Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Matlotlo a Semoya Kwa Guinea

Go Bona Matlotlo a Semoya Kwa Guinea

Go Bona Matlotlo a Semoya Kwa Guinea

MO MAKGOLOKGOLONG a dingwaga baribolodi ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ba batlana la matlotlo le dikhumo. Baribolodi ba ba pelokgale ba ba neng ba fitlha kwa Guinea, kwa Afrika Bophirima ba ne ba bona mefuta e le mebedi e e farologaneng thata ya dikhumo—dikhumo tsa mmatota le tsa semoya. Naga eno ya Guinea e e humileng ka ditaemane, gauta, tshipi le bauxite ya maemo a a kwa godimo (e aluminiamo e tswang mo go yone), ke legae la batho ba ba fetang dimilione di le robongwe.

Le fa gone ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di sa laole mo nageng eo, batho ba teng ba tsaya kobamelo e le botlhokwa thata mme ba tseela matlotlo a semoya kwa godimo. Totatota matlotlo ano ke eng? Ke batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba tlhalosiwang mo go Hagai 2:7 e le “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba.”

Matlotlo a Semoya

Go tlhokega maiteko a magolo gore o kgone go epa kwa botennye fa o batla matlotlo a a fitlhegileng. Go ntse fela jalo le ka bodiredi jwa Bokeresete, go tlhokega boiketleetso gore o bone matlotlo a semoya. Tiro ya go rera ka Bogosi kwa Guinea e simolotse mo bogareng jwa naga eo mo tshimologong ya bo1950 mme ga e a ka ya fitlha mo motsemoshate wa teng e leng Conakry go fitlha mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1960. Gone jaanong mo nageng eo yotlhe go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 900 mo diphuthegong le mo ditlhopheng di ka nna 21.

Barongwa ba ne ba goroga koo ka 1987 mme ba dira mmogo le phuthego e le nngwe fela e e neng e le mo Conakry. Gone jaanong go na le barongwa ba ba fetang 20 mo motsemoshate le mo nageng yotlhe. Ba nonotsha diphuthego ka tlhoafalo mme ba nna le seabe mo bodireding mmogo le bakaulengwe ba mo lefelong leo.

Luc, yo o nnang mo Conakry, o ne a itumela tota fa a ne a ithuta Baebele le mosha mongwe yo e neng e le ngaka mme a bidiwa Albert. Albert o ne a batlile boammaaruri jwa bodumedi mo dikerekeng tse di farologaneng mme a dirisana le madimona. O ne a rwala palamonwana e motho yo o dirisanang le meya a mo neileng yone a ba a mo solofetsa gore e tla mo tlisetsa masego. Albert o ne a swaba thata fa a sa bone bodumedi jwa boammaaruri, a latlha palamonwana ya gagwe mme a rapela a re: “Modimo fa e le gore o teng, dira gore ke go itse mme ke go direle. Go sa nneng jalo ke tla itshelela botshelo jwa me kafa ke batlang ka teng.” Nakwana morago ga foo, Albert o ne a etetse kgaitsadie mme a utlwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a tshwere thuto ya Baebele le setlogolo sa gagwe. Go ise go ye kae go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Albert a ithute Baebele le Luc.

Beke nngwe le nngwe Luc o ne a tsamaya dikilometara di feta 10 go ya le go boa a itumetse a ya go tshwara thuto eno ya Baebele. Le fa Luc a tsene sekolo go le gonnye fela, Albert yo e neng e le moalogi wa kwa yunibesithing o ne a kgatlhiwa thata ke tumelo ya gagwe e e nonofileng mo Dikwalong le tsela e e utlwalang e a neng a dirisa tshedimosetso eo ka yone. Ruri Albert o ne a itumetse tota fa a utlwa gore ga se molato wa Modimo go bo batho ba boga mme go na le moo Jehofa o solofetsa gore o tla fedisa pogo yotlhe mme a dire lefatshe leno paradaise. (Pesalema 37:9-11) Albert o ne a amiwa pelo thata ke boammaaruri jwa Baebele mmogo le boitsholo jo bo siameng jo a neng a bo bona mo malokong a phuthego.

Le fa go ntse jalo, fela jaaka teemane e e sa ntseng e tswa mo mmung e tshwanetse go segwa ka kelotlhoko ke modiri yo o nang le bokgoni gore e phatsime, Albert le ene o ne a tlhoka go latlha mekgwa e e sa siamang gore botshelo jwa gagwe bo dumalane le melao e e siameng ya Modimo. O ne a tlogela go dirisana le meya, a emisa go nwa ka mo go feteletseng mme a tlogela le go betšha. Mme gone Albert o ne a thatafalelwa ke go tlogela go goga. Morago ga go rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a mo thuse, o ne a atlega. Dikgwedi di le thataro moragonyana o ne a kwadisa lenyalo la gagwe semolao. Mosadi wa gagwe le ene o ne a simolola go ithuta Baebele. Gone jaanong bobedi jwa bone ke batlhanka ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng.

Martin ke nngwe ya diteemane tsa semoya. O ne a simolola go ithuta Baebele a le dingwaga di le 15 kwa Guéckédou. Batsadi ba gagwe ba Bakatoliki ba ne ba sa dumele gore a ye dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba senya dibuka tsa Baebele tsa ga Martin, ba mmetsa ba bo ba mo leleka mo lelapeng. Fela jaaka teemane e bopega fa khabone e gateletswe thata, lorato lo Martin a neng a rata boammaaruri jwa Baebele ka lone lo ne lwa gola mme lwa nonofa thata ka ntlha ya go ganediwa. Fa nako e ntse e tsamaya, bogale jwa batsadi ba gagwe bo ne jwa reba mme a boela lapeng. Ke eng se se neng sa thusa gore batsadi ba gagwe ba fetole tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone? Ba ne ba lemoga gore go ne go na le pharologano e kgolo fa gare ga tsela e Martin a neng a itshwara ka yone le e bomonnawe ba ba neng ba setse ba na le moya wa botsuolodi e bile ba itshola ka tsela e e sa siamang mo go tsa tlhakanelodikobo ba neng ba itshwara ka yone. E re ka rraagwe Martin a ne a tlhomamisegile gore tumelo e ntšha ya ga Martin e ne e mo thusa thata, o ne a amogela maloko a phuthego mo legaeng la gagwe. Mmaagwe Martin o ne a leboga bakaulengwe gantsintsi ka matsapa otlhe a ba a tsereng go thusa morwawe. Martin o ne a kolobediwa fa a na le dingwaga di le 18, moragonyana a ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi, mme jaanong ke modiredi wa mmulatsela yo o kgethegileng.

Dikhumo Tsa Semoya Tse di Tswang Kwa Dinageng di Sele

Le mororo Guinea e romela bontsi jwa dikuno tsa yone tsa tlholego kwa dinageng di sele, dingwe tsa dikhumo tsa gagwe tsa semoya di “tswa kwa dinageng di sele.” Gantsi ka ntlha ya mabaka a tsa itsholelo, batho ba le bantsi ba ne ba fuduga go tswa kwa ditšhabeng dingwe tsa Afrika. Bangwe ba tlile ka gonne ba tshabela dintwa tse di setlhogo le tse di sa bolong go nna teng.

Ernestine, yo o tswang kwa Cameroon o ile kwa Guinea dingwaga di le 12 tse di fetileng. O ne a ithuta le Basupi ba ga Jehofa, a nna gone mo dipokanong dingwaga di le dintsi mme a sa kolobediwe. Matlho a gagwe a ne a gelela dikeledi fa a bona batho ba kolobediwa kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa ka 2003. E re ka a ne a ikutlwa molato, o ne a rapela Jehofa a re: “Ke setse ke na le dingwaga di le 51 jaanong mme ga ke ise ke go direle sepe se se molemo. Ke batla go go direla.” Moragonyana Ernestine o ne a dira go dumalana le thapelo ya gagwe e a neng a e dira ka boikokobetso. O ne a tlhalosetsa monna yo a neng a nna le ene gore ba ne ba ka tswelela ba nna mmogo fela fa ba ka nyalana semolao. Monna yono o ne a dumela, mme moragonyana Ernestine o ne a tsholola dikeledi tsa boitumelo fa go kolobediwa ene ka November 2004.

Fa e sa le mo tshimologong ya bo1990, Guinea e ntse e amogela diketekete tsa batshabi ba ba tswang kwa Liberia le Sierra Leone, go akaretsa le makgolokgolo a batlhanka ba ga Jehofa. Fela fa ba sena go goroga mo kampeng ya batshabi, bakaulengwe ba rulaganya gore go nne le dipokano tsa ka metlha, tiro ya go rera, mme ba aga Holo ya Bogosi. Batho bangwe ba ne ba fetoga batlhanka ba ga Jehofa teng mo dikampeng tsa batshabi. Isaac ke mongwe wa bone. Fela fa Isaac a sena go kolobediwa, o ne a newa tshono ya gore a boele kwa tirong ya gagwe ya bogologolo mo khampaning nngwe e kgolo ya kwa Liberia. Go na le moo, o ne a tlhopha go nna mo kampeng ya batshabi e e mo Lainé e le mmulatsela wa ka metlha. O tlhalosa jaana: “Jaanong ga ke tlhoke go kopa tetla mo mothaping gore ke ye dipokanong kana kopanong. Ke gololesegile go direla Jehofa.” Ka December 2003, go ne ga tshwarwa kopano ya kgaolo mo kampeng eno e e kwa kgakala e go nang le Basupi ba le 150 ba ba nnang mo go yone mmogo le batshabi ba bangwe ba le 30 000. Se se itumedisang ke gore go ne ga tla batho ba le 591, mmogo le ba bangwe ba le 9 ba ba sa utlweng mo ditsebeng mme ba latela thulaganyo ka puo ya diatla. Go ne ga kolobediwa ba le 12. Bakaulengwe ba ne ba anaanela thata matsapa ano a a tserweng go ba direla moletlo ono wa dijo tsa semoya.

“Dilo Tse di Eletsegang” di Dira Diphetogo Tse di Tlhokegang

Mo bathong ba ba batlang gauta kana teemane, ga go sekgoreletsi se se bonalang se le segolo mo ba se kitlang ba kgona go se fenya. Le fa go ntse jalo, go itumedisa tota go bona matsapa a batho ba basha mo boammaaruring ba a tsayang go fenya dikgoreletsi tsotlhe gore ba kgone go direla Jehofa. Ela tlhoko sekai sa ga Zainab.

Fa Zainab a na le dingwaga di le 13 o ne a patelediwa gore a nne lekgoba. O ne a tsewa kwa gaabo kwa nageng nngwe ya Afrika Bophirima mme a isiwa kwa Guinea. Fa a na le dingwaga di le 20, o ne a utlwa molaetsa wa Baebele. O ne a tlhagafaletse go dirisa se a ithutang sone.

Go ne go le thata gore Zainab a nne teng mo dikokoanong tsa Bokeresete. Mme gone o ne a rata dipokano fela thata mme a ikemiseditse gore ga a na go di fosa. (Bahebera 10:24, 25) O ne a fitlha dibuka tsa gagwe kwa ntle gore a di ntshe fa a setse a ya dipokanong. Makgetlo a le mmalwa o ne a itewa setlhogo ke “beng” ba gagwe ka ntlha ya go ya dipokanong tseno tsa semoya.

Moragonyana maemo a ne a fetoga mme Zainab a gololwa mo bokgobeng. O ne a simolola go nna teng mo dipokanong tsotlhe, mme di ne tsa mo thusa gore a gatele pele semoyeng ka bonako. O ne a gana tiro e e neng e duela madi a le mantsi gonne e ne e tla dira gore a se ka a kgona go nna gone mo dipokanong tse a neng a amogela kaelo ya Bokeresete mo go tsone. O ne a ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, a nna mmoledi yo o sa kolobediwang wa Bogosi, mme moragonyana a supa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa. Morago fela ga foo o ne a nna modiredi wa mmulatsela yo o thusang. Dikgwedi di le thataro morago ga foo, o ne a ikwadisa go nna modiredi wa mmulatsela wa ka metlha.

Morago ga go nna teng mo dipokanong di le mmalwa, motho mongwe yo o kgatlhegang o ne a re: “Ga ke ikutlwe ke humanegile fa ke le fano.” Fa batho ba le bantsi ba ntse ba kgatlhegela fela dikhumo tsa mmatota tsa Guinea, ba ba ratang Jehofa bone ba batla dikhumo tsa semoya ka tlhoafalo. Ee, “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” di retologela mo kobamelong e e itshekileng ya ga Jehofa gompieno!

[Lebokoso mo go tsebe 8]

GUINEA - 2005

Palo ya Basupi botlhe: 883

Dithuto tsa Baebele: 1 710

Palo ya ba ba nnileng teng mo segopotsong: 3 255

[Dimmapa mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

GUINEA

Conakry

SIERRA LEONE

LIBERIA

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Albert le Luc

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Holo ya Bogosi mo Conakry

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ernestine

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Martin

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Zainab

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

USAID