Go Itima Dilo Tse Dinnye go Ile ga re Tlisetsa Masego a Magolo
Kgang ya Botshelo
Go Itima Dilo Tse Dinnye go Ile ga re Tlisetsa Masego a Magolo
JAAKA GO BOLETSE GEORGE LE ANN ALJIAN
Nna le mosadi wa me ga re ise re ko re akanye le ka motlha gore ka letsatsi lengwe re tla kopakopanya lefoko “morutisi” le “peba.” Ga re ise re ko re akanye gore fa re le mo dingwageng tsa rona tsa bo60 re tla bo re sekaseka ditlhaka tse di sa tlwaelegang ka go bo re batla go buisana le batho ba kwa Botlhaba jo bo Kgakala. Le fa go ntse jalo, ke se nna le Ann re ileng ra se dira kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1980. Mma re go bolelele kafa go itima dilo tse dinnye mo dingwageng tseno tsotlhe go neng ga felela ka masego a mantsi ka gone.
KE TSWA mo lelapeng la Ba-Armenia mme ke ne ke tsena Kereke ya Armenia. Ann o ne a tsena kereke ya Roma Katoliki. Ka bobedi jwa rona re ne re kgona go amogela dilo tse yo mongwe a neng a di dumela fa re ne re nyalana ka 1950. Ke ne ke le dingwaga di le 27 mme Ann a le 24. Re ne ra swetsa ka gore re nne mo foleteng e e neng e le fa godimo ga lebenkele la me la botlhatswetso kwa Jersey City, New Jersey, kwa U.S.A. Ka nako eo, ke ne ke setse ke na le dingwaga di le nnè ke na le kgwebo eno.
Ka 1955 re ne ra reka ntlo e ntle e e nang le diphaposi tse tharo tsa borobalo kwa Middletown kwa New Jersey. Ntlo eo e ne e le bokgakala jwa dikilometara di le 60 go tloga kwa lefelong le kgwebo ya me e neng e le mo go lone, mo ke neng ke bereka malatsi a le marataro ka beke gone. Ke ne ke boa bosigo letsatsi le letsatsi. Nako e ke neng ke kopana le Basupi ba ga Jehofa fela ka yone e ne e le fa ba tla mo lebenkeleng la me nako le nako ba bo ba ntsamaisetsa dikgatiso tsa Baebele. Ke ne ke bala dikgatiso tseno ka kgatlhego e kgolo. Le fa ke ne ke dirisa nako e ntsi go tlhokomela kgwebo ya me, ke ne ka simolola go tlotla Baebele thata.
Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore seteishene sa radio sa Watchtower sa WBBR, se ne se gasa dipuo
tsa Baebele ka nako ya fa ke ya ka koloi kwa lebenkeleng la me le fa ke boa. Ke ne ke reetsa dipuo tseno ka kelotlhoko mme kgatlhego ya me e ne ya oketsega thata mo e leng gore ke ne ka kopa Basupi gore ba nketele. Ka November 1957, George Blanton o ne a nketela kwa ga me mme a ithuta Baebele le nna.Lelapa la Rona le Nna Seoposengwe mo Kobamelong e e Itshekileng
Ann o ne a ikutlwa jang ka seno sotlhe? Mma a go tlhalosetse.
“Mo tshimologong, ke ne ke sa dumalane gotlhelele le go ithuta gono ga bone. Ke ne ke kgoreletsa thuto ya Baebele ya ga George mo e leng gore o ne a swetsa ka gore a ye go ithutela kwa lefelong le lengwe, a dira jalo dikgwedi di le robedi. Ka nako eo, George o ne a simolola go ya dipokanong ka Sontaga kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka simolola go lemoga gore tota o ne a ikemiseditse go ithuta Baebele ka gonne e ne e le lone fela letsatsi le a sa berekeng ka lone. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela e le monna le rralelapa yo o molemo go feta le e leng pele—mme boikutlo jwa me bo ne jwa simolola go fetoga. Tota e bile, ka dinako tse dingwe fa ke ntse ke phimola lorole mo tafoleng e nnye, ke ne ke tsaya makasine wa Tsogang! o George a neng a o tlogela foo ka metlha ke bo ke o bala go sena ope yo o mponang. Ka dinako tse dingwe, George o ne a mpalela ditlhogo tsa Tsogang! tse di neng di sa bue ka tlhamalalo ka dithuto tsa bodumedi mme e le tse ka metlha di neng di tlotlomatsa Mmopi.
“Maitseboa mangwe fa George a ne a ile go ithuta Baebele le Mokaulengwe Blanton, ke ne ka tsaya kgatiso e morwaarona wa dingwaga di le pedi e bong George, a neng a e beile mo tafoleng e e gaufi le bolao jwa me. E ne e bua ka tsholofelo ya baswi. Le fa ke ne ke lapile, ke ne ka simolola go e bala ka gonne mmèmogolo o ne a sa tswa go tlhokafala mme ke ne ke hutsafetse thata. Ke ne ka bona le go tlhaloganya ka bonako boammaaruri jwa Baebele jwa gore baswi ga ba boge felo gongwe le gore ba tla boa ba tshela gape fa ba tsosiwa mo nakong e e tlang. Go ise go ye kae, ke ne ke dutse ke thantse mo bolaong, ke bala ka tlhoafalo e bile ke thalela dintlha tse ke neng ke batla go di bontsha George fa a boa kwa a ithutelang Baebele gone.
“Monna wa me o ne a sa dumele gore a tota ke nna. Ke ne ke mo ganetsa fa a ne a tswa mo ntlong, mme gone jaanong ke bua ke sa fetse ka boammaaruri jo bo itumedisang jwa Baebele jo ke bo ithutileng! Re ne ra bua ka Baebele bosigo jotlhe go fitlha ka matsha. George o ne a ntlhalosetsa maikaelelo a Modimo ka lefatshe. Jone bosigo joo, ke ne ka mo kopa gore a tle go ithutela mo gae gore le nna ke nne teng mo thutong eo.
“Mokaulengwe Blanton o ne a akantsha gore bana le bone ba nne teng mo thutong ya rona. Re ne re akanya gore ba sa ntse ba le bannye thata, ka gonne yo mongwe o ne a le dingwaga di le pedi fela mme yo mongwe ene a na le dingwaga di le nnè. Le fa go ntse jalo, Mokaulengwe Blanton o ne a re bontsha Duteronome 31:12 e e reng: ‘Phutha batho, banna le basadi le ba bannye . . . , gore ba reetse le gore ba ithute.’ Re ne ra itumelela kgakololo eo ra ba ra rulaganya gore bana ba rona ba arabe ka nako ya thuto ya Baebele. Re ne re tle re baakanyetse dikarabo tsa rona mmogo le fa go ntse jalo re ne re se ke re ba bolelela gore ba reng. Re akanya gore seno se ne sa thusa go kaela bana ba rona gore ba dire gore boammaaruri e nne jwa bone. Re tla nna re anaanela kgakololo e re neng ra e fiwa ke Mokaulengwe Blanton go thusa lelapa la rona go gola semoyeng.”
Dikgwetlho Tse di Tlhokang Gore re Itime Dilo Dingwe
E re ka re ne re setse re ithuta Baebele mmogo, go ne go na le dikgwetlho tse disha tse re neng re tshwanetse go lebana le tsone. E re ka lebenkele la me le ne le le kgakala thata, gantsi ke ne ke fitlha kwa gae ka ura ya borobongwe maitseboa. Ka ntlha ya seno, ke ne ke sa kgone go ya dipokanong mo gare ga beke. Mme gone ke ne ke ya ka boSontaga. Ka nako eo, Ann o ne a ya dipokanong tsotlhe e bile a gatela pele ka bonako. Le nna ke ne ke batla go ya dipokanong tsotlhe le go tshwara thuto ya lelapa e e nang le matswela. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go itima dilo dingwe. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke fokotse diura tse ke di berekang mo kgwebong ya me, le fa seno se ne se tla raya gore ke tla latlhegelwa ke bangwe ba batho ba ke neng ke dirisana le bone.
Thulaganyo eno e ne ya ntswela mosola tota. Re ne re tsaya thuto ya lelapa e le botlhokwa fela jaaka dipokano tse dingwe tse tlhano tsa beke le beke kwa Holong ya Bogosi. Re ne re e bitsa pokano ya rona ya borataro. Seo se ne se raya gore re ipeele letsatsi le le rileng le nako—Laboraro mongwe le mongwe ka 8:00 p.m. Ka dinako tse dingwe fa re sena go ja dijo tsa maitseboa, mme re feleletsa go tlhatswa dijana, gantsi mongwe wa rona o ne a tle a re, “E setse e le nako ya ‘pokano’!” Fa ke le thari, Ann o ne a simolola thuto, mme fa ke fitlha ke ne ke tsaya marapo.
Selo se sengwe se se neng se dira gore re nne re nonofile e bile re utlwana jaaka lelapa e ne e le go bala temana ya letsatsi mmogo mo mosong. Le fa go ntse jalo, go ne go na le bothata jwa go rulaganya seno. Re ne re tsoga ka dinako tse di sa tshwaneng. Re ne ra buisana ka seno mme ra swetsa ka gore re tla tsoga rotlhe ka nako e e tshwanang, re je sefitlholo ka 6:30 a.m., re bo re bala temana ya letsatsi mmogo. Thulaganyo eno e ne ya re thusa thata. Fa bomorwaarona ba gola, ba ne ba itlhophela go ya go direla kwa Bethele. Re ne re akanya gore dipuisano tseno tsa letsatsi le letsatsi ke tsone tse di ileng tsa ba thusa semoyeng.
Ditshiamelo Tsa Tirelo Morago ga Kolobetso di Dira Gore re Itime Dilo ka Tsela e Kgolwane
Ke ne ka kolobediwa ka 1962 mme morago ga gore ke nne le kgwebo dingwaga di le 21, ke ne ka e rekisa mme ka bona tiro mo lefelong le re nnang mo go lone gore ke tle ke kgone go nna gaufi le lelapa la me gore re direle Jehofa mmogo. Seno se ne sa dira gore re nne le masego a mantsi. Re ne ra ipeela mokgele wa gore re tla tsena rotlhe mo bodireding jwa nako e e tletseng. Seo se ne sa simolola mo masimologong a dingwaga tsa bo1970 fa morwaarona yo mogolo e bong Edward a ne a nna modiredi wa nako e e tletseng, kgotsa mmulatsela wa ka metlha, ka bonako fela fa a fetsa sekolo se segolwane. Moragonyana, morwaarona George o ne a simolola go bula tsela, mme Ann a latela ka bonako morago ga foo. Ba ne ba nkgothatsa thata botlhe, ka gonne ba ne ba tle ba ntlotlele ka maitemogelo a bone mo tirelong ya tshimo. Jaaka lelapa, re ne ra buisana ka gore re ka tlhofofatsa jang botshelo jwa rona gore rotlhe re tle re tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Re ne ra swetsa ka gore re rekise ntlo. Re nnile mo ntlong eo dingwaga di le 18 mme ra godisetsa bana ba rona mo go yone. Re ne re rata ntlo ya rona tota mme Jehofa o ne a re segofatsa ka ntlha ya tshwetso e re e dirileng ya go e rekisa.
Edward o ne a lalediwa go ya Bethele ka 1972 mme George ene ka 1974. Le fa nna le Ann re ne re ba tlhologelelwa, ga re a ka ra nnela go akanya kafa go neng go ka nna monate ka teng fa ba ka bo ba nna mo tikologong ya rona, ba nyala le go nna le bana. Go na le moo, re ne re ipela ka go bo bomorwaarona ba ne ba direla Jehofa kwa Bethele. * Re dumalana le mafoko a Diane 23:15, a a reng: “Morwaaka, fa pelo ya gago e tlhalefile, pelo ya me e tla ipela.”
Re Tsenela Tirelo ya Bobulatsela jo bo Kgethegileng
E re ka bomorwaarona ka bobedi ba ne ba le kwa Bethele, re ne ra tswelela ka tiro ya bobulatsela. Mme letsatsi lengwe ka 1975, re ne ra amogela lekwalo le le neng le re kopa gore re tsenele tirelo ya bobulatsela jo bo kgethegileng kwa tshimong e e sa abiwang kwa Clinton County, kwa Illinois. A bo re ne ra gakgamala jang ne! Seno se ne se raya gore re ne re tshwanetse go tswa kwa New Jersey, kwa re neng re nna gaufi thata le bomorwaarona gone kwa New York le kwa re neng re na le ditsala le ba losika gone. Le fa go ntse jalo, re ne ra tsaya seno e le kabelo e e tswang kwa go Jehofa mme ra itima dilo dingwe gape tse di neng tsa dira gore re bone masego a mangwe a masha.
Morago ga gore re bereke dikgwedi di se kae mo tshimong eo e e sa abiwang, re ne ra simolola go tshwara dipokano mo holong ya mo motseng kwa Carlyle, kwa Illinois. Mme re ne re batla lefelo le re neng re ka kgona go kopanela ka metlha mo go lone. Mokaulengwe mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba bona setsha se se nang le ntlo e nnye e re neng re ka kgona go e hira. Re ne ra e phepafatsa, ra e fetola go nna lefelo le lennye le re ka kopanelang mo go lone—ra ba ra phepafatsa le ntlwana ya boithomelo e e ka kwa ntle. Re sa ntse re gopola pitse nngwe e e neng e tlhola e re lebile fa re tsena le fa re tswa mo lefelong leno le re kopanelang mo go lone. Gantsi e ne e tle e okomele mo fensetereng go bona gore go diragala eng mo ntlong eno!
Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga tlhomiwa Phuthego ya Carlyle, mme re ne ra itumelela go bo re ile ra nna le seabe mo go tlhomiweng ga yone. Re ne ra thusiwa ke banyalani ba basha ba babulatsela e bong Steve le Karil Thompson, ba le bone ba neng ba tla go bereka mo tshimong eno e e sa abiwang. Ba ga Thompson ba ne ba nna koo dingwaga di se kae mme moragonyana ba ne ba ya kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, mme ba fudugela kwa kabelong ya bone ya borongwa kwa Afrika Botlhaba, kwa ba dirang tiro ya go eta gone.
Go ise go ye kae, lefelo le re kopanelang mo go lone le ne la nna lennye mme re ne re tlhoka holo e kgolwane. Mokaulengwe le kgaitsadi ba ba neng ba thusa la ntlha ba ne ba rarabolola bothata gape mme ba reka setsha se se neng se tshwanela Holo ya Bogosi sentle. A bo re ne ra itumela jang ne fa morago ga dingwaga di se kae fela, re ne ra lalediwa fa go ne go kgakolwa Holo ya Bogosi e e neng e sa tswa go agiwa kwa Carlyle! Ke ne ka nna le tshiamelo ya go neela puo ya go kgakola holo. Kabelo ya rona e ne e le sengwe se se itumedisang mo go rona e bile e le tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa.
Re Bulegelwa ke Tshimo e Ntšha
Ka 1979, re ne ra amogela kabelo e ntšha, ya go ya kwa Harrison, kwa New Jersey. Re ne ra direla koo ka dingwaga di ka nna 12. Ka nako eo re ne ra simolola go ithuta Baebele le mosadi mongwe wa Mo-China, mme seno se ne sa felela ka gore re ithute le batho ba bangwe ba bantsi ba Ba-China. Gone ka nako eo, re ne ra utlwa gore go na le
baithuti le malapa a mantsintsi a Ba-China a a neng a nna mo lefelong le re neng re nna mo go lone. Ka ntlha ya seo, re ne ra tlhotlheletsega go ithuta puo ya Se-China. Le mororo seno se ne se raya gore letsatsi le letsatsi re ne re tshwanetse go ithuta puo eno, go ne ga felela ka gore re nne le dithuto tse dintsi tse di itumedisang tsa Baebele le Ba-China ba mo lefelong leno le re nnang mo go lone.Mo dingwageng tseo, go ne ga nna le maemo a le mantsi a a tshegisang, segolobogolo fa re ne re leka go bua Se-China. Ka letsatsi lengwe Ann o ne a ikitsise a re ke “peba” ya Baebele go na le gore a re ke “morutisi” wa Baebele. Mafoko ao a tshwana thata. Mong wa ntlo o ne a nyenya mme a re: “Tsena tsweetswee. Ke la ntlha ke bua le peba ya Baebele.” Puo eno e sa ntse e re tshwarisitse bothata.
Morago ga foo re ne ra abelwa go ya kwa lefelong le lengwe kwa New Jersey mo re neng ra kgona go tswelela re bereka tshimo ya Se-China. Moragonyana re ne ra kopiwa go fudugela kwa Boston, Massachusetts, kwa go neng go na le setlhopha sa batho ba ba buang Se-China se se neng se ntse se gola mo dingwageng di ka nna tharo. Re ne ra nna le tshiamelo ya go thusa setlhopha seno mo dingwageng tse supa tse di fetileng mme ra se bona se gola go nna phuthego ka January 1, 2003.
Masego a re Nnileng le One ka Ntlha ya go Itima Dilo mo Botshelong
Mo go Malaki 3:10 re bala kafa Jehofa a laletsang batho ba gagwe ka teng gore ba tlise ditshupelo le ditlhabelo tsa bone e le gore a ba tshololele masego a gagwe go fitlha ba sa tlhole ba tlhoka sepe. Re ne ra tlogela kgwebo e ke neng ke e rata thata. Re ile ra rekisa ntlo ya rona e re neng re e rata tota. Mme re ne ra itima le dilo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, fa re bapisa dilo tse re ileng ra di itima le masego a re a boneng, di dinnye thata.
A bo Jehofa a ile a re tshololela masego a magolo jang ne! Re ile ra itumelela go bona bana ba rona ba amogela boammaaruri, ra ipelela bodiredi jwa nako e e tletseng jo bo bolokang botshelo mme re bone kafa Jehofa a re tlamelang ka dilo tse re di tlhokang ka teng. Ee ruri, dilo tse dinnye tse re ileng ra di itima di ile tsa re tlisetsa masego a magolo!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 20 Ba sa ntse ba direla ka boikanyegi kwa Bethele—Edward le mosadi wa gagwe e bong Connie, kwa Patterson mme George le mosadi wa gagwe e bong Grace, kwa Brooklyn.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Louise le George Blanton ba na le Ann, ka 1991
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Holo ya Bogosi ya kwa Carlyle, e e kgakotsweng ka June 4, 1983
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Re na le phuthego e e sa tswang go tlhongwa ya Ba-China kwa Boston
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Re na le Edward, Connie, George le Grace