Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re ka Nnang Molemo ka Teng

Kafa re ka Nnang Molemo ka Teng

 Kafa re ka Nnang Molemo ka Teng

DITHANODI tsa segompieno di tlhalosa “molemo” e le “boitsholo jwa maemo a a kwa godimo; tshiamo.” Ke “go tsaya kgato e e tshwanetseng le go akanya ka tsela e e tshwanetseng; ke go nna le botho jo bo siameng.” Mokwadi wa dikishinare Marvin R. Vincent o bolela gore mogopolo wa bogologolo wa lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “molemo” o kaya “maatlametlo a mofuta mongwe le mongwe.” Ga go gakgamatse he go bo, ka dinako tse dingwe dinonofo tse di jaaka matsetseleko, bopelokgale, go ikgalemela, tolamo, kutlwelobotlhoko, boitshoko, boikanyegi, boikokobetso le go ikanyega ka nitamo di ile tsa tsewa e le go nna molemo. Gape go nna molemo go ile ga tlhalosiwa e le “go dira dilo go ya ka ditekanyetso tse di tshwanetseng.”

Re tshwanetse ra dira dilo go ya ka ditekanyetso tsa ga mang tsa maatlametlo, tshiamo, le se se tshwanetseng? Makasine wa Newsweek o ne wa bolela gore, “Go ya ka thuto e e tlwaelegileng ya filosofi ya boitsholo, dipelaelo tse di bakilweng ke Tshedifalelo di dirile gore megopolo yotlhe ya se se siameng le se se phoso e laolwe ke tsela e motho a ikutlwang ka yone, se a se ratang kgotsa kafa setso sa gagwe se dirang dilo ka teng.” A mme se motho a se batlang kgotsa se a se ratang ke sone se se tshwanetseng sa laola gore se se siameng le se se phoso ke sefe? Nnyaa. Gore re nne molemo, re tlhoka go nna le ditekanyetso tse di ikanyegang tsa se se siameng le se se sa siamang—ditekanyetso tse di ka atlholang gore a kgato nngwe, boikutlo kgotsa mokgwa o siame kana o phoso.

Motswedi o o Osi wa Boammaaruri wa Ditekanyetso Tsa Boitsholo

Go na le Motswedi o le osi fela wa boammaaruri wa ditekanyetso tsa boitsholo—Mmopi wa batho, Jehofa Modimo. Fela fa Jehofa Modimo a sena go bopa monna wa ntlha, Adame, o ne a mmeela molao ono: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya  molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Jehofa Modimo o ne a naya setlhare seo leina leo le le sa tshwaneng le lepe go supa tshwanelo e e leng ya gagwe fela ya go swetsa gore ke eng se se siametseng dibopiwa tsa gagwe le se se sa di siamelang. Ka jalo ditekanyetso tsa Modimo tsa gore se se molemo le se se bosula ke sefe di ne tsa nna motheo wa go atlhola kgotsa go lekanyetsa ditiro tsa motho, pono ya gagwe le mekgwa ya gagwe. Fa re ne re se na ditekanyetso tseno re ne re ka se ka ra kgona go tlhaola sentle se se siameng mo go se se phoso.

Taolo e e malebana le setlhare sa kitso ya molemo le bosula e ne ya beela Adame le Efa tshono ya go itlhophela—gore a ba ne ba tla utlwa kana nnyaa. Fa ba ne ba ka ikobela taelo eo ba ne ba tla bo ba le molemo. Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a senola go ya pele se se mo itumedisang le se se sa mo itumediseng, mme o ile a dira gore re kwalelwe seno mo Baebeleng. Ka gone, go nna molemo go akaretsa go tshela go dumalana le ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamo tse di mo Dikwalong.

Tlwaelana Sentle le Ditekanyetso Tsa Modimo

E re ka Jehofa Modimo a beile ditekanyetso tsa se se molemo le se se bosula e bile a di senotse mo Baebeleng, a ga re a tshwanela go itlwaelanya le tsone sentle? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:16, 17.

Ka sekai, akanya kafa Kunihito, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, a ileng a se ka a tlhaloganngwa ka teng fa a ne a bontsha boingotlo ka mokgwa o setso sa gabone se bo lebang ka one. Moragonyana fa a sena go tlhatlhoba ditekanyetso tsa Dikwalo sentle o ne a simolola go dira dilo ka tsela e e lekalekaneng. Ke boammaaruri gore Baebele e kgothaletsa boingotlo, mme e kgala go itshepa mo go feteletseng le go ikgodisa. (Diane 11:2; Mika 6:8) Le fa go ntse jalo, fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa dilo tse di dirang gore motho a tshwanelegele “tiro ya bolebedi,” o ne a bua ka go “kgaratlhela” tshiamelo eo. (1 Timotheo 3:1) Motho o tshwanetse a ‘kgaratlha’ jalo a sa ikgantshe le gone a sa ikgodise mme gape a sa inyenyefatse go sa tlhokege.

Baebele ya reng ka boitsholo jwa maemo a a kwa godimo mo go tsa kgwebo? Gompieno mo go tsa kgwebo go tlwaelegile go dirisa mekgwa e e belaetsang kgotsa go itlhokomolosa melao ya puso le ya lekgetho. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba dirang, Baebele ya re re ‘itshware ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.’ (Bahebera 13:18) Ka gone, re nna molemo ka go ikanyega le go sa tlhaole fa re dirisana le bathapi, bathapiwa, bareki le mebuso ya lefatshe. (Duteronome 25:13-16; Baroma 13:1; Tito 2:9, 10) Eleruri boikanyegi bo rotloetsa go tshepana le tirisanommogo. Mme go kwala ditumalano gantsi go thibela dikgotlhang le mathata a a ka tsogang ka ntlha ya “tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11; Jakobe 4:13, 14.

Re tshwanetse ra nna molemo le mo kgannyeng ya moaparo le go ikgabisa. Mefuta ya diaparo e farologana go ya ka ditso, mme go ka nna le tlhotlheletso e kgolo ya go latelela ditaele le difeshene tsa segompieno. Mme ke eng fa re tshwanetse go latelela mokgwa kgotsa feshene nngwe le nngwe e e tsenang? Baebele e re gakolola gore re ‘tlogele go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.’ (Baroma 12:2) Mo boemong jwa go tlhama melao, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa: “Ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo.” (1 Timotheo 2:9, 10) Tekanyetso eno ya motheo e dira mo banneng le mo basading ka tsela e e tshwanang. Gone ke boammaaruri, batho ba sa ntse ba ka apara ka mekgwa e mentle e e farologaneng go ya ka setso sa bone kgotsa go ya ka se motho a se ratang.

Gape Baebele e tlhaola mekgwa ya boitsholo jo bo sa siamang e Modimo a e kgalang ka tlhamalalo. Re bala tlhagiso eno mo go 1 Bakorintha 6:9, 10: “Ebu! A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi  ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna, le fa e le magodu, le fa e le batho ba ba bogagaru, le fa e le matagwa, le fa e le bagobolodi, le fa e le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Lokwalo lono lo ile lwa thusa Maria, yo o umakilweng pelenyana, go bona gore go ya ka ditekanyetso tse di beilweng ke Mmopi tsa boitsholo jwa maemo a a kwa godimo, go ratana ga gagwe le Juan go ne go le phoso mme o ne a tshwanetse a go emisa gore a amogelwe ke Modimo. Ga go na pelaelo gore fa re batla go nna molemo, re tshwanetse go itse ditekanyetso tsa ga Jehofa sentle.

Ithute ka Pelo

Go nna molemo ga se kgang fela ya go tila go dira bosula. Go ama boitsholo. Motho yo o molemo o itshwara sentle. Porofesa mongwe o bolela gore, “Go nna molemo go tshwanetse ga ithutiwa ka pelo le ka tlhaloganyo.” Ka gone, go nna molemo go akaretsa se se fetang go itse Lefoko la Modimo sentle. Re tlhoka go tlhatlhanya ka se se kwadilweng mo go lone gore dipelo tsa rona di tle di leboge Jehofa thata le gore re kgothadiwe go dirisa melaometheo ya Dikwalo mo matshelong a rona.

Mopesalema o ne a bolela jaana: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:97) Mme Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Ke gakologetswe malatsi a bogologolo; Ke tlhatlhantse ka tiro ya [Modimo] yotlhe; Ke ne ka itlhophela go nna ke tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa gago.” (Pesalema 143:5) Le rona re tshwanetse ra dira gore nako le nako fa re ithuta Baebele le dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng re tlhatlhanye ka thapelo.

Ke boammaaruri, go ipha nako ya go ithuta ka tlhoafalo le go tlhatlhanya e ka nna kgwetlho. Mme fa re batla go nna molemo re tshwanetse go reka nako mo ditirong tse dingwe. (Baefeso 5:15, 16) Aaron wa dingwaga tse 24, o reka nako e e ntseng jalo letsatsi le letsatsi ka go tsoga metsotso e ka nna 30 pele ga nako e a neng a tlhola a tsoga ka yone. O bolela jaana: “La ntlha, ke ne ke bala Baebele fela mo sephatlong seo sotlhe sa ura. Ke bosheng fela jaana ke ileng ka lemoga botlhokwa jwa go tlhatlhanya. Ka jalo jaanong ke dirisa mo e ka nnang sephatlo sa nako eo go akanya ka se ke sa tswang go se bala. Seno se ile sa ntsholegela molemo tota.” Motho a ka tlhatlhanya ka dinako tse dingwe. Dafide o ne a opelela Jehofa jaana mo pineng nngwe: “Ke tlhatlhanya ka wena mo ditebelong tsa bosigo.” (Pesalema 63:6) Mme Baebele e bolela jaana: “Isake o ne a dule a ile go tsamayatsamaya gore a tle a tlhatlhanye mo nageng mo e ka nnang fa go nna maitseboa.”—Genesise 24:63.

Go tlhatlhanya go mosola thata gore motho a nne molemo, ka gonne go re thusa go ikutlwa ka tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone le go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone. Ka sekai, Maria o ne a itse gore Modimo o iletsa kgokafalo. Mme gone, o ne a tlhoka go tlhatlhanya ka ditemana tsa konokono tsa Baebele gore a tle a ‘tlhoe se se boikepo mme a ngaparele se se molemo.’ (Baroma 12:9) O ne a kgona go bona gore go tlhokega gore a fetoge fa a sena go bala Bakolosa 3:5 e e re rotloetsang go ‘bolaya ditokololo tsa mmele ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko le keletso ya bopelotshetlha.’ Maria o ne a tshwanelwa ke go ipotsa jaana: ‘Ke tshwanetse ka bolaya keletso efe ya tlhakanelodikobo? Ke tshwanetse ka tila eng se se ka tsosang dikeletso tse di seng phepa? A go na le diphetogo tse ke tshwanetseng go di dira malebana  le tsela e ke tshwarang batho ba bong bo sele ka yone?’

Go tlhatlhanya go akaretsa go akanya ka ditlamorago tsa kgato e e tsewang. Paulo o rotloetsa Bakeresete gore ba ithibe mo kgokafalong le gore ba nne le boikgapo gore “motho a se ka a feleletsa a gobaditse e bile a tseneletse mo ditshwanelong tsa mokaulengwe wa gagwe.” (1 Bathesalonika 4:3-7) Dipotso tse go ka nnang molemo go di akanyetsa ke tseno: ‘Fa nka dira selo se, se tla nkutlwisa botlhoko go le kana kang, kana ba lelapa la gaetsho kgotsa batho ba bangwe? Se tla nkama jang mo semoyeng, mo maikutlong le mo mmeleng? Go diragetseng ka batho ba bangwe ba ba ileng ba tlola molao wa Modimo mo nakong e e fetileng?’ Go akanya jalo go ne ga dira gore Maria a nonofe mo pelong go feta pele, mme go ka re direla se se tshwanang.

Tsaya Malebela mo Dikaong

A motho a ka rutiwa go nna molemo mo tlelaseng? Potso eno e ile ya dira gore batho ba ba akanyang ba eme ditlhogo ka diketekete tsa dingwaga. Mofilosofi wa Mogerika e bong Plato o ne a batla a dumela gore go ntse jalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Aristotle o ne a akanya gore motho o ithuta go nna molemo ka ditiro. Mokwadi mongwe wa dikgang o ne a sobokanya mabaka a kgang eno ka go re: “Ka bokhutshwane, boitsholo jwa go nna molemo bo ka se ithutiwe ka bojone fela. E bile bo ka se ka jwa rutiwa ka dibuka. Motho o nna le botho jo bo siameng fa a nna mo bathong . . . ba ba kgothaletsang ba bangwe go nna molemo e bile ba go tseela kwa godimo.” Mme re ka bona kae batho ba eleruri ba leng molemo? Le fa bontsi jwa ditso di naya dikai tsa batho ba ba molemo, e ka tswa e le tsa bagaka ba ditlhamane tsa bone, Baebele e na le dikai di le dintsi tsa boammaaruri.

Sekao se se tlhomologileng go gaisa tsotlhe sa go nna molemo ke Jehofa. Ka metlha o dira dilo ka tsela e e molemo e bile o dira se se siameng le se se molemo. Re ka nna molemo ka go nna “baetsi ba Modimo.” (Baefeso 5:1) Mme Morwa Modimo e bong Jesu Keresete o re ‘tlogeletse sekao gore re latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.’ (1 Petere 2:21) Mo godimo ga moo, Baebele e na le dipego tsa batho ba le bantsi ba ba ikanyegang, ba ba jaaka Aborahame, Sara, Josefa, Ruthe, Jobe le Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera. Dikao tse re sa tshwanelang go di tlhaetsa matlho tsa batho ba ba molemo ke tsa batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno.

Re ka Atlega

A ruri re ka kgona go dira se se molemo mo matlhong a Modimo? E re ka re ruile bosaitekanelang, ka dinako tse dingwe go ka nna le kgotlhang e kgolo gareng ga mogopolo le nama—gareng ga go batla go dira se se molemo le go batla go latela ditshekamelo tsa rona tsa boleo. (Baroma 5:12; 7:13-23) Mme ntwa eno e ka fenngwa ka thuso ya Modimo. (Baroma 7:24, 25) Jehofa o re neile Lefoko la gagwe le dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng. Ka go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo le go tlhatlhanya ka tsone ka thapelo, re ka nna le dipelo tse di itshekileng. Pelo e e itshekileng jalo e ka ntsha dikakanyo, mafoko le ditiro tse di molemo. (Luke 6:45) Re ka aga botho jwa bomodimo ka go etsa sekao sa ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Mme eleruri re ka ithuta go le gontsi mo bathong ba ba direlang Modimo ka boikanyegi gompieno.

Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola babadi ba dibuka tsa gagwe gore ba ‘tswelele ba akanya’ ka dilo tse di molemo le tse dingwe tse di tshwanelwang ke pako. Ruri go dira seno go tla dira gore Modimo a re segofatse. (Bafilipi 4:8, 9) Re ka kgona go nna molemo ka thuso ya ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Tlhatlhanya ka metlha fa o ithuta Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Aga botho jwa bomodimo ka go etsa Keresete Jesu