsi jwa bone ba tswa kwa sekolong sengwe sa Baebele jaaka Sekolo sa Baboledi ba Bogosi. Barongwa ba ikemiseditse go tlogela magae a bone gore ba ye go rera kwa nageng e nngwe. Ka ntlha ya maitemogelo a ba nnileng le one le thapiso ya bone, barongwa bano ba rera dikgang tse di molemo e bile ba tlhomela barutwa ba basha sekao se se molemo.

Barongwa ba thusa go rera dikgang tse di molemo kwa mafelong a go se nang Basupi ba le bantsi kwa go one

Barongwa ba Thusiwa go Thusa ba Bangwe

 Kwa ofiseng nngwe le nngwe ya lekala, go na le Lephata la Bodiredi le le mo Lefapheng la Tirelo le le dirang le Komiti ya Lekala go tlhokomela barongwa ka se ba se tlhokang malebana le boroko, tsa botsogo le go ba naya madinyana go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. Ka ngwaga wa tirelo wa 2020, Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse madi a a kana ka R373 432 950 go tlhokomela barongwa. Seno se thusa barongwa gore ba kgone go tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera le go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tsa bone.

Barongwa ba nonotsha diphuthego

 Barongwa ba thusitse jang mo tirong ya go rera? Frank Madsen, yo o direlang mo Komiting ya Lekala ya kwa Malawi a re: “E re ka barongwa ba le pelokgale ba thusitse bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba kgone go rera mo mafelong a ba neng ba sa kgone go rera mo go one, jaaka kwa mafelong a a tswetsweng thata le mo mafelong a go buiwang dipuo tse dingwe kwa go one. Gape ba dira ka natla gore ba kgone go ithuta puo le setso sa mo lefelong le ba direlang mo go lone. Mme seo se kgothaditse ba bangwe, bogolo jang basha gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Re leboga Jehofa ka barongwa.”

 Mokaulengwe yo mongwe yo o direlang mo Komiting ya Lekala kwa nageng e nngwe a re: “Barongwa ba bontsha gore batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba a utlwana. Tota le batho ba e seng Basupi ba kgona go bona gore ga re a kgaoganngwa ke lotso lepe, le gore se re se ithutileng mo Baebeleng se re thusitse gore re utlwane.”

 Barongwa ba thusa baboledi jang? Paulo yo nnang kwa Timor-Leste, o itumelela go bo go na le barongwa kwa phuthegong ya bone. A re: “Re nna mo lefelong le le mogote thata. Le fa barongwa bano ba tswa kwa lefelong le le tsididi, ba nna ba rera le fa go le mogote. Ba nna ba le gone ka metlha fa re ya bodireding mo mosong. Ke tlhola ke ba bona ba dira maeto a go boela motshegare le fa go le mogote thata. Tota ba dira jalo le maitseboa. Ba thusitse batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri go akaretsa le nna. Ba tshelela Jehofa e bile ba mo direla ba le matlhagatlhaga mme seno se thusitse phuthego gore e direle Jehofa le go feta.”

 Ketti ke mmulatsela wa ka metlha yo o direlang kwa Malawi, o tlhalosa kafa barongwa ba thusitseng lelapa la gagwe ka gone. A re: “Fa barongwa ba ne ba romelwa go tla go direla mo phuthegong ya rona, ke ne ke le mosupi ke le esi mo lelapeng la me. Ba nkgothaditse fela thata e bile ba ne ba atamalana le lelapa la me. Seo se ne sa dira gore bongwanake ba bone gore fa ba direla Jehofa ba tla itumela le gore ba tla tshela botshelo jo bo kgotsofatsang. Barongwa bano ba thusitse bongwanake gore ba direle e le babulatsela ba ka metlha le gore monna wa me a simolole go tla dipokanong.”

 Madi a a thusang go tlhokomela barongwa a tswa kae? A tswa mo meneelong e e ntshediwang go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe e e ntshiwang mo donate.jw.org. Re lebogela meneelo eno e lo e ntshang ka bopelotshweu.

a Barongwa ba direla kwa diphuthegong tse di tlhokang baboledi ba ba ka rerang dikgang tse di molemo. Gape barongwa ba le 1 001 ba abetswe go direla mo tirong ya potologo.