Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Molemo?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Molemo?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Molemo?

BOSHENG jaana monna mongwe wa Mojapane wa dingwaga tsa magareng yo o bidiwang Kunihito o ne a fudugela kwa United States. * Dibeke fela a sena go goroga, ke fa a tsena mo seemong se se batlileng se mo senyetsa tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe. Kunihito o bolela jaana: “Fa mookamedi a ne a mpotsa gore a nka sikara maikarabelo mangwe, ke ne ke se na pelaelo gore nka a kgona. Le fa go ntse jalo, e re ka ke godile ke rutiwa gore boingotlo ke selo se se molemo, ke ne ka araba jaana: ‘Ga ke itse gore a nka kgona, mme gone ke tla dira bojotlhe jwa me.’ Mookamedi wa me wa Moamerika ene o ne a tsaya seo se raya gore ga ke na bokgoni e bile ga ke itshepe. Fa ke bona seo, ke ne ka lemoga gore ke ne ke tlhoka go dira diphetogo dingwe.”

Maria, yo o nnang kwa New York City, e ne e le moithuti yo o setswerere, a rata go thusa baithutikaene ka dinako tsotlhe. Juan e ne e le moithutikaene yo o neng a tle a kope thuso ya ga Maria. Mme gape Juan o ne a mo kgatlhegela e bile a leka go mo kgatlha. Le fa Maria a ne a batla go nna a le phepa mo boitsholong, o ile a ineela fa a hepisiwa ke Juan mme a wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Ruri go thata go nna molemo mo lefatsheng la gompieno le le nang le ditso tse di farologaneng le maitsholo a a maswe. Ka jalo ke eng fa re tshwanetse go nna molemo? Ka gonne boitsholo jo bo molemo bo itumedisa Modimo, mme kwantle ga pelaelo bontsi jwa rona re batla go ratiwa ke ene.

Lefoko la Modimo, Baebele, le kgothaletsa ba ba le balang gore ba nne molemo. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “Le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” (Bafilipi 4:8) Mme moaposetoloi Petere o re rotloetsa go tsenya ‘boiteko ka tlhoafalo gore re tsenye molemo mo tumelong ya rona.’ (2 Petere 1:5) Mme gone, go nna molemo go kaya eng? A motho a ka go rutiwa mo phaposing ya sekolo? Re ka dira jang gore re nne jalo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.