Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Babetli ba dikepe ba bogologolo ba ne ba dira jang gore dikepe tsa bone di se ka tsa tsena metsi?

Moitseanape wa dikepe tsa bogologolo e bong Lionel Casson, o tlhalosa se babetli ba dikepe ba kwa Roma ba neng ba se dira fa ba sena go lomaganya mapolanka a sekepe. Ba ne ba tlwaetse “go tshasa diphatla kgotsa le e eleng bokafantle jwa sekepe sotlhe ka bitumena le bonota ba bo ba tshasa gape le bokafagare jwa sekepe.” Lobaka lo loleele pele ga Baroma ba dira seno, Ba-Akadia le Bababelona, le bone ba ne ba dirisa bitumena mo dikepeng tsa bone gore di se ka tsa tsenwa ke metsi.

Seedi sa bitumena e e tshwanang le eno se ne se le se ntsi mo mafatsheng a motlha wa Baebele

Mo go Genesise 6:14, Dikwalo tsa Sehebera di umaka mokgwa o o tshwanang le oo o o neng o dirisiwa. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “tere” le kaya bitumena e e dirilweng ka lookwane lo lo sa tlhotlhiwang.

Bitumena e ka mefuta e mebedi—e le seedi gape e le komota. Babetli ba bogologolo ba dikepe ba ne ba dirisa bitumena e le seedi; ba ne ba e tshasa mo dikepeng tsa bone. Fa ba sena go e tshasa, e a omelela e bo e nna thata gore metsi a se ka a tsena mo sekepeng.

Bitumena e ne e le ntsi mo mafatsheng a motlha wa Baebele. Mokgatšha wa Sidima, o o gaufi le Lewatle le le Suleng ‘o ne o tletsetletse dikgatampi tsa bitumena.’—Genesise 14:10.

Bogologolo go ne go dirisiwa mekgwa efe gore tlhapi e se ka ya bola?

Tlhapi ga e a bolo go nna sejo se se botlhokwa. Pele ga baaposetoloi bangwe ba simolola go tsamaya le Jesu, e ne e le batshwari ba ditlhapi mo Lewatleng la Galalea. (Mathaio 4:18-22) Dingwe tsa ditlhapi tse ba neng ba di tshwara koo, di ne di isiwa mo “madirelong” a a gaufi.

Setshwantso se se bontshang batshwara ditlhapi ba bogologolo ba kwa Egepeto

Mokgwa ono wa go dira gore ditlhapi di se ka tsa senyega, o bonala o sa ntse o dirisiwa kwa Galalea mme o sa ntse o dirisiwa le mo mafelong a mangwe. Go buiwa ditlhapi pele mme di bo di tlhatswiwa mo metsing. Buka ya Studies in Ancient Technology e tlhalosa dikgato tse di latelang jaana: “Letswai le le gorofo le tshelwa mo marobeng, mo molomong le mo makapeng a tsone. Go tswa foo, ditlhapi tseo di khurumediwa ka matlhare a ditlhare tsa mokolane. Morago ga gore di nne malatsi a le 3-5, di a retololwa di bo di bewa malatsi a mangwe a le 3 go ya go a le 5. Fa di ntse di omisiwa jalo di a omelela mme letswai le tsenelela mo ditlhaping tseo. Fa di sena go omelela, di nna thata.”

Ga go itsiwe gore ditlhapi di kgona go nna lobaka lo lokae di sa bole fa di omisitswe jalo. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo Baegepeto ba bogologolo ba ne ba kgona go romela ditlhapi tseno tse di omisitsweng kwa Siria, le bontsha gore mokgwa ono o ne o bereka sentle.