Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Amose—A Tiro ya Gagwe E ne E le Go Kgetla Difeige Kgotsa go di Phunya?

Amose—A Tiro ya Gagwe E ne E le Go Kgetla Difeige Kgotsa go di Phunya?

Amose—A Tiro ya Gagwe E ne E le Go Kgetla Difeige Kgotsa go di Phunya?

BOGOLOGOLO ka lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E., moporofeti Amose o ne a laelwa ke Amasia yo o boikepo, moperesiti yo o obamelang namane, gore a tlogele go porofeta kwa Iseraele. Amose o ne a gana, a re: “Ke ne ke le modisa e bile ke le mopomi [mmaakanyi] wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore. Mme Jehofa o ne a ntlosa mo go saleng letsomane morago, mme Jehofa a nthaya a re, ‘Tsamaya, o ye go porofeta mo bathong ba me ba Iseraele.’” (Amose 7:14, 15, bapisa le Baebele e e Boitshepo) Ee, Jehofa ke ene a rometseng Amose gore a nne moporofeti; ga se ene a iphileng tiro eo. Mme Amose o ne a rayang fa a re e ne e le “mopomi” wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore?

Lekgetlho leno ke lone fela le lefoko le le ranotsweng jaana la Sehebera le tlhagang ka lone mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di ranola lefoko leno di re “mokgetli” kgotsa “molemi,” wa difeige tsa mosikamore. Ga di bontshe gore o ne a di “phunya.” Le fa go ntse jalo, lokwalopaka lwa Economic Botany lo bolela gore thanolo e e tshwanetseng ya lefoko leno e tshwanetse ya nna “motho yo o phunyang” ka gonne lefoko leno le bontsha tiro nngwe e e rileng e e dirwang ke motho yo o lemang difeige tsa mosikamore.

Mokgwa wa go phunya difeige tsa mosikamore o ntse o itsege kwa Egepeto le Kupero go tswa dinakong tsa bogologolo. Go phunya difeige ga go tlhole go dirwa mo Iseraele wa gompieno ka gonne go lengwa mefuta e mengwe ya difeige kwa nageng eo. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Amose, Baiseraele ba ne ba phunya difeige ka gonne mefuta ya ditlhare tsa mosikamore tse di neng di lengwa kwa Iseraele ka nako eo e ne e tswa kwa Egepeto.

Go lebega go phunya difeige go dira gore di monye metsi mme di nne le matute. Gape go dira gore gase ya ethylene e bopege ka bontsi mme maungo a kgone go butswa ka bonako a bo a nne magolo e bile a le botshe. Mo godimo ga moo, meruthwane e e tshelang ka maungo ga e kgone go senya maungo ano ka gonne a butswa ka bonako.

Le fa Amose a ne a dira tiro ya maemo a a kwa tlase ya go disa matsomane le go phunya difeige, o ne a sa tshosiwe ke baba ba gagwe. Go na le moo, o ne a bolela molaetsa wa katlholo ya ga Jehofa ka bopelokgale kgatlhanong le Iseraele. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo batlhankeng ba Modimo gompieno, ba le bone ba tshwanetseng go bolela molaetsa o o sa rategeng!—Mathaio 5:11, 12; 10:22.