Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pego e e Tlhotlheletsang Tumelo Le Bopelokgale—Basupi ba ga Jehofa Kwa Ukraine

Pego e e Tlhotlheletsang Tumelo Le Bopelokgale—Basupi ba ga Jehofa Kwa Ukraine

Pego e e Tlhotlheletsang Tumelo Le Bopelokgale—Basupi ba ga Jehofa Kwa Ukraine

BATHO ba Modimo gompieno le bone ba ile ba bogisiwa fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Mathaio 10:22; Johane 15:20) Ke mafelo a sekae fela a kwa go one ba ileng ba bogisiwa ka lobaka lo loleele e bile e le ka tsela e e botlhoko go feta kwa Ukraine, kwa tiro ya go rera ka Bogosi e neng e thibetswe teng ka dingwaga di le 52.

2002 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne ya bega ka batho ba Modimo kwa nageng eo. Ke pego ya batho ba ba neng ba na le tumelo, bopelokgale le nonofo le fa ba ne ba le mo pitlaganong e e botlhoko. Fano go latela dingwe tsa dikakgelo tsa kanaanelo tse di neng tsa amogelwa ke ofisi ya lekala la kwa Ukraine la Basupi ba ga Jehofa:

“Ke weditse go bala 2002 Yearbook. Ke ne ka palelwa ke go itshwara mme ka lela fa ke ntse ke bala ka tiro ya lona kwa Ukraine. Ke rata go lo itsise kafa sekao sa lona sa go tlhoafala le go nna le tumelo e e nonofileng se nkgothaditseng ka teng. Ke ikutlwa ke le motlotlo go bo ke na le lona mo lelapeng le le lengwe fela la semoya. Ke lo leboga go menagane!”—Andrée, Fora.

“Ga ke na mafoko a a lekaneng go tlhalosa kafa ke lo lebogang ka teng, lona le Jehofa, ka ntlha ya 2002 Yearbook. Ke ne ka tshologa dikeledi fa ke ntse ke bala maitemogelo a mantsi a bakaulengwe ba ba neng ba nna dingwaga tse dintsi kwa dikgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso. Ke kgatlhwa ke bopelokgale jwa bone. Le fa ke setse ke na le dingwaga di le 27 ke le Mosupi, ke sa ntse nka ithuta sengwe mo bakaulengweng le bokgaitsadi bao. Ba nonotshitse tumelo ya me mo go Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa.”—Vera, wa kwa go se pele e neng e le Yugoslavia.

“Ke kwala lekwalo leno ke itumetse ka ntlha ya sekao sa lona se se molemo sa boitshoko le boikanyegi mo dingwageng tsele tsotlhe tsa fa lo ganediwa. Go ikanya Jehofa gotlhelele ga lona le go ititaya sehuba gore lo nne lo ikanyega go lo tlisetsa tlotlo. Mo godimo ga moo, go ikokobetsa ga lona le fa lo ne lo lekwa go nonotsha tumelo ya me ya gore Jehofa ga a ke a latlha batho ba gagwe. Ka ntlha ya sekao sa lona se se molemo sa bopelokgale, go nitama le boitshoko, re kgona go lebana motlhofo le mathata a rona a e seng a sepe.”—Tuteirihia, French Polynesia.

“Fa ke sena go bala Yearbook, ke ne ka ikutlwa ke tshwanelwa ke go lo kwalela. Ke ne ke amilwe thata ke maitemogelo otlhe a a kgothatsang. Ke ne ka ikutlwa ke le motlotlo go bo ke le mongwe wa phuthego e e ikanyegang le e e utlwanang jaana, e e eteletsweng pele ke Rre yo o lorato le yo o amegang, yo o re fang maatla ka nako e e tshwanetseng. Ke ne ka utlwisiwa botlhoko ke gore batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi jaana ba ba pelokgale ba ne ba boga mo go kana ba bo ba bolawa. Mme gape ke ne ka itumedisiwa ke gore, ka ntlha ya bopelokgale le tlhoafalo ya bone, batho ba le bantsi ba ne ba ithuta boammaaruri mme ba simolola go itse Rraarona yo o lorato.”—Colette, Netherlands.

“Nna le mosadi wa me re ne ra ikutlwa re tshwanelwa ke go lo kwalela go lo itsise gore re ne ra amega maikutlo fa re ntse re bala pego ya Ukraine mo kgatisong ya Yearbook. Lona bakaulengwe ba ba ikanyegang lo tlhomile sekao se se tlhomologileng sa boitshoko lo le mo pitlaganong e kgolo e e tsereng lobaka lo loleele. Fela jaaka Diane 27:11 e bolela, a bo Jehofa a tshwanetse a bo a itumela jang ne go itse gore bakaulengwe ba ba ikanyegang ba kwa Ukraine ba le bantsi jaana ba ile ba tswelela pele ba thokgame go sa kgathalesege ditiro tsotlhe tsa ga Diabolo tse di boikepo.”—Alan, Australia.

“Ke ne ka tshologa dikeledi fa ke bala ka bakaulengwe ba ba kwa Ukraine. Ba itshoketse dilo tse dintsintsi—dingwaga tse dintsi ba le mo dikgolegelong, pogiso, kgatelelo le go kgaoganngwa le ba malapa a bone. Ke batla go bolelela bakaulengwe botlhe ba ba sa ntseng ba direla mo diphuthegong tsa lona gore ke ba rata thata e bile ke a ba tlotla. Ke kgatlhiwa thata ke bopelokgale le go nitama ga bone. Ke itse gore ke eng se se ba nayang maatla, moya wa ga Jehofa. Jehofa o gaufi le rona e bile o batla go re thusa.”—Sergei, Russia.

“Ke ne ka lela fa ke bala 2002 Yearbook. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi mo phuthegong ya rona ba ntse ba bua ka lona. Lo ratega fela thata. Ke itumela tota go bo ke le mo lelapeng le legolo jaana la semoya.”—Yeunhee, Korea Borwa.

“Ke amilwe thata ke pego ya lona ya go bontsha tumelo, go itshoka le go rata Jehofa le Bogosi jwa gagwe lo sa kgaotse. Ka dinako tse dingwe ga re anaanele kgololesego e re nang le yone le dijo tse dintsi jaana tsa semoya tse Jehofa a re di nayang. Le fa go ntse jalo, lona ga lo ise nke lo kgaotse go di anaanela. Sekao sa lona sa tumelo se re thusa go lemoga gore fa re na le kamano e e gaufi le Modimo wa rona, o tla re naya maatla a go lebana le mefuta yotlhe ya diteko.”—Paulo, Brazil.

“Ke ne ka nna le tshiamelo ya go bala maitemogelo a lona mo kgatisong ya 2002 Yearbook. A nkamile thata, bogolo jang maitemogelo a ga Kgaitsadi Lydia Kurdas a a amang maikutlo. Ke ne ka ikutlwa ke atamalane thata le kgaitsadi yono.”—Nidia, Costa Rica.

“Ke feditse go bala 2002 Yearbook gompieno. Fa ke ntse ke e bala, tumelo ya me mo go Jehofa e ne ya nonofa. Sengwe se nka se kang ka se lebala ke pego ya fa bakaulengwe ba ne ba tlhotlhelediwa go belaela ba ba eteletseng pele mo phuthegong. E ne ya nthuta gore le ka motlha ke se ka ka belaela bakaulengwe ba ba eteletseng pele. Ke lo leboga fela thata! Dijo tseno tsa semoya di a kgothatsa e bile di re baakanyetsa nako e tumelo ya rona e ka nnang ya lekwa ka yone.”—Leticia, United States.

“Re lebogela Yearbook eno e e molemolemo. Baboledi ba le bantsi ba ne ba bala ka tiro ya bakaulengwe ba rona mo Ukraine e le lekgetlho la ntlha. Bakaulengwe mono ba ne ba kgothala. Ba le bantsi, bogolo jang basha, ba ile ba oketsa tirelo ya bone. Bangwe ba ile ba simolola go direla e le babulatsela ba ka metlha kgotsa ba ba thusang. Botlhe ba ne ba kgothadiwa ke dipego tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba direla Jehofa mme tiro ya bone e thibetswe.”—Komiti ya tirelo ya phuthego nngwe kwa Ukraine.

Ruri boikanyegi jwa bakaulengwe ba rona kwa Ukraine bo kgothaditse batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Tota e bile, go bala ka metlha dipego tse di kgatlhang tse di mo kgatisong ya Yearbook ngwaga le ngwaga, ke tsela e e molemolemo ya go nonotsha tumelo le boitshoko jwa rona mo metlheng eno ya botlhokwa.—Bahebera 12:1.