Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moratiwa

Moratiwa

Itseele:

  1. 1. Moratwa,

    Montlenyane wa me.

    Lorato

    Lwa pelo ya me.

    Dinonofo tsa ’go—

    Di’a intumedisa.

    Mme Jehofa,

    O tla re’atlegisa.

    Ke itumelela

    Go tshela le wena.

    Ruri o a nthata;

    E bile o’a ntlotla.

    (KHORASE)

    ’Tshelo jotlhe jwa rona,

    Re tla nna re ratana.

    Jehofa o tla nna a re kaela—

    Moratiwa.

  2. 2. Fa go le thata,

    Ka metlha o’a ntheetsa.

    O’a nkgomotsa,

    Gape o’a nkgothatsa.

    Ga ke belaele;

    Ka nnete o’a nthata.

    Ke motlotlo thata—

    Ka wena moratwa.

    (KHORASE)

    ’Tshelo jotlhe jwa rona,

    Re tla nna re ratana.

    Jehofa o tla nna a re kaela—

    Moratiwa.

    ’Tshelo jotlhe jwa rona,

    Re tla nna re ratana.

    Jehofa o tla nna a re kaela—

    Moratiwa,

    Moratiwa,

    Wa me.