Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setshwantsho seno se bontsha karolwana ya buka ya Isaia e e tswang mo Momenong wa Lewatle le le Suleng e bapisitswe le thanolo ya sesheng ya buka ya Isaia e e kwadi- lweng ka Searabia. Molae- tsa o o mo Lefokong la Modimo ga o a fetoga

A Lefoko la Modimo le Fetotswe?

A Lefoko la Modimo le Fetotswe?

Batho bangwe ba ipotsa gore a molaetsa wa Modimo o fetotswe. Moporofeti Isaia o ile a re Lefoko la Modimo le tla nnela ruri. (Isaia 40:8) Re ka itse jang gore ditsholofetso tsa Modimo ga di a fetolwa?

Modimo o na le maatla a go sireletsa lefoko la gagwe gore le se ka la fetolwa ke ope. Batho ba ba neng ba kwalolola Baebele bogologolo ba ne ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba oketsa, ba fokotsa kgotsa ba fetola sepe se se kwadilweng. Le fa go ntse jalo batho bangwe ba ba neng ba kwalolola Baebele ba ile ba dira diphoso dingwe.

RE KA ITSE JANG GORE MOLAETSA WA MODIMO GA O A FETOLWA?

Go na le dikhopi di le dintsi tsa Dikwalo Tse di Boitshepo tse di kwalolotsweng ka seatla. Fa e le gore go na le khopi nngwe e e nang le diphoso, go ka nna bonolo gore re bone diphoso tsa yone fa re e bapisa le khopi e nngwe.—Go ithuta mo go oketsegileng bona setlhogo se se reng “A Baebele e Ile ya Fetolwa?” mo jw.org.

Ka sekai, akanya ka memeno mengwe e e bidiwang Memeno ya Lewatle le le Suleng. E ile ya fitlhelwa ke babedoni kwa magageng a a gaufi le lewatle le le suleng ka 1947. Go na le mo Dikwalo Tse di Boitshepo di tlhagelelang gone mo memenong eno tse di saleng di kwadilwe dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng. Baitse ba ile ba bapisa memeno eo le Dikwalo Tse di Boitshepo tse re nang le tsone gompieno. Ba ile ba lemoga eng?

Ba ile ba lemoga gore memeno eo e tshwana le Dikwalo Tse di Boitshepo tse re di dirisang gompieno le gore molaetsa wa Modimo ga o a fetolwa. * Le gompieno re ka tlhomamisega gore Dikwalo Tse di Boitshepo ga di a fetoga.

Ka jalo re ka tshepa gore sengwe le sengwe se re se balang mo Lefokong la Modimo ke nnete. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha gore re ka ithuta eng go tswa mo baporofeting ba Modimo.

^ ser. 7 Memeno ya Lewatle le le Suleng ka Sekgoa, e e kwadilweng ke Geza Vermes, tsebe 16.