Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 104

Mpho ya Modimo ya Moya o o Boitshepo

Mpho ya Modimo ya Moya o o Boitshepo

(Luke 11:13)

  1. 1. Wena Jehofa, Mothatayotlhe,

    Ruri o kutlwelobotlhoko.

    Re aparetswe ke matshwenyego,

    Re gomotse ka moya wa gago.

  2. 2. Rara Jehofa, re baleofi;

    Re go leofela ’nako tsotlhe.

    Reetsa dikopo tsotlhe tsa rona.

    A moya wa gago o re kaele.

  3. 3. Fa re lapile, re le bokoa,

    Moya wa ’go o’a re nonotsha.

    Re neye maatla a go itshoka;

    Gore re go direle ka metlha.