Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Lelapa

Re Lelapa
  1. 1. Ke rona bao re fitlhile,

    Le fa re tswa kwa kgakala.

    Mo loetong lono,

    Jehofa ke’ene

    A re segofaditseng.

    Mme tiro ya rona ga’e motlhofo,

    Re thuswa ke Jehofa.

    Mme bakaulengwe ba re amogetse

    Ka diatla tsoopedi.

    (KHORASE)

    ’Rato lo re kopantse,

    Mme rotlhe, ra nna lelapa.

    Le fa re farologane,

    Re kgonne

    Go nna lelapa.

  2. 2. Ruri lo tsere matsapa,

    Go tla go re amogela.

    Jaanong kopano e’a simolola,

    Mme re’itumetse thata.

    Gone re’itse gore ke Jehofa,

    Go bo re atlegile.

    Re tla mmaka le go mo rata go ya go’ile

    Mo lefatsheng lotlhe.

    (KHORASE)

    ’Rato lo re kopantse,

    Mme rotlhe ra nna lelapa.

    Le fa re farologane,

    Re kgonne

    Go nna lelapa.

  3. 3. Re tlile ka sefofane

    Re kgabaganya mawatle.

    Go’a ipedisa go bona batho

    Ba’amogela molaetsa.

    Mme lorato lwa bokaulengwe

    Lo feta tseno tsotlhe.

    Gongwe le gongwe kwa re yang mo ’fatsheng,

    Re bona ’rato loo!

    (BRIDGE)

    Tota rotlhe,

    Re na le lelapa mo ’fatsheng lotlhe,

    Kwa Mali le Mexico,

    Japane le Korea.

    (KHORASE)

    ’Rato lo re kopantse,

    Mme rotlhe ra nna lelapa.

    Le fa re farologane,

    Re kgonne

    Go nna lelapa.

    Re tswa mo ’tšhabeng tsotlhe​—

    Mme rotlhe, ra nna lelapa.

    Mme re bonwa ka lorato

    Ka gonne re bana ba ga Jah!

    Fiji, Tahiti, Jamaica le Ghana;

    Canada, Congo le Itali;

    Azerbaijan, Kazakhstan le Uganda​—

    Re kgonne go nna lelapa.