Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rerela Batho Kwa Mafelong a ba Berekang Kwa go One

Go Rerela Batho Kwa Mafelong a ba Berekang Kwa go One

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Rerela Batho Kwa Mafelong a ba Berekang Kwa go One

MOAPOSETOLOI Mathaio, Petere, Anderea, Jakobe le Johane ba ne ba tshwana ka eng? Botlhe ba ne ba bidiwa ke Jesu fa ba ne ba le kwa ditirong tsa bone. Petere, Anderea, Jakobe le Johane ba ne ba ntse ba tshwara ditlhapi fa Jesu a ba laletsa a re: “Ntshalang morago.” Mathaio ene o ne a le kwa ofising ya lekgetho fa Jesu a mo kopa gore a nne morutwa wa gagwe.—Mathaio 4:18-21; 9:9.

Go neela batho bosupi kwa tirong go ka nna le matswela a a molemo thata. Ka ntlha ya go lemoga seno, bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa kwa Japane ba ile ba dira maiteko a magolwane go nna le seabe mo mofuteng ono wa bodiredi. Matswela e ne ya nna afe? Mo dikgweding di le mmalwa fela, ba ne ba dira maeto a go boela a le diketekete, mme ba simolola dithuto tsa Baebele tse di ka nnang 250. Akanya ka maitemogelo ano a a latelang.

Modiredi mongwe wa nako e e tletseng kwa Tokyo o ne a kopana le manejara mongwe wa resetšhurente yo o neng a kile a tlotla le Mosupi dingwaga tse di ka nnang 30 tse di fetileng fa a ne a sa ntse a tsena sekolo. Le fa manejara yono a ne a sa tlhaloganye go le kalo se go neng go tlotliwa ka sone ka nako eo fa a sa ntse a le kwa sekolong, gone o ne a kgatlhegela Baebele. E re ka jaanong a ne a simolotse go kgatlhega gape, o ne a dumela go ithuta Baebele a dirisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. * Mo godimo ga moo, o ne a simolola go itirela thulaganyo ya go bala Baebele maitseboa mangwe le mangwe pele a ya go robala.

Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng o ne a etela ofisi nngwe. Le fa manejara a ne a seyo, lekgarebe le le leng la araba founo ya manejara le ne la botsa jaana, “A o ka rata go bua le nna?” Morago ga motlotlo o mokhutshwane mo founong, lekgarebe leno le ne la ya kwa ntle mme la re le rata go bala Baebele. Mmulatsela yono yo o kgethegileng o ne a rulaganya go boa a tshotse Baebele mme a simolola thuto ya Baebele le ene, ba tshwarela thuto mo parakeng e e fa gaufi moso mongwe le mongwe pele a ya tirong.

Kwa ofising e nngwe, monna mongwe o ne a bona mosadi yo a berekang le ene a amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mme a di latlha ka bonako fa Mosupi a sena go tsamaya. Fa monna yono a fitlha kwa gae, o ne a bolelela mosadi wa gagwe yo e leng Mosupi kaga tiragalo eo mme a re fa ene a ka bo a filwe dimakasine tseo, a ka bo a ile a reetsa go sekae. Morwadie, yo o neng a ntse a reeditse motlotlo ono, o ne a bolelela Mosupi mongwe yo o berekang mo lefelong leo la kgwebo. Mosupi yoo o ne a etela monna wa kgaitsadi yono ka bonako kwa ofising mme a simolola thuto ya Baebele le ene. Ka bonako fela monna yono o ne a simolola go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Sontaga.

Go rerela batho kwa mafelong a ba berekang kwa go one go nnile le matswela a mangwe gape a a molemo. Baboledi ba le bantsi kwa Japane ba nnile ditswerere mo go direng maeto a go boela kwa mabenkeleng, kwa difeketiring le kwa diofising. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya mofuta ono wa go neela bosupi, batho ba le bantsi ba ba sa tlholeng ba kopanela ba ile ba etelwa mme ga simololwa ga ithutiwa le bone. Matswela e nnile a magolo thata. Phuthego nngwe kwa bogareng jwa Tokyo e ile ya bega dithuto tsa magae tsa Baebele di le 108, e leng palo e e menaganeng gabedi go feta ngogola.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.