Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ga Jehofa

Batho ba ga Jehofa

Batho ba ga Jehofa

Itseele:

Dinnoto

1. Re bona go fifala,

Mme ga re a tshoga.

Diphefo tsa mathata

Ke kgale ntse di foka.

Mme re tla nna pelokgale,

Ka gonne re na le Jah.

Ga go na sebetsa sepe

Se se re boifisang.

(KHORASE)

Re batho ba ga Jehofa,

Re tswa ditšhabeng tsotlhe.

Re tswelela re nitame,

Re mo direla rotlhe.

Ga a kitla’a re latlha

2. Re tshepile Jehofa

Gonne ke Mogolodi—

Modimo wa poloko,

Gape ke Mothusi.

Ga a kitla’a re tlogela,

O tla nna’a re tshegetsa.

Ga re boife baganetsi,

Le fa ba re tshosetsa!

(KHORASE)

Re batho ba ga Jehofa,

Re tswa ditšhabeng tsotlhe.

Re tswelela re nitame,

Re mo direla rotlhe.

(BRIDGE)

Re’ema re nitame;

Re sa boife sepe.

Botshelo jotlhe jwa rona,

Re tla tshelela ene.

(KHORASE)

Re batho ba ga Jehofa,

Re tswa ditšhabeng tsotlhe.

Re tswelela re nitame,

Re mo direla rotlhe.

Ga a kitla’a re latlha.