Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo e e Neng ya Senolwa Gape

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo e e Neng ya Senolwa Gape

 Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng—Tsholofelo e e Neng ya Senolwa Gape

“Wena, Daniele, dira mafoko ano sephiri . . . go fitlha motlha wa bokhutlo. Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.”—DAN. 12:4.

1, 2. Go tla tlotliwa ka dipotso dife mo setlhogong seno?

BATHO ba le bantsintsi gompieno ba tlhaloganya sentle mabaka a a theilweng mo Dikwalong a go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshen. 7:9, 17) Fa batho ba sena go bopiwa, Modimo o ne a senola gore motho o ne a sa bopelwa go tshela dingwaga di se kae fela a bo a swa, mme o ne a bopetswe go tshelela ruri.—Gen. 1:26-28.

2 Tsholofelo ya Baiseraele e ne e akaretsa gore batho ba ne ba tla busediwa mo boitekanelong jo Adame a neng a bo latlhile. Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di tlhalosa se Modimo a tla se dirang gore batho ba kgone go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng. Mme ke ka ntlha yang fa tsholofelo ya batho e ile ya tshwanelwa ke go senolwa gape? E ne ya senolwa jang mme ya itsisiwe dimilione tsa batho?

Tsholofelo e a Bipiwa

3. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo tsholofelo ya batho ya go tshelela ruri mo lefatsheng e ile ya bipiwa?

3 Jesu o ne a bolelela pele gore baporofeti ba maaka ba ne ba tla kgotlela dithuto tsa gagwe le gore bontsi jwa batho ba ne ba tla timediwa. (Math. 24:11) Moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa Bakeresete jaana: “Gape go tla nna le barutisi ba maaka mo go lona.” (2 Pet. 2:1) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka ‘lobaka lwa nako lo [batho ba neng ba se na go] iteseletsa go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba [ne ba] tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe.’ (2 Tim. 4:3, 4) Satane o timetsa batho mme o ntse a dirisa Bokeresete jwa botlhanogi go bipa dithuto tsa boammaaruri tse di itumedisang malebana le boikaelelo jwa Modimo ka batho le lefatshe.—Bala 2 Bakorintha 4:3, 4.

4. Baeteledipele ba bodumedi ba batlhanogi ga ba dumalane le tsholofelo efe e batho ba nang le yone?

4 Dikwalo tsa re Bogosi jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong e e tla thubaganyang e bo e fedisa dipuso tsotlhe tsa batho. (Dan. 2:44) Ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete, Satane o tla tswalelwa mo moleteng, baswi ba tla tsosiwa, mme batho ba tla dirwa gore ba itekanele mo lefatsheng. (Tshen. 20:1-3, 6, 12; 21:1-4) Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba batlhanogi ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ile ba simolola go ruta le dithuto tse dingwe gape. Ka sekai, Rara wa Kereke wa lekgolo la boraro la dingwaga e bong Origen wa Alexandria o ne a kgala batho ba ba neng ba dumela gore Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e tla tlisa masego mo lefatsheng. Go ya ka buka ya tshedimosetso ya The Catholic Encyclopedia, moithutabodumedi wa Katoliki e bong Augustine wa kwa Hippo (354-430 C.E.) “o ne a dumalana le tumelo ya gore go ka se nne le puso ya dingwaga tse di sekete.” *

5, 6. Ke ka ntlha yang fa Origen le Augustine ba ne ba ganetsa gore go tla nna le puso ya dingwaga tse di sekete?

5 Ke ka ntlha yang fa Origen le Augustine ba ne ba ganetsa kgang ya gore go tla nna le puso ya dingwaga tse di sekete? Origen e ne e le morutwa wa ga Clement wa Alexandria, yo o neng a amogetse tumelo ya ditso tsa Bagerika ya gore moya ga o swe. Go ya ka moithutabodumedi e bong Werner Jaeger, e re ka Origen a ne a tlhotlhelediwa thata ke  megopolo ya ga Plato malebana le moya, “o ne a kopanya thuto ya Bokeresete le kgang yotlhe ya moya e a neng a e tsere mo go Plato.” Ka ntlha ya seo, Origen o ne a re masego ape a Puso ya Dingwaga Tse di Sekete tota e ne e se a mo lefatsheng mme e ne e le a botshelo jwa semoya.

6 Pele Augustine a sokologela mo go se se bidiwang “Bokeresete” a na le dingwaga di le 33, o ne a fetogile Mo-Neoplatonist—molatedi wa mofuta wa filosofi ya ga Plato, e e neng e tlhamilwe ke Plotinus mo lekgolong la boraro la dingwaga. Fa Augustine a sena go sokologa, o ne a nna a ntse a akanya ka tsela ya ga Plato. Buka ya tshedimosetso ya The New Encyclopædia Britannica ya re: “O ne a nna le seabe se segolo mo go kopanyeng ka botlalo bodumedi jwa Tesetamente e Ntšha le dithuto tsa ga Plato tsa filosofi ya Segerika.” The Catholic Encyclopedia ya re Augustine o ne a tlhalosa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e go buiwang ka yone mo go Tshenolo kgaolo 20 a re “ke tshwantshetso fela.” Gape ya re: “Tlhaloso eno . . . e ne ya amogelwa ke baithutabodumedi ba Bophirima ba ba neng ba tla morago ga gagwe mme tumelo ya gore go tla nna le puso ya dingwaga tse di sekete jaaka e ne e dumelwa kwa tshimologong e ne e sa tlhole e amogelwa.”

7. Ke tumelo efe ya maaka e e sentseng tsholofelo ya batho ya go tshelela ruri mo lefatsheng, mme ka tsela efe?

7 Tsholofelo ya batho ya go tshelela ruri mo lefatsheng e ne ya senngwa ke kgopolo e e neng e aname kwa Babelona wa bogologolo mme ya anamela mo lefatsheng lotlhe—kgopolo ya gore motho o na le moya o o sa sweng o o agileng fela mo mmeleng wa senama. Fa madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ne a amogela kgopolo eno, baithutabodumedi ba ne ba sokamisa Dikwalo ba dira gore go lebege e kete ditemana tse di tlhalosang tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong di ruta gore batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong. Go ya ka tsela eno ya go leba dilo, motho o tshwanetse go tshela ka nakwana fela mo lefatsheng—e le teko ya go bona gore a o tshwanelega go ya go tshela kwa legodimong. Go ne ga direga sengwe se se tshwanang le seo ka tsholofelo ya ntlhantlha e Bajuda ba neng ba na le yone malebana le go tshelela ruri mo lefatsheng. Fa Bajuda ba ntse ba amogela tumelo ya Bagerika ka iketlo ya gore moya ga o swe, tsholofelo ya bone ya kwa tshimologong ya go tshela mo lefatsheng e ne ya fela. A bo seo se farologane jang ne le tsela e motho a tlhalosiwang ka yone mo Baebeleng! Motho ke sebopiwa sa senama, ga se moya. Jehofa o ne a raya motho wa ntlha a re: “O lorole.” (Gen. 3:19) Motho o bopetswe go tshelela ruri mo lefatsheng, e seng kwa legodimong.—Bala Pesalema 104:5; 115:16.

Boammaaruri bo Phatsima mo Lefifing

8. Bakanoki bangwe ba dingwaga tsa bo1600 ba ne ba reng ka tsholofelo ya batho?

8 Le fa madumedi a mantsi a a ipitsang a Bokeresete a ganetsa kgang ya gore batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng, ga se ka metlha Satane a ileng a kgona go bipa boammaaruri. Fa dingwaga di ntse di ya, batho ba se kae ba ba balang Baebele ka kelotlhoko ba ne ba bona go phatsima ga boammaaruri, fa ba ntse ba tlhaloganya dintlha dingwe malebana le kafa Modimo a tla dirang ka teng gore batho ba boe ba itekanele. (Pes. 97:11; Math. 7:13, 14; 13:37-39) Ka bo1600, go ranolwa le go gatisiwa ga Baebele go ne go dirile gore Dikwalo Tse di Boitshepo di aname thata. Ka 1651, mokanoki mongwe o ne a kwala gore e re ka batho ba ile ba “latlhegelwa ke Paradaise le Botshelo jo bo sa Khutleng mo Lefatsheng” ka ntlha ya ga Adame, fela jalo ka Keresete “batho botlhe ba tla kgona go tshela mo Lefatsheng; e seng jalo go tla bo go sa  tshwanele go bapisa banna bao ba babedi.” (Bala 1 Bakorintha 15:21, 22.) John Milton, mongwe wa baboki ba ba itsegeng thata ba Baesemane (1608-1674), o ne a kwala buka ya Paradise Lost [Paradaise e e Latlhegileng] mme morago a kwala buka ya Paradise Regained [Paradaise e e Bonweng Gape]. Mo dibukeng tsa gagwe, Milton o ne a bua ka tuelo e batho ba ba ikanyegang ba tla e bonang mo paradaiseng ya mo lefatsheng. Le fa Milton a ile a dirisa nako e ntsi ya botshelo jwa gagwe a ithuta Baebele, o ne a lemoga gore boammaaruri jwa Dikwalo bo ne bo ka se tlhaloganngwe ka botlalo go fitlha ka nako ya go nna gone ga ga Keresete.

9, 10. (a) Isaac Newton o ne a kwala eng ka tsholofelo ya batho? (b) Ke ka ntlha yang fa Newton a ne a bona go tla ga ga Keresete go sa ntse go le kgakala?

9 Radipalo yo o itsegeng thata e bong Sir Isaac Newton (1642-1727) le ene o ne a kgatlhegela Baebele thata. O ne a dumela gore baitshepi ba tla tsosediwa gore ba ye go tshela kwa legodimong mme ba tla busa le Keresete ba sa bonale. (Tshen. 5:9, 10) Mme o ne a kwala jaana ka babusiwa ba Bogosi: “Batho ba tla tswelela ba nna mo lefatsheng morago ga letsatsi la katlholo, e seng ka dingwaga di le 1 000 fela, mme ka bosakhutleng.”

10 Newton o ne a tsaya gore Keresete o ne a tla tla morago ga makgolokgolo a dingwaga. Rahisitori Stephen Snobelen a re: “Lebaka lengwe la go bo Newton a ne a tsaya Bogosi jwa Modimo bo le kgakala jaana e ne e le ka gonne a bona botlhanogi jo bo tseneletseng jwa batho ba ba dumelang Tharonngwe bo aname thata ka nako eo.” Dikgang tse di molemo di ne di sa ntse di bipilwe. Mme Newton o ne a sa bone mokgatlho ope o o ipolelang e le wa Bokeresete o o neng o ka rera dikgang tseo. O ne a kwala jaana: “Boporofeti jono jwa ga Daniele le jwa ga Johane [jono jwa bofelo bo kwadilwe mo bukeng ya Tshenolo] ga bo a tshwanela go tlhaloganngwa go fitlha mo motlheng wa bokhutlo.” Newton o ne a tlhalosa jaana: “Daniele a re, ‘Go tswa foo batho ba le bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso e tla oketsega.’ Gonne Efangele e tshwanetse go rerwa mo ditšhabeng tsotlhe pele go tla pitlagano e kgolo le bokhutlo jwa lefatshe. Boidiidi jo bo tshotseng makolane, jo bo tshwanetseng go tswa mo pitlaganong eno e kgolo, e ka se nne bontsintsi jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe, fa e se fela fa go ka rerwa Efangele pele pitlagano e tla.”—Dan. 12:4; Math. 24:14; Tshen. 7:9, 10.

11. Ke ka ntlha yang fa tsholofelo ya batho e ne ya nna e fitlhegile mo bathong ba le bantsi mo metlheng ya ga Milton le Newton?

11 Mo metlheng ya ga Milton le Newton, go ne go le kotsi go bua dikgopolo tse di sa tsamaisaneng le thuto ya kereke. Ka jalo, bontsi jwa dipatlisiso tse ba neng ba di kwadile tsa Baebele ga di a ka tsa gatisiwa go fitlha ba sena go swa. Phetogo e Kgolo ya lekgolo la bo16 la dingwaga ga e a ka ya fetola thuto ya gore motho o na le moya o o sa sweng, le dikereke tse dikgolo tsa Porotesetanta di ne tsa tswelela pele di ruta kgopolo ya ga Augustine ya gore Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e fetile, ga e mo isagweng. A kitso e oketsegile mo motlheng wa bokhutlo?

“Kitso ya Boammaaruri e Tla Nna Ntsi”

12. Kitso ya boammaaruri e ne e tla anama leng?

12 Daniele o ne a bolelela pele tiragalo e e molemo thata e e neng e tla direga mo ‘motlheng wa bokhutlo.’ (Bala Daniele 12:3, 4, 9, 10.) Jesu o ne a re: “Ka nako eo basiami ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi.” (Math. 13:43) Kitso ya boammaaruri e ne ya anama jang mo motlheng wa bokhutlo? Akanya ka ditiragalo dingwe tse dikgolo tse di diragetseng mo masomeng a dingwaga pele ga 1914, ngwaga o motlha wa bokhutlo o neng wa simologa ka one.

13. Charles Taze Russell o ne a kwala eng fa a sena go sekaseka kgang ya go busediwa ga batho mo boitekanelong?

13 Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1800, batho ba le mmalwa ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba batla go tlhaloganya “sekao sa mafoko a a itekanetseng.” (2 Tim. 1:13) Mongwe wa bone e ne e le Charles Taze Russell. Ka 1870 ene le batho ba bangwe ba se kae ba ba neng ba batla boammaaruri ba ne ba thaya setlhopha se se ithutang Baebele. Ka 1872 ba ne ba sekaseka kgang ya go busediwa ga batho kwa boitekanelong. Moragonyana, Russell o ne a kwala jaana: “Go tla go fitlha ka nako eo, re ne re sa bone sentle pharologanyo e kgolo fa gare ga tuelo e e tla bonwang ke kereke e gone jaanong e leng mo nakong ya go lekwa le tuelo e e tla bonwang ke batho ba ba ikanyegang ka kakaretso.” Tuelo ya bano ba bofelo e tla nna “go busediwa mo boitekanelong jo Adame, tlhogo ya bone ya lotso le rraabonemogologolwane a neng a na le jone kwa tshimologong kwa Edene.” Russell o ne a dumela  gore go bala dibuka tsa ba bangwe go ne ga mo thusa fa a ntse a ithuta Baebele. E ne e le bomang?

14. (a) Henry Dunn o ne a tlhaloganya Ditiro 3:21 jang? (b) Dunn o ne a re ke bomang ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng?

14 Mongwe wa bone e ne e le Henry Dunn. O ne a kwadile ka ga “go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe tse Modimo a neng a bua ka tsone ka molomo wa baporofeti ba gagwe ba ba boitshepo ba nako ya bogologolo.” (Dit. 3:21) Dunn o ne a itse gore tsosoloso eno e ne e akaretsa go busediwa ga batho mo boitekanelong mo lefatsheng ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete. Gape Dunn o ne a batlisisa karabo ya potso eno e batho ba le bantsi ba neng ba sa bolo go e ipotsa, Ke bomang ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng? O ne a tlhalosa gore go tla tsosiwa dimilionemilione tsa batho, ba tla rutiwa boammaaruri mme ba tla nna le sebaka sa go bontsha gore ba dumela mo go Keresete.

15. George Storrs o ne a lemoga eng ka tsogo?

15 Ka 1870, George Storrs le ene o ne a swetsa ka gore batho ba ba sa siamang ba tla tsosiwa mme ba newe tshono ya go tshelela ruri. Gape o ne a lemoga go tswa mo Dikwalong gore motho yo o tsositsweng a bo a sa amogele tshono eno “o tla felela a sule, tota le fa ‘moleofi a ka nna dingwaga di le lekgolo.’” (Isa. 65:20) Storrs o ne a nna kwa Brooklyn, New York mme a thusa go gatisa makasine o o bidiwang Bible Examiner.

16. Ke eng se se neng se dira gore Baithuti ba Baebele ba farologane thata le madumedi a a ipitsang a Bokeresete?

16 Russell o ne a lemoga go tswa mo Baebeleng gore e ne e le nako ya gore dikgang tse di molemo di anamisiwe. Ka jalo ka 1879, o ne a simolola go gatisa makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, o jaanong o bidiwang Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Pele ga foo, boammaaruri ka ga tsholofelo ya batho bo ne bo tlhaloganngwa ke batho ba le mmalwa thata, mme jaanong ditlhopha tsa Baithuti ba Babele mo dinageng di le dintsi di ne di amogela makasine wa Tora ya Tebelo e bile di o ithuta. Tumelo ya gore go tlile go ya batho ba se kae fela kwa legodimong mme batho ba le dimilionemilione ba tla tshela botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng, e ne ya dira gore Baithuti ba Baebele ba farologane thata le madumedi a mantsi a a ipitsang a Bokeresete.

17. Kitso ya boammaaruri e ne ya nna ntsi ka tsela efe?

17 “Motlha wa bokhutlo” o go boleletsweng pele ka one o ne wa simolola ka 1914. A kitso ya boammaaruri ka ga tsholofelo ya batho e ne ya nna ntsi? (Dan. 12:4) Ka 1913, dithero tsa ga Russell di  ne di gatisiwa mo makwalodikgannyeng a le 2 000 mme di balwa ke batho ba le 15 000 000. Kwa bofelong jwa 1914, batho ba feta 9 000 000 mo dikontinenteng di le tharo ba ne ba bone “Photo-Drama of Creation”—baesekopo e e neng e na le ditshwantsho tse di tsamayang mmogo le diselaete e e neng e tlhalosa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Go tloga ka 1918 go fitlha ka 1925, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba naya puo e e reng “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa,” e e neng e tlhalosa tsholofelo ya gore batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng, ba e naya ka dipuo di feta 30 mo lefatsheng lotlhe. Ka 1934, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore batho ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng ba tshwanetse go kolobediwa. Tsela eno ya go tlhaloganya dilo e ne ya dira gore ba simolole go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo gape. Gompieno, tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng e dira gore batho ba le dimilionemilione ba leboge Jehofa fela thata.

“Kgololesego e e Galalelang” e Gaufi!

18, 19. Isaia 65:21-25 e bolelela pele gore botshelo bo tla bo bo ntse jang?

18 Moporofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale ka mofuta wa botshelo jo batho ba Modimo ba tla bo tshelang mo lefatsheng. (Bala Isaia 65:21-25.) Ditlhare dingwe tse di neng di tshela dingwaga di le 2 700 tse di fetileng fa Isaia a ne a kwala mafoko ao di tshwanetse tsa bo di sa ntse di tshela le gompieno. A o kgona go ipona o tshela lobaka lo loleele jalo o na le maatla le botsogo jo bo molemo?

19 Botshelo bo tla bo bo se bokhutshwane jaaka gompieno, mme batho ba tla nna le sebaka sa go aga, go jala le go ithuta ka bosakhutleng. Akanya ka ditsala tse o tla kgonang go nna le tsone. Botsala joo jo bo lorato bo tla tswelela bo gola ka bosakhutleng. A bo “bana ba Modimo” ba tla ipelela “kgololesego e e galalelang” jang ne mo lefatsheng ka nako eo!—Bar. 8:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Augustine o ne a re Puso ya Bogosi Jwa Modimo ya Dingwaga Tse di Sekete e ne e ka se simolole go busa mo isagweng mme e ne e setse e simolotse go busa fa go ne go tlhongwa kereke.

A o Ka Tlhalosa?

• Tsholofelo ya batho ya go tshela mo lefatsheng e ne ya bipiwa jang?

• Batho bangwe ba ba balang Baebele ba ne ba simolola go tlhaloganya eng ka dingwaga tsa bo1600?

• Tsholofelo ya boammaaruri ya batho e ne ya simolola go tlhaloganngwa sentle jang fa 1914 e ntse e atamela?

• Kitso ka tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng e ne ya nna ntsi jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Mmoki John Milton (kafa molemeng) le radipalo Isaac Newton (kafa mojeng) ba ne ba itse ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Baithuti ba bogologolo ba Baebele ba ne ba lemoga go tswa mo Dikwalong gore e ne e le nako ya go itsise batho mo lefatsheng lotlhe ka tsholofelo ya boammaaruri ya batho