Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Ke eng se se ka tlhotlheletsang leloko lengwe la segongwana sa basha sa kwa Mexico se se bidiwang Junior Satans go fetoga le go nna motho yo o ikanyegang le yo o dirang ka natla? Ke ka ntlha yang fa mmakgwebo mongwe yo o atlegileng thata wa Mojapane a ne a tlogela go dira gore dikhumo e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe, mme o ikutlwa jang ka diphetogo tse a di dirileng? Ke eng se se neng se ka tlhotlheletsa morekisi wa dibetsa wa kwa Russia go tlogela tiro ya gagwe e e neng e se kafa molaong e e neng e mo direla madi a mantsi? Akanya ka se batho bano ba se bolelelang.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: ADRIAN PEREZ

DINGWAGA: 30

NAGA: MEXICO

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: LELOKO LA SEGONGWANA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna 13, lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Ecatepec de Morelos kwa Mexico State. Ka nako eo, lefelo leo le ne le tletse ka bana ba diganana, bosenyi le tiriso e e sa siamang ya diokobatsi. Go ise go ye kae, ke ne ka simolola go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, go thuba dikago le go nna le boitsholo jo bo sa siamang.

Moragonyana re ne ra fudugela gape kwa San Vincente, e leng toropo e ke neng ke tsholetswe kwa go yone. Le fa go ntse jalo, go sa dirise diokobatsi sentle e ne e setse e le bothata jo bogolo koo. Go ne go tlwaelegile go bona basha ba rapaletse mo mebileng ba sule. Ke ne ka nna leloko la segongwana se se bidiwang Junior Satans. Re ne re utswa le go dirisa diokobatsi e bile re goga turpentine kgotsa glue. Gantsi ke ne ke sa gakologelwe gore ke fitlhile jang kwa gae mme ka dinako tse dingwe ke ne ke robala mo seterateng ke sa ikutlwe. Bangwe ba ditsala tsa me ba ne ba feleletsa ba le kwa kgolegelong ka ntlha ya go utswa le go bolaya.

Le fa ke ne ke dira dilo tseno tse di sa siamang, ke ne ke dumela mo Modimong. Gore segakolodi sa me se se ka sa ntshwenya, ke ne ke tsaya karolo mo meletlong ya bodumedi e e jaaka go tlhomiwa ga difapaano mo kerekeng ka nako ya Beke e e Boitshepo. Le fa go ntse jalo, morago ga moo, rotlhe, go akaretsa le motho yo o neng a tshameka karolo ya ga Keresete, re ne re keteka go nna le seabe ga rona mo moletlong oo ka go nwa bojalwa go fitlha re tagwa.

KAFA BAEBELE E NENG YA FETOLA BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke ne ke tloga ke wetsa dingwaga tsa bolesome, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka lemoga gore botshelo jwa me ga bo na boikaelelo bope le gore fa ke ne ke tswelela ke tshela ka tsela eno, dilo di ne di se kitla di ntsamaela sentle. Ke ne ka kgatlhiwa ke mafoko a a mo go Bagalatia 6:8 a a reng: “Yo o jalelang nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalelang moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng.” Temana eno e ne ya dira gore ke lemoge gore fa ke ne ke batla gore dilo di ntsamaele sentle, ke tshwanetse go jalela go roba se se molemo mo isagweng.

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka simolola go tlhaloganya gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang yo o nkgatlhegelang le gore o ne a ikemiseditse go intshwarela maleo a ke a dirileng mo nakong e e fetileng. Ke ne ka lemoga mo go se se ntiragaletseng gore o reetsa dithapelo e bile o a di araba.

Go ne go se motlhofo go fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone. Go ne go le thata go tlogela segongwana. Go ne go na le mafelo mangwe a a neng a laolwa ke digongwana dingwe, mme ke ne ke sa kgone go feta fa go one le fa ke ne ke sa tlhole ke le leloko la segongwana. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke tshwanetse go iphitlhela ditsala tsa me tsa pele ka gonne ba ne ba tla leka go mpateletsa go dira dilo tse ke neng ke di dira pele.

Go farologana le seo, fa ke ne ke simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi kwa Holong ya Bogosi, ke ne ka lemoga gore maloko a phuthego a lorato e bile a botsalano. Ke ne ka kgatlhiwa ke gore tumelo ya batho bano e ne e nonofile thata e bile ba ne ba tshela go dumalana le dilo tse ba neng ba di ruta. E ne e le boemo jo bo farologaneng go na le jo ke neng ke bo tlwaetse.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Gone jaanong ke na le dingwaga di le lesome ke kolobeditswe jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke leka ka natla go dirisa dithuto tsa Baebele mo botshelong jwa me. Ka ntlha ya seo, ba lelapa la me ba a ntlotla. Gone jaanong ba nkitse ke le motho yo o dirang ka natla mme ke kgonne go ba thusa ka madi. Mmè o ne a simolola go ithuta Baebele mme gone jaanong ke Mosupi wa ga Jehofa. Rre le ene o ntse a leka go fetola tsela e a tshelang ka yone. Bontsi jwa ba lelapa la gaetsho ga se Basupi ba ga Jehofa, mme morago ga go bona diphetogo tse ke di dirileng, ba ne ba dumela gore Baebele e ka kgona go thusa motho go tokafatsa botshelo jwa gagwe.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: YAYOI NAGATANI

DINGWAGA: 50

NAGA: JAPANE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MMAKGWEBO YO O ATLEGILENG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse mo torotswaneng e e kwa magaeng e e tletseng ka batho ba ba botsalano. Rre o ne a na le lebenkele le legolo mo toropong le mo go lone a neng a hirile badiri ba le lesome. Ntlo ya rona e ne e le gaufi le lebenkele, ka jalo le fa Rre le Mmè ba ne ba tshwaregile thata, ke ne ke sa jewe ke bodutu.

Ke nna wa ntlha mo basetsaneng ba le bararo, mme go tloga ke sa le monnye, ke ne ka thapisiwa go tlhokomela kgwebo ya lelapa. Ke nyetswe ke sa ntse ke le monnye. Monna wa me o ne a tlogela tiro ya gagwe ya kwa bankeng mme a tla go thusa mo kgwebong ya rona. Re ne ra nna le bana ba bararo, ba sa siane go le kalo ka dingwaga. Mmè o ne a tlhokomela bana fa a ntse a dira ditiro tsa mo lapeng fa nna ke ne ke bereka kwa lebenkeleng go tloga mo mosong go fitlha bosigogare. Tota le fa go ne go ntse jalo, re ne re na le nako e re neng re kgona go e fetsa re le mmogo.

Moragonyana mabenkele a ne a amiwa thata ke kwelotlase ya ikonomi, mme kgwebo ya rona e ne ya simolola go amiwa ke seo. Go thibela seo, re ne ra swetsa ka go bula lebenkele le le rekisang didirisiwa tsa go baakanya matlo le go a kgabisa, gaufi le mmila o mogolo. Letsatsi pele ga mokete wa go simolola go aga lebenkele leno, rre, yo e neng e le mookamedi wa khampani ya rona, o ne a wa ka ntlha ya bolwetse jwa boboko. Bolwetse jono bo ne jwa dira gore a se ka a tlhola a kgona go bua sentle, ka jalo, ke ne ka sikara maikarabelo a go tlhokomela lebenkele leno le lesha. Monna wa me o ne a sala a tlhokometse lebenkele la bogologolo. Re ne re tlhola re tshwaregile thata.

Kgwebo e ne e tsamaya sentle mo lebenkeleng le lesha. Ke ne ke le motlotlo ka ntlha ya se ke neng ke se dirile mme ke ne ka itima boroko gore ke bereke. Le fa ke ne ke rata banake, ke ne ke akanya fela ka tiro. Ke ne ke bua le monna wa me ka sewelo, mme fa re ne re bua, re ne re omana thata. E le gore ke itshokele go gatelelwa mo maikutlong, ke ne ka simolola go intsha bosigo bongwe le bongwe go ya go nwa le ditsala tsa me le ba ke dirang kgwebo le bone. Se ke neng ke se dira fela, e ne e le go bereka, go nwa le go robala. Ke ne ke sa itumela le fa ke ne ke na le madi a mantsi mme gone ke ne ke sa kgone go tlhaloganya lebaka la seo.

KAFA BAEBELE E NENG YA FETOLA BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ditemana di le tharo tsa Baebele di ne tsa nkama fela thata. Ke ne ka lela fa ke ne ke tlhaloganya se se neng se kaiwa ke Mathaio 5:3 e e reng: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” Temana eno e ne ya tlhalosa lebaka la go bo ke ne ke sa itumela le fa ke na le madi a mantsi e bile ke ratwa ke batho ba ke neng ke dira kgwebo le bone. Ke ne ka lemoga gore ke ne ke tla itumela tota fa fela ke ne ke tshwenyega ka dilo tse ke di tlhokang semoyeng le go di dira.

Ka nako eo, maemo a ikonomi ya Japane a ne a wetse tlase mme mo bagwebing mmogo le nna ke ne ka lemoga boammaaruri jwa mafoko a a mo go 1 Timotheo 6:9 a a reng: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” Ke ne ka lemoga gore mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:24 a a reng “ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo,” a ne a dira mo go nna, ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke dire diphetogo dingwe mo botshelong jwa me.

Ke ne ka lemoga gore ke ntse ke tlhokomologa batsadi ba me, monna wa me le bana ba me. Gape ke ne ka lemoga gore ke nnile le mekgwa mengwe e e sa siamang. Ke ne ke le lenyatso. Ke ne ke sa kgone go itshokela batho ba bangwe. E bile ke ne ke tenega ka bonako. Kwa tshimologong ke ne ke akanya gore go ne go tla nna thata gore ke fetoge go nna Mokeresete. Le fa go ntse jalo, ke ne ke rata banake fela thata mme ke ne ka lemoga gore fa ke ntse ke dirisa kgakololo ya Baebele fa ke dirisana le ba lelapa la me, banake ba ne ba itumela fela thata. Ke ne ke dirisa nako e ntsi ke na le bone mme ke ne ke tsamaya le bone go ya dipokanong tsa Bokeresete.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Go itse boikaelelo jwa botshelo, go kgona go direla Modimo le go tshela botshelo jo bo mo itumedisang go dirile gore ke itumele ke bo ke kgotsofale thata. Ga ke tlhole ke dira gore tiro e nne yone e tlang pele ga lelapa la me, ka jalo ke ile ka kgona go boa ke itlotla gape.

Fa mmè a bona kafa botho jwa me bo fetogileng ka gone go nna jo bo botoka fa ke ntse ke dirisa melaometheo ya Baebele, seo se ile sa mo tlhotlheletsa gore a ithute Baebele mme a nne Mokeresete. Ke itumedisiwa ke gore rre le monna wa me ga ba a ka ba nna kgatlhanong le ditshwetso tsa rona. Ke atamalane thata le banake mme gone jaanong ke itumelela botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: MIKHAIL ZUYEV

DINGWAGA: 51

NAGA: RUSSIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOREKISI WA DIBETSA TSE DI SENG KAFA MOLAONG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Toropo e ke tsholetsweng kwa go yone ya Krasnogorsk e dikologilwe ke dimela tse di tala. Noka ya Moscow e elela go ya kwa borwa. Go ela kwa bophirima le borwa, metse e e gaufi le toropo e batla e dikologilwe ke sekgwa.

Fa ke ne ke le mosha, ke ne ke rata go lwa ka mabole le ka dibetsa. Ke ne ke fetsa nako e ntsi ke itshidila mmele. Gape ke ne ke dira ditlhobolo, dibetsa le dithipa e se kafa molaong. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka dira kgwebo ka dilo tseno. Ke ne ke dira dilo ka thulaganyo mme ke atlegile thata mo go di rekisetseng dikebekwa.

KAFA BAEBELE E NENG YA FETOLA BOTSHELO JWA ME KA GONE: Mo masimologong a bo1990, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa, mme la ntlha ke ne ke sa ba tshepe. Ba ne ba mpotsa dipotso tse dintsi thata.

Letsatsi lengwe mongwe wa bone o ne a mpalela Baroma 14:12 e e reng: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” Ke ne ke ipotsa gore ke tla raya Modimo ke reng. Temana eno e ne ya ntlhotlheletsa gore ke ithute gore Modimo o batla gore ke direng.

Ke ne ke dira ka natla go dirisa kgakololo e e kwadilweng mo go Bakolosa 3:5-10 e e reng: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana. Ka ntlha ya dilo tseo tšhakgalo ya Modimo e a tla. . . . Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona. Lo se ka lwa akelana. Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo apare botho jo bosha.”

Ke ne ke fitlhela go le thata go dira diphetogo tseo. Batho ba pele ke neng ke ba rekisetsa dibetsa ba ne ba tlhola ba nnaya madi a gore ke ba di rekisetse mme go ne go le thata gore ke itshware fa batho ba ntlhapatsa. Le fa go ne go le jalo, ke ne ka senya dibetsa tse dikgolo le tse di tlhwatlhwakgolo tse ke neng ke na le tsone. Fa ke ntse ke ithuta ka tsela e Modimo le Keresete ba nthatang ka yone, ke ne ka tlhotlheletsega go ba rata. Ke ne ka tswelela ke ithuta Baebele, ke nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ya lefelo la gaetsho le go rapela Modimo gore a nthuse.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ka ntlha ya go leka ka natla le go thusiwa ke bakaulengwe ba Bakeresete, ka iketlo botho jwa me bo ne jwa simolola go tokafala. Go tlhaloganya gore Jehofa Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa rona tota le ka batho ba ba suleng, go a intumedisa. (Ditiro 24:15) Ke kgatlhwa ke bopeloephepa le boikanyegi jo ke bo bonang mo Basuping ba ga Jehofa. Mme ke anaanela tsela e ba neng ba bontsha go nkgatlhegela ka yone le tsela e ba ikanyegang ka yone mo Modimong.

Kwa tshimologong, bangwe ba lelapa le ditsala tsa me ba ne ba le kgatlhanong le tumelo ya me e ntšha. Mme morago ba ne ba ikgomotsa ka gore go ne go le botoka gore ke bo ke le mo bodumeding go na le go nna leloko la segongwana sa dikebekwa. Ke itumedisiwa ke gore ga ke tlhole ke rekisa dibetsa tsa ntwa go na le moo ke dirisa botshelo jwa me go thusa batho ba bangwe go ithuta ka Modimo wa kagiso.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke ne ke tsaya karolo mo meletlong ya Katoliki gore segakolodi sa me se se ka sa ntshwenya

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke ne ke na le madi a mantsi mme gone ke sa itumela