Tsela e Modimo a Lebang Baswi ka Yone

Tsela e Modimo a Lebang Baswi ka Yone

Tsela e Modimo a Lebang Baswi ka Yone

RURI go swelwa ke mongwe yo o mo ratang go utlwisa botlhoko thata. O ikutlwa o tlhaela, o jewa ke bodutu, e bile o latlhegetswe ka tsela e e ka se lekanngweng le sepe. Go swelwa go ka dira gore motho a ikutlwe a se na thuso, ka gonne ga go na ope mo lefatsheng yo o ka kgonang go tsosa moswi, le fa a ka tswa a na le khumo e kana kang, maatla kgotsa taolo.

Le fa go ntse jalo, Mmopi wa rona o leba dilo ka tsela e sele. E re ka a bopile motho wa ntlha ka lorole lwa mmu, gape a ka kgona le go bopa sesha motho yo o tlhokafetseng. Ka ntlha ya seo, Modimo o leba batho ba ba suleng jaaka e kete ba a tshela. Jesu o ne a bolela jaana ka batlhanka ba bogologolo ba ba ikanyegang ba ba tlhokafetseng: “Botlhe ba a tshela mo [Modimong],” ke gore, botlhe ba a tshela, go ya kafa Modimo a ba lebang ka teng.—Luke 20:38.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a newa maatla a go tsosa baswi. (Johane 5:21) Ka jalo, le ene o leba batho ba ba tlhokafetseng ba ikanyega ka tsela e Rraagwe a ba lebang ka yone. Ka sekai, fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a sena go tlhokafala, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.” (Johane 11:11) Batho ba ne ba tsaya gore Lasaro o ne a sule mme mo go Jehofa le Jesu, o ne a robetse.

Fa Jesu a busa mo Bogosing, go tla nna le “tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Kgabagare, ba ba tsositsweng ba tla rutiwa ke Modimo mme ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—Johane 5:28, 29.

Ee, go swelwa ke mongwe yo re mo ratang go ka re utlwisa botlhoko thata ga ba ga re hutsafatsa, gongwe go ka tsaya dingwagangwaga. Le fa go ntse jalo, go leba baswi jaaka Modimo a ba leba go ka re gomotsa thata ga ba ga re naya tsholofelo.—2 Bakorintha 1:3, 4.