Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ungwa ga Dikgang Tse Di Molemo Kwa São Tomé le Príncipe

Go Ungwa ga Dikgang Tse Di Molemo Kwa São Tomé le Príncipe

Go Ungwa ga Dikgang Tse Di Molemo Kwa São Tomé le Príncipe

GA GO pelaelo gore batho ba le bantsi ga ba ise ba ke ba utlwe ka São Tomé le Príncipe. Gantsi ga go ke go buiwa sepe ka mafelo ano mo dibukaneng tsa bojanala. Fa o a leba mo mmapeng, a lebega jaaka maronthonyana a a leng fa Kgogometsong ya Guinea, a katogile lotshitshi lo lo kafa bophirima jwa Afrika go le gonnye, São Tomé e le gaufi thata le equator mme Príncipe yone e etse kafa bokonebotlhaba go sekae. Pula e e ratang go na mo lefelong leno le tlelaemete ya teng e e bongola, di dirile gore go mele dikgwa tsa pula tse di seng kana ka sepe, tse di ikadileng mo dithabeng tse di bogodimo jwa dimetara di feta 2 000.

Ditlhaketlhake tseno tsa boboatsatsi tse di dikologilweng ke metsi a lewatle le ke ditlhare tsa mokolane tse di fa dintshing tsa lone, di na le baagi ba ba botsalano, ba ba ratang batho, ba ba nang le motswako o o kgatlhang wa ditso tse di tlholegang kwa Afrika le kwa Yuropa. Baagi ba tsone ba le 170000 ke batho ba ba tshwaregileng ka tiro ya bone ya konokono ya go romela khoukhou kwa dinageng tse dingwe, kgotsa ka tiro ya bolemirui le ya go tshwara ditlhapi. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, go setse go le thata go bona dijo tsa letsatsi le letsatsi.

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bofelo di le lesome tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, go ne ga direga sengwe se se neng sa ama thata botshelo jwa batho ba ba ntseng ba oketsega ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng tseno. Ka June 1993, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwadisiwa semolao mo pusong ya São Tomé le Príncipe, mme seno sa dira gore mathata a Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng tseno ba sa bolong go nna le one a fele.

Go Jalwa ga Peo mo Dinakong Tsa Mathata

Go bonala Mosupi wa ntlha a ile a tla mo nageng eno mo masimologong a dingwaga tsa bo1950, fa bagolegwa ba ba neng ba tswa kwa dinageng dingwe tsa Afrika tse di neng di busiwa ke Portugal ba ne ba romelwa kwa dikampeng tse ba neng ba tlile go dirisiwa tiro e e bokete mo go tsone mo ditlhaketlhakeng tseno. Mosupi yono wa Moafrika yo e neng e le mmulatsela, kgotsa modiredi wa nako e e tletseng, o ne a lelekwa kwa Mozambique ka gonne a ne a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo kwa nageng eo. Mosupi yono o ne a fitlha a tshwarega mo go yone tiro eo a le nosi, mme mo dikgweding di le thataro fela, ke fa go setse go na le ba bangwe ba le 13 ba ba neng ba anamisa dikgang tse di molemo. Moragonyana, go ne ga goroga Basupi ba bangwe ba le bone ba neng ba lelekilwe kwa Angola. Fa ba ntse ba tshwerwe, ba ne ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go bolelela baagi ba lefelo leo dikgang tse di molemo.

Ka 1966, bakaulengwe botlhe ba ba neng ba le mo dikampeng tseno kwa São Tomé ba ne ba boetse kwa dinageng tsa bone kwa Afrika. Setlhopha se sennye sa baboledi ba Bogosi se se neng se setse koo se ne sa tswelela ka tiro se le pelokgale. Ba ne ba bogisiwa, ba itewa ba bo ba latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go bo ba ne ba kopana mmogo go ithuta Baebele, mme go ne go se na ope yo o neng a ba etela kgotsa go tla go ba kgothatsa. Ka 1975, naga eno e ne ya se ka ya tlhola e busiwa ke puso ya Portugal mme peo ya boammaaruri jwa Bogosi ya simolola go ungwa ka iketlo.

Koketsego le Tiro ya go Aga

Mo go yone kgwedi e ba neng ba kwadisiwa semolao ka yone ka 1993, go ne ga nna le palo e e kwa godimo ya baboledi ba Bogosi ba le 100. Mo go one ngwaga oo, go ne ga tla babulatsela ba ba kgethegileng go tswa kwa Portugal. Maiteko a ba neng ba a dira a go ithuta Se-Creole sa Sepotokisi a ne a dira gore ba ratwe thata ke batho ba lefelo leo. Morago ga moo, go ne ga nna botlhokwa thata gore ba simolole go batla lefelo le ba neng ba ka aga Holo ya Bogosi mo go lone. Fa kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Maria a utlwalela gore ba ne ba tlhoka lefelo la go aga, o ne a ba naya halofo ya setsha sa gagwe se a neng a ikagetse ntlo e nnye mo go sone. Setsha seno se ne se le segolo mo go lekaneng gore go ka agiwa Holo e kgolo ya Bogosi mo go sone. Maria o ne a sa itse gore, e re ka a ne a sena masika ape a a tshelang, go ne go na le batho bangwe ba ba neng ba gakaletse go tlhabolola naga ba ba neng ba ntse ba tswela setsha seno sa gagwe pelo. Letsatsi lengwe, rakgwebo mongwe wa maemo a a kwa godimo o ne a tla go bua le Maria.

O ne a fitlha a mo tlhagisa jaana: “Ga ke rate se ke se utlwang ka wena! Ke utlwa go twe o neile batho setsha sa gago. A ga o itse gore se ja madi a le mantsi thata ka gonne se le mo toropong?”

Maria o ne a mmotsa a re: “O ne o tla nnaya bokae fa ke ne ke ka se go naya?” E ne ya re monna yono a sa arabe, Maria a tswelela a re: “Le fa o ne o ka nnaya madi fela a a seng kana ka sepe, a ne a se kitla a lekana ka gonne madi ga a ka ke a reka botshelo.”

Monna yono o ne a mmotsa a re: “Ga ke re ga o na bana?”

Maria a khutlisa motlotlo wa bone ka go re: “Setsha seno ke sa ga Jehofa. O ntse a se nkadimile dingwaga di le dintsi, mme jaanong ke se mmuseditse. Ke lebeletse pele go tshela ka bosakhutleng.” Morago ga moo, a botsa monna yono a re: “A o kgona go naya batho botshelo jo bo sa khutleng?” Monna yono o ne a tswa ka tidimalo a tsamaya.

Go ne ga felela ka gore go agiwe kago e ntle ya matlhatlaganyane a le mabedi ka thuso ya bakaulengwe ba ba itseng tiro ba ba tswang kwa Portugal. E na le boalo kafa tlase ga kago yotlhe, Holo e kgolo ya Bogosi le matlwana a bonno. Gape e na le diphaposi tse go tshwarelwang dikolo tsa bagolwane, tsa batlhanka ba bodiredi le tsa babulatsela mo go tsone. Jaanong e dirisiwa ke diphuthego di le pedi, mme seno se dira gore e nne setheo se se molemo sa thuto ya kobamelo e e itshekileng mo motsemoshateng wa naga eno.

Kwa Mé-Zochi, go ne go na le phuthego ya baboledi ba ba tlhoafetseng ba le 60. E re ka dipokano di ne di tshwarelwa mo Holong ya Bogosi ya nakwana e e neng e le mo tshimong ya ditlhare tsa dipanana, go ne ga bonala sentle gore go ne go tlhokega Holo ya Bogosi e e tshwanetseng. Bakaulengwe ba ne ba itsise mmasepala ka seno, mme badiredi ba puso ba ba kutlwelobotlhoko ba ne ba ba naya setsha se sentle fa thoko ga mmila o mogolo. Bakaulengwe ba ba tswang kwa Portugal ba ne ba ba thusa go aga Holo e ntle ya Bogosi mo dikgweding di le pedi fela, ba dirisa mokgwa wa go aga ka bonako. Batho ba mo lefelong leo ba ne ba gakgamadiwa ke tiragalo eo. Moenjenere wa Mo-Sweden yo o neng a bereka mo porojekeng nngwe ya go aga mo toropong eno, o ne a gakgamalela go bona kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba berekang ka teng. O ne a tlhaeletsa a re: “Ga ke dumele se ke se bonang! Mo Mé-Zochi, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa mokgwa wa go aga ka bonako! Eno ke yone tsela e re tshwanetseng go rulaganya porojeke ya rona ya go aga ka yone.” Holo eno ya Bogosi e ne ya neelwa ka June 12, 1999, mme ga tla batho ba le 232. Holo eno ke segakgamalelo sa bajanala mo toropong ya Mé-Zochi.

Kopano E e Sa Lebalesegeng

Go ne ga tshwarwa Kopano ya Kgaolo e e sa lebalesegeng ya Basupi ba ga Jehofa ya malatsi a le mararo ya “Thuto ya Bomodimo” lekgetlho la ntlha ka January 1994, kwa ditlhaketlhakeng tsa São Tomé le Príncipe. E ne ya tshwarelwa mo holong e themperetšha ya yone e kgonang go laolwa, holo e ntle go di gaisa tsotlhe mo nageng. Akanya fela kafa baboledi ba le 116 ba Bogosi ba neng ba itumetse ka gone, fa ba ne ba bona boidiidi jwa batho ba le 405 bo lebile diterama tsa Baebele lekgetlho la ntlha, le go amogela dikgatiso tse disha tse di neng di gololwa! Batho ba le 20 ba ba neng ba ineetse ba ne ba kolobelediwa fa losing lwa lewatle.

Selo sengwe se sesha se se neng sa kgatlha batho ke dibetšhe tse di sa tlwaelegang tse di neng di tsentswe ke batlakopanong. Baeng ba le 25 ba ba neng ba tswa kwa Portugal le Angola ba ne ba dira gore kopano eno e lebege e le ya ditšhabatšhaba. Go ise go ye kae, ke fa botlhe ba setse ba kitlantswe ke lorato lo logolo lwa Bokeresete, mme fa thulaganyo e ne e fela, ba le bantsi ba ne ba rothisa dikeledi fa ba ne ba kgaogana.—Johane 13:35.

Babegadikgang ba Radio ya Setšhaba ba ne ba tla go botsa molebedi wa kopano dipotso di le mmalwa. Gape ba ne ba gasa dikarolo dingwe tsa dipuo tse di neng di neelwa mo thulaganyong. Ruri eno e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng, mme e ne ya thusa go dira gore setlhopha sa Basupi ba ba ikanyegang ba e leng bogologolo ba sa kopane le ba bangwe ba ikutlwe ba le gaufi thata le phuthego e e bonalang ya ga Jehofa.

Go Ungwa go go Tlisetsang Jehofa Pako

Maungo a molaetsa wa Bogosi a dira gore batho ba nne le boitshwaro jo bo siameng jo bo tlisetsang Jehofa pako le tlotlo. (Tito 2:10) Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a itumelela thata se a neng a se ithuta mo thutong ya gagwe ya beke le beke ya Baebele. Le fa go ntse jalo, rraagwe o ne a mo thibela go ya dipokanong tsa phuthego. E ne ya re fa a mo tlhalosetsa ka tlotlo botlhokwa jwa dipokano tseno tsa Bokeresete le kafa a neng a di rata ka gone, o ne a mo leleka ka bonako mo ntlong ya gagwe. Go bonala a ne a ithaya a re o tla dira se basha ba le bantsi ba se dirang—go nna le monna mongwe gore a mo tlhokomele. E ne ya re fa rraagwe a lemoga gore o ne a tshela botshelo jo bo siameng, jo bo itshekileng jaaka Mokeresete, o ne a boa a mo amogela gape mme a mo rebola gotlhelele gore a direle Jehofa.

Sekai se sengwe ke sa moeteledipele mongwe wa setlhopha sa mmino. Botshelo jo a neng a bo tshela jwa boitsholo jo bo sa siamang bo ne jwa se ka jwa mo tlisetsa boitumelo ka gope. Fa a ntse a batla go itse gore boikaelelo jwa botshelo ke eng, o ne a etelwa ke Basupi. E ne ya re fa a simolola go tshela ka ditekanyetso tsa boitsholo tsa Baebele, batho ba nna ba bua ka ene gongwe le gongwe. Go ise go ye kae, o ne a swetsa ka gore a kgaogane le ditsala tsotlhe tsa gagwe tse di bosula. (1 Bakorintha 15:33) Morago ga moo, a tsaya kgato e e botlhokwa ya go kolobediwa go bontsha gore o ne a ineetse mo go Jehofa.

Basha bangwe ba ne ba batlana le bodumedi jwa boammaaruri. Fa ba ntse ba bo batla, go ne ga direga gore ba tlotle le baruti ba dikereke tse di farologaneng tsa efangele, mme ba ne ba sala ba tlhakane tlhogo le go feta e bile ba sa kgotsofala. Ka ntlha ya moo, ba ne ba simolola go nna batho ba ba nnang mo mebileng, ba ba ratang thubakanyo le go sotla sengwe le sengwe fela se se amanang le bodumedi.

Letsatsi lengwe, morongwa mongwe yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o ne a le mo tseleng a ya go tshwara thuto ya Baebele mme a feta fa basha bano ba neng ba nna gone. Basha bano ba ne ba kopa morongwa yono gore a arabe dipotso dingwe tse ba neng ba na le tsone mme ba mo isa ka kwa morago ga ntlo ba bo ba mo naya setulonyana gore a nne mo go sone. Morago ga moo, ba ne ba mo tlhasela ka dipotso tse di ka ga moya, molelo wa dihele, botshelo kwa legodimong le bokhutlo jwa lefatshe. Mosupi yono o ne a araba dipotso tsotlhe tse ba neng ba di botsa a dirisa Baebele e a neng a e neetswe ke moeteledipele wa setlhopha seno. Morago ga ura, moeteledipele wa setlhopha seno e bong Law, o ne a raya morongwa a re: “Fa re ne re go kopa gore o tle go araba dipotso tseno, tota re ne re batla go sotla ka wena, jaaka re tlhola re dira ka batho ba madumedi a mangwe. Re ne re ithaya re re ga go ope yo o ka kgonang go araba dipotso tseno. Mme wena o kgonne go di araba, le gone o di araba o dirisa Baebele fela! A o ka mpolelela gore ke direng gore ke kgone go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele?” Law o ne a tshwarelwa thuto ya Baebele, mme go ise go ye kae, ke fa a setse a nna gone kwa dipokanong. Ka bonako fela morago ga moo, o ne a kgaogana le setlhopha seno mme a tlogela tsela ya gagwe ya botshelo jwa bothubaki. Mo sebakeng fela sa ngwaga, o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa mme a kolobediwa. Gone jaanong jaana ke motlhanka wa bodiredi.

Selo sengwe se batho ba ratang thata go se dira mo lefelong leo ke gore batho ba babedi ba ba sa nyalanang semolao ba nne mmogo. Ba le bantsi ba ntse mmogo dingwaga di le dintsi ba bo ba tshola bana. Ga go motlhofo gore ba amogele tsela e Modimo a lebang dilo ka yone mo kgannyeng eno. Go a itumedisa go bona kafa Lefoko la Modimo le thusitseng mongwe ka gone gore a fenye bothata jono.—2 Bakorintha 10:4-6; Bahebera 4:12.

Antonio o ne a tlhaloganya gore o tshwanetse go kwadisa lenyalo la gagwe semolao mme a dira dithulaganyo tsa gore o tla dira jalo morago ga thobo ya korong, ka nako ya fa a tla bo a na le madi a go dira moletlo wa lenyalo. Bosigo bongwe, pele fela ga thobo, magodu a ne a tla mme a utswa korong yotlhe ya gagwe. O ne a swetsa ka gore o tla letela thobo ya ngwaga o o tlang, mme le yone ya utswiwa. E ne ya re fa maiteko a mangwe gape a Antonio a neng a a dira a gore a nne le madi a go nyala a folotsa, a lemoga gore tota ke mang yo o neng a mo ganetsa. O ne a re, “Ga nkitla ke tlhola ke letlelela Satane go tshameka ka nna. Mo kgweding e le nngwe fela le halofo go tloga jaanong, re tla bo re nyalane, re dirile moletlo kgotsa re sa o dira!” Ba ile ba nyalana, mme ba gakgamala fa ditsala tsa bone di ba naya dikoko, dipidipidi le podi gore ba dire dijo tsa moletlo wa lenyalo ka tsone. Fa ba sena go kwadisa lenyalo la bone, Antonio le mosadi wa gagwe—mmogo le bana ba bone ba barataro—ba ne ba bontsha gore ba ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa.

Setlhaketlhake sa Príncipe

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, molebedi wa potologo le babulatsela ba ba tswang kwa São Tomé ba ile ba nna ba etela baagi ba le 6 000 ba kwa Príncipe gangwe le gape. Batho ba ba nnang mo setlhaketlhakeng seno ba na le moya o montle wa go amogela baeng mme ba ne ba tlhoafaletse go utlwa se Basupi bano ba neng ba batla go se bua le bone. Fa monna mongwe a sena go bala pampitshana e ba neng ba e mo tlogeletse, o ne a batla babulatsela mo letsatsing le le latelang mme a ba kopa gore a ba thuse go anamisa dipampitshana tse di oketsegileng. Babulatsela ba ne ba mmolelela gore a se ka a tshwenyega ka gonne bone ba tla di anamisa, mme monna yono a gatelela gore o batla go tsamaya le bone ka ntlo le ntlo gore a tle a ba ise kwa go beng ba matlo ba a neng a re o tla ba kgothaletsa gore ba reetse ka kelotlhoko. Kgabagare, monna yono o ne a akgolela babulatsela tiro eno e e botlhokwa e ba e dirang mme a tsamaya.

Ka 1998, babulatsela ba babedi ba ba nnang kwa São Tomé ba ne ba fudugela kwa Príncipe, mme go ise go ye kae, ke fa ba setse ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 17. Tiro e ne ya tswelela go gola, mme go ise go ye kae, ke fa go setse go nna le palogare ya batho ba le 16 mo Thutong ya Buka ya Phuthego, mme ba ba nnang teng kwa puong ya phatlalatsa ba ne ba feta 30. Bakaulengwe ba ne ba itsise mmasepala gore ba batla go aga lefelo le ba ka kopanelang mo go lone, mme ba ne ba itumela fa ba ne ba newa setsha gore ba age Holo ya Bogosi mo go sone. Bakaulengwe ba ba tswang kwa São Tomé ba ne ba ithaopela go aga Holo e nnye ya Bogosi e gape e neng e dirilwe gore e nne le ntlo ya bonno ya babulatsela ba babedi ba ba kgethegileng.

Ga go pelaelo gore dikgang tse di molemo di ungwa maungo a mantsi le gore di a anama mo ditlhaketlhakeng tse di kwa thoko tseno. (Bakolosa 1:5, 6) Ka January 1990, go ne go na le baboledi ba le 46 kwa São Tomé le Príncipe. Mo ngwageng wa tirelo wa 2002, go ne ga fitlhelelwa palo e e kwa godimo ya baboledi ba Bogosi ba le 388! Baboledi ba ba fetang diperesente di le 20 ba mo tirelong ya nako e e tletseng, mme ba tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele di ka nna 1 400. Kwa Segopotsong sa 2001, go ne ga nna le palo e e kwa godimo go di feta tsotlhe ya ba le 1 907. Ee, lefoko la ga Jehofa le anama ka bofefo e bile le a galalediwa mo ditlhaketlhakeng tseno tsa boboatsatsi.—2 Bathesalonika 3:1.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dikgaso Tse di Ratiwang Thata Tsa Radio

Buka e e ratiwang thata mo ditlhaketlhakeng tseno ke ya setlhogo se se reng Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. * Gangwe mo dibekeng tse pedi, go dirwa kgaso ya metsotso e le 15 e e bidiwang ka sone setlhogo seno mo Radiong ya Setšhaba. Go kgatlha tota go utlwa mogasi a botsa a re, “Basha, lo itse jang gore a ke lorato lwa mmatota kgotsa gore ke go tseega maikutlo fela?” morago ga moo a bo a bala dintlha dingwe tse di mo bukeng eno! (Bona kgaolo 31.) Go na le kgaso e nngwe gape e e tshwanang le eo, e mo go yone go dirisiwang ditlhogo dingwe tse di tlhophilweng mo bukeng ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 33 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 33 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Holo ya Bogosi ya ntlha kwa São Tomé ka 1994

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

1. Holo ya Bogosi e e agilweng ka bonako kwa Mé-Zochi

2. Kopano e e sa lebalesegeng ya kgaolo e ne e tshwaretswe mo holong eno

3. Batlakopanong ba ba itumetseng ba ba neng ba kolobediwa mo kopanong eo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.