Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Porojeke e e Dirilweng ka Botswerere”

Porojeke e e Dirilweng ka Botswerere”

O Eme lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng

Porojeke e e Dirilweng ka Botswerere”

GO TLOGA kwa tshimologong ya hisitori ya bone ya segompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgatlhegela boporofeti bongwe jwa ga Jesu Keresete thata: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Fa 1914—tshimologo ya ‘metlha ya bofelo’—e ne e atamela, Baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba ne ba tswa letsholo le le sa tshwaneng le lepe mo lefatsheng lotlhe ka go tlhatswega pelo mo go nitameng la go ruta thuto e e theilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo.—2 Timotheo 3:1.

Gore ba tle ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone a go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe, batlhanka bano ba ga Jehofa ba ile ba dirisa mokgwa o mosha, wa bopelokgale le o o dirwang ka tlhagafalo. Gore re tle re utlwe mo gontsi ka one, a re boeleng kwa morago.

Tsela e Ntšha ya go Bolela Dikgang Tse di Molemo

Ke January ka ngwaga wa 1914. Akanya fela o dutse mo gare ga batho ba bangwe ba le 5 000 mo holong e e lefifi kwa New York City. Fa pele ga gago go na le sekirini se segolo sa baesekopo. Go tlhaga monna wa moriri o mosweu yo o apereng baki e telele mo sekirining. O kile wa bona dibaesekopo tse go se nang motho yo o buang mo go tsone, mme monna yono ene o a bua, e bile o kgona go utlwa mafoko a gagwe. Ke lekgetlho la ntlha o bona baesekopo ya mokgwa o o ntseng jalo o mosha wa botegeniki mme molaetsa wa yone ga o tshwane le ope. Sebui ke Charles Taze Russell, poresidente ya ntlha ya Mokgatlho wa Watch Tower mme baesekopo e e bontshiwang ke “Photo-Drama of Creation.”

C. T. Russell o ne a lemoga gore go ka kgonega gore go fitlhelelwe boidiidi jwa batho ka go dirisa dibaesekopo. Ka gone, ka 1912, o ne a simolola go rulaganya “Photo-Drama of Creation.” Kgabagare, e ne ya nna ditshwantsho tsa diselaete le baesekopo ya diura di le robedi, tse di nang le mmala le lentswe.

E re ka “Photo-Drama” e ne e dirilwe gore e bontshiwe ka dikarolwana di le nnè, e ile ya bontsha babogedi ditshwantsho tse di simololang ka popo go fitlha ka hisitori ya batho le go fitlha kwa go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa Modimo ka lefatshe le ka batho kwa bofelong jwa Puso ya Meleniamo ya ga Keresete. Go ne go tla feta dingwaga di le dintsi pele ga tiriso e e ntseng jalo ya botegeniki e dirisiwa mo kgwebong. Le fa go ntse jalo, dimilione di ne tsa bona “Photo-Drama of Creation” mahala!

Go ile ga rulaganngwa mmino o o gatisitsweng wa maemo a a kwa godimo le dipuo di le 96 tsa direkoto tsa fonokerafa tse di neng di tla dirisiwa mo baesekopong ya “Photo-Drama.” Go ile ga dirwa diselaete tsa Stereopticon tsa ditshwantsho tse di takilweng tse di bontshang hisitori ya lefatshe. Go ne go tlhokega gape gore go dirwe ditshwantsho di le dintsintsi tse di takilweng le tse di toroilweng. Ditshwantsho dingwe tsa diselaete le difilimi dingwe tsa mmala di ne tsa dirwa ka matsetseleko ka letsogo. Di ne tsa nna tsa dirwa gangwe le gape, mme fa nako e ntse e tsamaya, go ne go setse go dirilwe disete di le 20 tse di nang le dikarolo di le nnè. Seno se ne sa dira gore go kgonege gore go bontshiwe karolo nngwe ya “Photo-Drama” mo metseng e le 80 e e farologaneng ka letsatsi lepe fela le di neng di bontshiwa ka lone!

Kafa Sephiring

Go ne go diragala eng kafa sephiring ka nako ya fa go ne go bontshiwa “Photo Drama”? Moithuti mongwe wa Baebele e bong Alice Hoffman o bolela jaana: “Terama e ne e simolola ka baesekopo ya ga Mokaulengwe Russell. Fa a tlhaga mo sekirining mme dipounama tsa gagwe di simolola go tshikinyega, go ne go tshamekiwa fonokerafa . . . re bo re kgona go reetsa lentswe la gagwe.”

Fa Zola Hoffman a tlhalosa ka baesekopo e e bontshang ditshwantsho tsa dilo di direga ka bonya, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke ntse foo ke gakgametse fa re ntse re lebile ditshwantsho tse di bontshang malatsi a popo. Go ne go na le dithunya tsa masoma tse di neng di bulega ka bonya ka bonya re ntse re di lebile.”

Morati wa mmino e bong Karl F. Klein wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa o oketsa jaana: “Ka yone nako e ditshwantsho tseno di neng di bontshiwa ka yone, go ne go na le mmino o o monate o o neng o tsamaisana le tsone, matlotlo a a jaaka Narcissus le Humoreske.”

Go ne go na le ditiragalo tse dingwe gape tse di sa lebalesegeng. Clayton J. Woodworth yo mmotlana o gakologelwa jaana: “Ka dinako tse dingwe go ne go diragala diphoso tse di tshegisang. Ka lekgetlho lengwe go ne go tshameka rekoto e e reng ‘Tshabela Kwa Thabeng ya Gago Jaaka Nonyane’ mme ga tlhaga setshwantsho sa phologolo e kgolo thata ya motlha wa pele ga Morwalela”!

Mo godimo ga “Photo-Drama of Creation” e e tlwaelegileng, go ise go ye kae go ne ga dirwa disete tsa “Eureka Drama.” (Bona lebokoso.) Ya ntlha e ne e dirilwe ka dipuo tse di gatisitsweng le mmino o o gatisitsweng. E nngwe e ne e na le direkoto le ditshwantsho tsa diselaete. Le fa gone “Eureka Drama” e ne e se na ditshwantsho tsa baesekopo, e ne e atlega thata fa e ne e bontshiwa mo mafelong a a se nang batho ba bantsi.

Sedirisiwa se se Nonofileng sa go Neela Bosupi

Kwa bofelong jwa 1914, “Photo Drama” e ne e setse e bontshitswe bareetsi ba ba fetang 9 000 000 kwa Amerika Bokone, Yuropa le Australia. Le mororo Baithuti ba Baebele ba ne ba se bantsi, ba ne ba tlhwatswegile pelo ka nitamo gore ba tla bolela dikgang tse di molemo ba dirisa sedirisiwa se sesha seno. Ba ne ba ntsha meneelo e e neng e tlhokega ka boitumelo gore go tle go hiriwe mafelo a a tshwanelang gore go bontshiwe ditshwantsho tseno. Ke ka tsela eo “Photo-Drama of Creation” e ileng ya dira tiro e kgolo ya go tlwaelanya babogedi le Lefoko la Modimo le maikaelelo a gagwe.

Motho mongwe o ne a kwalela C. T. Russell lekwalo le le bolelang jaana: “Go ya go bona Terama ya gago lekgetlho la ntlha go ile ga fetola botshelo jwa me thata; kana a nka re go ile ga fetola kitso ya me ya Baebele thata.” Yo mongwe o ne a bolela jaana: “Ke ne ke setse ke totomela mo motlhabeng wa go sa ikanyege mme ke akanya gore ke ile ka bolokiwa ke ‘Photo Drama of Creation’ e e ileng ya bontshiwa fano mo selemong se se fetileng . . . Gone jaanong ke na le kagiso e lefatshe le sa kgoneng go e naya motho eo nka se kang ka kgaogana le yone ka ntlha ya melemo ya yone.”

Demetrius Papageorge, yo a nang le nako e telele e le leloko la badiri ba ntlokgolo ya Mokgatlho o ne a akgela jaana: “‘Photo-Drama’ e ne e le porojeke e e dirilweng ka botswerere, fa re akanya ka palo e nnye ya Baithuti ba Baebele le selekanyo se sennye sa madi a a neng a le teng. Ruri Jehofa o ne a e tshegetsa ka moya wa gagwe!”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

“Eureka Drama”

Dikgwedi tse robedi morago ga pontsho ya ntlha ya “Photo Drama,” Mokgatlho o ne wa bona go tlhokega gore go dirwe mofuta o mongwe wa yone o o bidiwang “Eureka Drama.” Le mororo “Photo Drama” e e feletseng e ne e tswelela e bontshiwa kwa metseng e megolo, disete tsa “Eureka” di ne tsa neela molaetsa o o tshwanang mo metsaneng le mo mafelong a selegae. Go ne ga tlhalosiwa fa karolo e nngwe ya “Eureka Drama” e ne e naya “bokgaitsadi tshono e e kgethegileng” ya go rera. Ka ntlha yang? Ka gonne sutukheise ya direkoto tsa fonokerafa e ne e le bokete jwa dikilogerama di le 14 fela. Le gale, go bontsha ditshwantsho, go ne go tla tlhokega gore go tsewe le fonokerafa.