Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 45

Go Tlhatlhanya ga Pelo ya Me

Go Tlhatlhanya ga Pelo ya Me

(Pesalema 19:14)

  1. 1. Go tlhatlhanya ga pelo’a me,

    Dikakanyo tsa me tsotlhe

    A di go’itumedise Jah,

    Nthuse ke nne ke thokgame.

    Fa ke’imelwa ke mathata,

    A ntlhobaetsa bosigo,

    Ke tla tlhatlhanya ka wena,

    Le ka tsotlhe tse di siameng.

  2. 2. Dilo tse di itshekileng,

    Dilo tsotlhe tse di siameng,

    Fa ke tlhatlhanya ka tsone

    Di tla ntlisetsa kagiso.

    ’Kakanyo tsa ’go di dintle!

    Gape di molemo tsotlhe

    Ke tla akanya ka tsone,

    Ke tlhatlhanye ’tsatsi lotlhe.