Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 36

A re Diseng Dipelo Tsa Rona

A re Diseng Dipelo Tsa Rona

(Diane 4:23)

  1. 1. Re dise ’pelo tsa rona

    Mo bosuleng jotlhe.

    Modimo o bona pelo

    Mme o itse tsotlhe.

    Pelo e ka re raela

    Mme ya re faposa.

    Re tlhoka go e kaela

    Go bona botshelo.

  2. 2. Ka dipelo tse di phepa

    Re rapela Mmopi.

    Re mo leboga ka metlha;

    Re’isa le dikopo.

    Re boloka dilo tsotlhe

    Tse Jah a di rutang.

    Re disa ’pelo tsa rona

    Go kgatlha Jehofa.

  3. 3. Re disa ’pelo tsa rona

    Mo bosuleng jotlhe.

    Re letla ’Foko la Mmopi

    Le re ama pelo.

    Jah o rata basiami;

    Wa ba sireletsa.

    Rotlhe re tla mo’ikobela

    Re nne tsala tsa ’gwe.