Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 47

Rapelang Jehofa ka Metlha

Rapelang Jehofa ka Metlha

(1 Bathesalonika 5:17)

  1. 1. A re rapeleng Jehofa fela.

    Ke ene Moutlwi wa dithapelo.

    Re mmulele mafatlha a rona,

    Re mo ikanye ka metlha yotlhe.

    Rapelang Jah ka metlha.

  2. 2. A re rapeleng Jehofa Mmopi,

    Re kopeng gore a re’itshwarele.

    Re ipoleleng maleo a rona.

    O’itse gore re lorole fela.

    Rapelang Jah ka metlha.

  3. 3. A re rapeleng fa go le thata.

    Re kope thuso kwa go Jehofa.

    O’ikemiseditse go re thusa;

    Ke ene botshabelo jwa rona.

    Rapelang Jah ka metlha.