Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• A go na le tsholofelo ya gore losea lo lo tlhokafalang lo ise lo tsholwe lo tla tsosiwa?

Botshelo bo simolola fa ngwana a imiwa. Jehofa a ka tsosa batho go sa kgathalesege gore ba kana kang, ka gonne “dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mar. 10:27) Mme Baebele ga e bue ka tlhamalalo gore a o tla tsosa bana ba ba tlhokafetseng ba le mo popelong ba ise ba tsholwe.—4/15, tsebe 12, 13.

• Re ka ithuta eng mo ditshoswaneng, mo dipeleng, mo tsieng le mo go bommamagwatagwatane?

Ditshedi tseno tse nnè di botlhale ka tlholego. Ka jalo, di tlotlomatsa botlhale jwa Modimo. (Dia. 30:24-28)—4/15, tsebe 16-19.

• Basupi ba ga Jehofa ba diragaletswe ke tiragalo efe ya botlhokwa mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng?

Ka 1909 ntlokgolo ya Watch Tower Bible and Tract Society, e leng lekgotla la semolao la Basupi ba ga Jehofa la go gatisa, e ne ya fudusiwa go tswa kwa Pittsburgh, Pennsylvania, go ya kwa Brooklyn, New York, kwa e ntseng e le teng le gompieno.—5/1, tsebe 22-24.

• Ke eng fa Baebele e buelela tidimalo?

Tidimalo e ka nna tsela ya go bontsha tlotlo, e ka re thusa go tlhatlhanya, e bile ke tsela ya go bontsha botlhale le temogo. (Pes. 37:7; 63:6; Dia. 11:12)—5/15, tsebe 3-5.

• John Wycliffe, William Tyndale, Robert Morrison, le Adoniram Judson ba tshwana ka eng?

Botlhe ba ne ba rata Lefoko la Modimo mme ba ne ba le ranolela mo dipuong tse batho ba ka di balang. Wycliffe le Tyndale ba ne ba ranolela Baebele mo Seesemaneng, Morrison a e ranolela mo puong ya Se-China, mme Judson a e ranolela mo puong ya Se-Burma (sa kwa Myanmar).—6/1, tsebe 8-11.

• Ke dikgosi di le kae tsa kwa Juda tse di neng tsa bontsha gore di tlhoafaletse ntlo ya Modimo ka tsela e e tlhomologileng?

Go busitse dikgosi di le 19 mo bogosing jo bo neng bo le mo karolong e e kwa borwa jwa Juda, mme di le nnè tsa tsone di ne tsa bontsha gore di tlhoafaletse ntlo ya Modimo ka tsela e e tlhomologileng—Asa, Jehoshafate, Hesekia le Josia.—6/15, tsebe 7-11.

• A Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ba na le seabe mo go abiweng ga dijo tsa semoya?

Nnyaa. Botlhe ba ba tloditsweng ka moya wa Modimo ke karolo ya setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, mme ba ba mo Setlhopheng se se Laolang ke bone ba okamelang go abiwa ga dijo tsa semoya.—6/15, tsebe 22-24.

• Ke eng se se neng sa dira gore masole a Roma a batle seaparo sa ga Jesu sa kafa teng?

Masole a a neng a le teng fa Jesu a bolawa ga a ka a gagola seaparo sa gagwe. Gantsi seaparo se se ntseng jalo se ne se dirwa ka go rokaganya matsela a mabedi, mme seaparo sa ga Jesu sone se ne se se na moroko, mme seo se ne se dira gore se nne tlhwatlhwakgolo thata.—7/1, tsebe 22.

• Ke eng fa go ka twe lorato e ne e le sone selo sa botlhokwa se se neng se farologanya Jesu le baeteledipele ba bodumedi?

Go na le gore baeteledipele bao ba rate batho ba maemo a a kwa tlase, ba ne ba ba nyatsa. Mo godimo ga moo, ba ne ba sa rate Modimo. Jesu o ne a rata Rraagwe mme o ne a tlhomogela batho pelo. (Math. 9:36) O ne a le lorato, a le kutlwelobotlhoko e bile a le pelonomi mo go bone.—7/15, tsebe 15.

• Ke eng fa go dirisa madi sentle e ka nna kgwetlho mo lenyalong, mme banyalani ba ka thusiwa ke eng gore ba atlege?

Gantsi dikganetsano tsa madi di bakiwa ke go bo molekane yo mongwe a sa ikanye yo mongwe kgotsa a boifa gore a ka se dirise madi sentle, e bile balekane ba lenyalo ba ka tswa ba godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng. Tseno ke ditsela tse nnè tsa go atlega: Ithuteng gore lo se ka lwa omana fa lo bua ka madi, dumalanang gore lo tla dirisa jang madi a lo a amogelang, kwalang fa fatshe gore lo ikaeletse go dirisa madi jang, dumalanang ka gore ke mang yo o tla dirang dilo dingwe.—8/1, tsebe 10-12.