Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Ne A Bona Boikaelelo Mo Botshelong

O Ne A Bona Boikaelelo Mo Botshelong

Pego Ya Baboledi Ba Bogosi

O Ne A Bona Boikaelelo Mo Botshelong

JESU a re o itse dinku tsa gagwe. (Yohane 10:14) Fa motho a na le pelo e e siameng gape a rata kagiso le tshiamo, o tla gogelwa mo balateding ba ga Jesu. Motho yo o ntseng jalo o tla bona boikaelelo mo botshelong, jaaka mosadi mongwe wa kwa Belgium. Polelo ya gagwe ke e:

“Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota mo mojakong wa me, ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong ebile ke akanya go ipolaya. Ke ne ke rata se Basupi ba neng ba se bolela kaga tharabololo ya mathata a lefatshe leno le le bosula mme ke ne ke sa rate mogopolo wa gore Modimo o ne a na le seabe. Ke ne ke emisitse go tlhola ke ya kerekeng dingwaga di le robedi pele ga foo, ereka ke ne ke sa rate boitimokanyi jo ke neng ke bo bona koo. Lefa go ntse jalo, fa e le ka Basupi, ke ne ke lemoga gore se ba neng ba se bua e ne e le boammaaruri mme ka simolola go lemoga gore, kana gone, go thata go tshela kwa ntle ga Modimo.

“Ka maswabi, fa ba sena go nketela makgetlo a sekae, ke ne ka se ka ka tlhola ke bona Basupi gape. Ke ne ke ikutlwa ke le mo mahutsaneng. Ke ne ke goga diphuthelwana tse pedi tsa motsoko ka letsatsi ka ba ka simolola go dirisa diokobatsi. Ereka ke ne ke batla go buisana le ntatemogolo yo o tlhokafetseng, ke ne ka inaakanya le tirisabadimo. Abo ke ne ka tshoga jang ne fa letsatsi lengwe ke le nosi bosigo ke tlhaselwa ke badimona ka ntlha ya seo! Seno se ne sa tsaya dikgwedikgwedi. Maitseboa mangwe le mangwe ke ne ke tsenwa ke tsebetsebe fa ke akanya go nna ke le nosi.

“Go tswa foo, e ne ya re letsatsi lengwe ka iphutholola maoto ka go tsamayatsamaya, ka tsaya tsela e sele eseng e ke e tlwaetseng, mme ka bona setsha se segolo se go neng go agiwa mo go sone. Ke ne ka gakgamalela go bona boidiidi jo bogolo foo. Fa ke atamela, ke ne ka bona gore e ne e le Basupi ba ga Jehofa ba aga Holo ya Bogosi. Ke ne ka gakologelwa kafa Basupi ba neng ba tle ba etele kwa ga me ka teng, mme ka akanya kafa go neng go ka nna monate thata ka teng fa lefatshe lotlhe le ne le ka tshela jaaka batho bano.

“Tota ke ne ke eletsa gore ekete Basupi ba ne ba ka boela gape kwa ga me, ka jalo ke ne ka bua le bangwe ba ba neng ba dira mo holong. Ke ne ka rapela Modimo, mme e ne ya re malatsi a le lesome moragonyana monna yo o neng a kile a kopana le nna lantlha o ne a tla kwa ga me. O ne a akantsha gore re tswelele pele re ithuta Bibela, mme ke ne ka dumelana ka boitumelo. Gone fela foo o ne a ntaletsa gore ke ye dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka dumela. Ke ne ke ise nko ke tsamaye ke bone sepe se se ntseng jalo! Ke ne ke sa bolo go batla batho ba ba ratanang ebile ba itumetse lobaka lo loleele. Jaanong ke ne ke ba bone morago ga nako e e kanakana!

“Go tswa foo ke ne ka nna gone kwa dipokanong tsotlhe. Morago ga mo e ka nnang dibeke di le tharo, ke ne ka tlogela mokgwa o o maswe wa go goga. Ke ne ka latlha dibuka tsa me tse di buang kaga tepodinaledi le direkoto tsa me tsa mmino wa kobamelo ya ga Satane, mme ke ne ke utlwa gore badimona ba ne ba ntlogela. Ke ne ka baakanya botshelo jwa me go dumelana le melao ya ga Jehofa e e mo Bibeleng, mme ya re morago ga dikgwedi di le tharo ka simolola go rera mafoko a a molemo. Morago ga dikgwedi di le thataro ke ne ka kolobediwa. Malatsi a le mabedi morago ga go kolobediwa, ke ne ka simolola bobulatsela jwa nakwana.

“Ke leboga Jehofa ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a di ntiretseng. Jaanong botshelo jwa me bo na le boikaelelo morago ga lobaka lo lo kanakana. Ee, leina la ga Jehofa ke kago e e thata e ke neng ka tshabela mo go yone ka ba ka sireletsega. (Diane 18:10) Eleruri ke ikutlwa jaaka mopesalema fa a ne a kwala Pesalema 84:10: ‘Letsatsi le le leñwe hèla mo malwapeñ a gago, le gaisa malatsi a makgolo a leshomè. Ke rata ka nna molebedi oa kgōrō mo tluñ ea Modimo bogolo go go aga mo megopiñ ea boikèpō.’”

Mosadi yono yo o pelontle o ne a bona boikaelelo mo botshelong. Mme mongwe le mongwe yo o senkang Jehofa ka pelo e e siameng le ene a ka bo bona.