Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Kitso ka Modimo—Jang?

Go Nna le Kitso ka Modimo—Jang?

Go Nna le Kitso ka Modimo—Jang?

Batho bangwe ba ka tswa ba belaela gore tota Modimo o rata gore batho ba mo itse. Fa e le gore o a rata, o dira jang gore ba mo itse?

MODIRADIPHETOGO wa Moporotesetanta wa lekgolo la bo16 la dingwaga e bong John Calvin o ne a re batho ba ka se kgone go itse Modimo ka bobone fa Modimo a sa ba itshenolele. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ka ipotsa gore a ruri Modimo o rata gore batho ba mo itse. Mme fa e le gore go ntse jalo, o dira jang gore ba mo itse?

Jehofa, ‘Mmopi yo Mogolo,’ o na le lebaka la go bo a dira sengwe le sengwe se a se dirang. Gape, jaaka e le “Modimo Mothatayotlhe,” o kgona ka botlalo go diragatsa maikaelelo a gagwe. (Moreri 12:1; Ekesodo 6:3) Re ka tlhomamisega gore o ntse a rata go senolela batho maikaelelo a gagwe, ka gonne moporofeti Amose o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.” Ela tlhoko gore gatwe Modimo o ne a senolela fela batlhanka ba gagwe, batho ba ba mo ratang, maikaelelo a gagwe. A seno ga se utlwale? Wena o bolelela mang dikgang tsa gago tsa khupamarama? A o di bolelela mongwe le mongwe fela kana o di bolelela fela batho ba o atamelaneng thata le bone?—Amose 3:7; Isaia 40:13, 25, 26.

Botlhale jwa Modimo le kitso di dira gore batho ba ba ikokobeditseng ba nne le tshisimogo, mme seno se a tshwanela. Le fa go ntse jalo, ga go a lekana fela go nna le tshisimogo fa e le gore re batla go solegelwa molemo ke botlhale jwa Modimo le kitso. Baebele e gatelela gore fa re batla go itse dikakanyo tsa Modimo, re tlhoka go nna batho ba ba ikokobeditseng: ‘Boloka ditaelo tsa me mo go wena. Tlhwaela botlhale tsebe. Sekamisetsa pelo ya gago kwa temogong. Tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetse temogo lentswe la gago. Nna o e senka jaaka selefera.’—Diane 2:1-4.

Motho yo o ikokobeditseng yo o tsayang matsapa jalo eleruri o tla kgona go itse Modimo. Ditemana tseo mo bukeng ya Diane di tswelela ka go re: “Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.” Ee, batho ba ruri ba ba batlang boammaaruri ba ka “tlhaloganya tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.”—Diane 2:6-9.

Go Batla Boammaaruri

The Encyclopedia of Religion ya re: “Batho mo botshelong ba tshwanetse go dira pharologanyo magareng ga se e leng sa mmatota le se e seng sa mmatota, se se maatla le se se seng maatla, sa mmatota le sa tsietso, se se itshekileng le se se kgotletsweng, se se bonalang sentle le se se sa bonaleng sentle, mmogo le go farologanya dilo tse di sa bonaleng ka tlhamalalo gore a di phoso kana nnyaa.” Batho ga ba bolo go batla boammaaruri gore ba kgone go dira seo. Go tla ikaega ka gore motho o dirile maiteko go le kana kang a go batla Jehofa yo mopesalema a mmitsang “Modimo wa boammaaruri.”—Pesalema 31:5.

Leina Jehofa le raya “O Dira Gore go Diragale.” (Genesise 2:4) Ka jalo bokao fela jwa leina la Modimo bo dira gore motho a bone gore ke Mmopi a bo a itse le ka maikaelelo a gagwe. Tota boammaaruri ke gore go itse le go dirisa leina Jehofa ke letshwao le le tlhaolang bodumedi jwa boammaaruri. Jesu o ne a lemoga boammaaruri jwa seo sentle. O ne a bua jaana le Modimo ka thapelo a bua ka balatedi ba gagwe: “Ke ba itsisitse leina la gago e bile ke tla dira gore le itsiwe, gore lorato lo o nthatileng ka lone lo tle lo nne mo go bone le nna ke le seoposengwe le bone.”—Johane 17:26.

Fa Mohebera wa bogologolo yo o bidiwang Josefa a ne a lebane le tiro ya go phutholola ditoro, o ne a bua jaana a bontsha gore o ikantse kamano e a neng a na le yone le Modimo: “A diphuthololo ga se tsa Modimo?”—Genesise 40:8; 41:15, 16.

Dingwaga di le makgolo morago ga moo Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ne a lora toro e banna ba gagwe ba ba botlhale ba neng ba sa kgone go e phutholola. Moporofeti Daniele o ne a raya kgosi a re: “Go na le Modimo kwa magodimong yo e leng Mosenodi wa diphiri, mme o itsisitse Kgosi Nebukadenesare se se tla diragalang go ela kwa bokhutlong jwa metlha.”—Daniele 2:28.

Dikai tsa ga Josefa le Daniele di bontsha gore batho ba ba direlang Jehofa Modimo ke bone fela ba ka bonang botlhale jwa Modimo le kitso ya gagwe. Mme gone, go ka nna ga tlhokega gore motho a tlogele dilo tse a neng a di dumela pele e le gore Modimo a mo amogele. Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go dira fela jalo. Ka gonne ba ne ba godisitswe gore ba tlotle melao e e neng e tlhomilwe ke tsamaiso ya Sejuda, ba ne ba tlhoka go newa nako gore ba amogele Jesu e le Mesia. O ne a tlile go diragatsa Molao wa ga Moshe, o e neng e le “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.” (Bahebera 10:1; Mathaio 5:17; Luke 24:44, 45) Molao oo o ne wa emisediwa ke “molao wa ga Keresete,” o o leng kwa godimo thata go feta Molao wa ga Moshe.—Bagalatia 6:2; Baroma 13:10; Jakobe 2:8.

Rotlhe re tsholetswe mo lefatsheng le le kgaoganeng le Modimo. Ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng mo bathong ba ntlha ba babedi, re tshotswe re le baba ba Modimo, re se na kitso ya boammaaruri ka maikaelelo a gagwe. Gape re na le pelo e e boferefere. (Jeremia 17:9; Baefeso 2:12; 4:18; Bakolosa 1:21) Gore re tle re nne ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go ithuta go akanya jaaka Modimo. Mme go dira jalo ga go motlhofo le e seng.

Go ka nna ga nna thata gore re latlhe dikgopolo tsa maaka tsa bodumedi kana mekgwa ya teng, segolobogolo fa e le gore re di rutilwe go tloga bongwaneng. A mme go tswelela re le mo tseleng e e seng yone go botlhale? Le e seng! Go botlhale gore motho a fetole tsela e a akanyang ka yone mme a tle a amogelwe ke Modimo.

Go Lemoga Tsela e Modimo a e Dirisang go Ruta

Re ka bona kae thuso ya go tlhaloganya Lefoko la boammaaruri mme re bo re tshela go tsamaisana le lone? Kwa Iseraele wa bogologolo Modimo o ne a etelela batho ba gagwe pele ka go tlhoma batho ba ba ikanyegang mme a ba naya le maikarabelo. Gompieno, tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, e leng Keresete le ene o kaela batho ba ruri ba batlang boammaaruri. O dira jalo a dirisa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, ba e leng mosele o a o dirisang go kaela le go sireletsa batho ba ba batlang boammaaruri ka tlhoafalo. (Mathaio 24:45-47; Bakolosa 1:18) Mme motho a ka lemoga jang mosele wa Modimo o a o dirisang go ruta?

Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete ba leka ka natla go etsa dinonofo tsa ga Jesu tse a neng a na le tsone fa e ne e le motho. Mo lefatsheng le le nnelang bosula kwa pele, go nna motlhofo go lemoga balatedi bano ka gonne ba tlhomologile mo tseleng e ba bontshang dinonofo tseno tsa semoya ka yone. (Bona lebokose le le mo go tsebe 6.) A o bona dinonofo tseno mo bodumeding jo o leng mo go jone kana mo madumeding a baagelani ba gago? O tla solegelwa molemo fa o batlisisa kgang eno o dirisa Baebele.

Re a go kopa, wena mmadi wa rona, gore o dire jalo ka go nna le thuto ya Baebele. Ngogola, palogare ya batho ba feta 6 000 000 kana malapa, mo dinageng di le 235 ba ne ba dirisa thulaganyo eno mme ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Go nna le botlhale jwa Modimo le kitso ke tiro e e direlwang ruri, e e itumedisang le e e kgotsofatsang. Ke eng fa o sa simolole go batla botlhale jwa Modimo le kitso? Ke sengwe se o ka se tsamayeng o ikwatlhaela go bo o se dirile. Ke boammaaruri gore, tota re ka kgona go itse Modimo!

[Lebokoso mo go tsebe 6]

GO LEBELETSWE GORE BA BA DIRANG DILO GO TSAMAISANA LE MODIMO . . . 

ba seka ba itshunya mo dintweng tsa dipolotiki.—Isaia 2:4.

ba nne le maungo a a molemo ka go dira thato ya Modimo.—Mathaio 7:13-23.

ba bontshane lorato lwa mmatota.—Johane 13:35; 1 Johane 4:20.

ba bue ka tumalano gongwe le gongwe.—Mika 2:12.

ba se ka ba etsa mekgwa e e maswe le boitshwaro jwa lefatshe le le ba dikologileng.—Johane 17:16.

ba supele boammaaruri mme ba dire barutwa.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

ba itumelele go kopana mmogo ka metlha gore ba kgothatsane.—Bahebera 10:25.

ba bake Modimo e le setlhopha sa ditšhabatšhaba.—Tshenolo 7:9, 10.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Motho a ka kgona go bona kitso ka Modimo ka bogagagwe a le esi, ka lelapa, le ka phuthego